Hebrews 6 (BOTLNT)

1 A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong; 2 ga lo tlhoke go rutelwa pele ka kolobetso le dineo tsa semowa le tsogo ya baswi le tshekiso ya bosakhutleng. 3 Mme fa Modimo o ka re leta, re tlaa tswelela pele mo dilong tse dingwe jaanong. 4 Ga go thuse sepe go leka go lo busetsa mo Moreneng gape fa lo kile lwa tlhaloganya Mafoko a a Molemo lwa ba lwa lekeletsa dilo tse di molemo tsa legodimo lwa ba lwa nna le seabe mo Moweng O O Boitshepo, 5 lo bile lo itse ka fa Lefoko la Modimo le leng molemo ka teng, lwa ba lwa ikutlwela dinonofo tse dikgolo tsa lefatshe le le tlang, 6 mme jaanong lo tsogologetse Modimo. Ga lo kake lwa kgona go ikwatlhaya gape fa lo kokotetse Morwa Modimo mo mokgorong ka go mo gana, lo mo tsholeditse go sotlwa le go tlhabisiwa ditlhong mo pepeneneng. 7 Fa tshimo e netswe ke dipula tse dintsi, mme dijalo tse dintle di tlhoga, lefatshe leo le bonye tshegofatso ya Modimo e wela mo go lone. 8 Mme fa le tswelela go mela mesetlho le mitlwa, go akanngwa gore ga le a siama ebile le emetse katlholo le go nyelediwa ka molelo fela. 9 Ditsala tse di rategang, le fa ke bua jaana, ga ke dumele tota gore se ke se buang se raya lona. Ke tlhomamisa gore lo ungwa maungo a mantle a a tsamaelanang le poloko ya lona. 10 Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one? 11 Re eletsa thata gore lo tle lo amogele tuelo ya lona e e itekanetseng. 12 Mme ka o itse se se lo emetseng mo malatsing a a kwa pele, ga o kitla o lapisiwa ke go nna Mokeresete, le fa e le go tshwakgafala go tshwana le ba ba amogelang tsotlhe tse Modimo o di ba solofeditseng ka ntlha ya tumelo ya bone e e nonofileng le bopelotelele. 13 Sekai ke se, go ne ga nna tsholofetso ya Modimo mo go Aberehame: Modimo o ne wa ikana ka leina la One, gonne go ne go se na ope yo mogolo yo Modimo o neng o ka ikana ka ene, 14 gore o tlaa segofatsa Aberahame gangwe le gape, o bo o mo fa ngwana wa mosimane, o bo o mo dira rara wa chaba e kgolo ya batho. 15 Jalo Aberahame a leta ka bopelotelele go fitlhelela lwa bofelo Modimo o mo naya ngwana wa mosimane, ebong Isake, fela jaaka o ne o solofeditse. 16 Fa motho a ikana, o a bo a bitsa mongwe yo o fa godimo ga gagwe ka maemo gore a mo pateletse go dira se a se solofeditseng kgotsa go mo otlhaya fa a gana go se dira; maikano a fedisa manganga otlhe. 17 Modimo le One o ne wa itlama ka maikano, gore ba o ba solofeditseng go ba thusa, ba tlhomamise sentle thata le gone ba seka ba belaela gore a ruri Modimo o se nke o tloga o fetogela ditsholofetso tsa One. 18 O re neetse tsholofetso ya One le maikano, e le dilo tse pedi tse re ka di dumelang gotlhelele, gonne ga go kgonege gore Modimo o bue maaka. Jaanong botlhe ba ba tshabelang kwa go One go ba boloka ba ka kgothatsega sesha fa ba utlwa kaga ditsholofetso tse, tse di tswang kwa Modimong; ebile jaanong ba ka itse, kwa ntle ga go belaela, gore Modimo o tlaa ba neela poloko e o e ba solofeditseng. 19 Tsholofetso e e tlhomamisegang e ya go bolokwa ke seitsetsepelo se se nonofileng se se ikanyegang sa mewa ya rona, se re gokaganya le Modimo ka bo One ka fa morago ga sesiro sa boitshepo sa legodimo, 20 kwa Keresete a tsamaetseng kwa pele teng go re rapelela a le mo maemong a gagwe e le Moperesiti wa rona, a le mo tlotlong le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.

In Other Versions

Hebrews 6 in the ANGEFD

Hebrews 6 in the ANTPNG2D

Hebrews 6 in the AS21

Hebrews 6 in the BAGH

Hebrews 6 in the BBPNG

Hebrews 6 in the BBT1E

Hebrews 6 in the BDS

Hebrews 6 in the BEV

Hebrews 6 in the BHAD

Hebrews 6 in the BIB

Hebrews 6 in the BLPT

Hebrews 6 in the BNT

Hebrews 6 in the BNTABOOT

Hebrews 6 in the BNTLV

Hebrews 6 in the BOATCB

Hebrews 6 in the BOATCB2

Hebrews 6 in the BOBCV

Hebrews 6 in the BOCNT

Hebrews 6 in the BOECS

Hebrews 6 in the BOGWICC

Hebrews 6 in the BOHCB

Hebrews 6 in the BOHCV

Hebrews 6 in the BOHLNT

Hebrews 6 in the BOHNTLTAL

Hebrews 6 in the BOICB

Hebrews 6 in the BOILNTAP

Hebrews 6 in the BOITCV

Hebrews 6 in the BOKCV

Hebrews 6 in the BOKCV2

Hebrews 6 in the BOKHWOG

Hebrews 6 in the BOKSSV

Hebrews 6 in the BOLCB

Hebrews 6 in the BOLCB2

Hebrews 6 in the BOMCV

Hebrews 6 in the BONAV

Hebrews 6 in the BONCB

Hebrews 6 in the BONLT

Hebrews 6 in the BONUT2

Hebrews 6 in the BOPLNT

Hebrews 6 in the BOSCB

Hebrews 6 in the BOSNC

Hebrews 6 in the BOVCB

Hebrews 6 in the BOYCB

Hebrews 6 in the BPBB

Hebrews 6 in the BPH

Hebrews 6 in the BSB

Hebrews 6 in the CCB

Hebrews 6 in the CUV

Hebrews 6 in the CUVS

Hebrews 6 in the DBT

Hebrews 6 in the DGDNT

Hebrews 6 in the DHNT

Hebrews 6 in the DNT

Hebrews 6 in the ELBE

Hebrews 6 in the EMTV

Hebrews 6 in the ESV

Hebrews 6 in the FBV

Hebrews 6 in the FEB

Hebrews 6 in the GGMNT

Hebrews 6 in the GNT

Hebrews 6 in the HARY

Hebrews 6 in the HNT

Hebrews 6 in the IRVA

Hebrews 6 in the IRVB

Hebrews 6 in the IRVG

Hebrews 6 in the IRVH

Hebrews 6 in the IRVK

Hebrews 6 in the IRVM

Hebrews 6 in the IRVM2

Hebrews 6 in the IRVO

Hebrews 6 in the IRVP

Hebrews 6 in the IRVT

Hebrews 6 in the IRVT2

Hebrews 6 in the IRVU

Hebrews 6 in the ISVN

Hebrews 6 in the JSNT

Hebrews 6 in the KAPI

Hebrews 6 in the KBT1ETNIK

Hebrews 6 in the KBV

Hebrews 6 in the KJV

Hebrews 6 in the KNFD

Hebrews 6 in the LBA

Hebrews 6 in the LBLA

Hebrews 6 in the LNT

Hebrews 6 in the LSV

Hebrews 6 in the MAAL

Hebrews 6 in the MBV

Hebrews 6 in the MBV2

Hebrews 6 in the MHNT

Hebrews 6 in the MKNFD

Hebrews 6 in the MNG

Hebrews 6 in the MNT

Hebrews 6 in the MNT2

Hebrews 6 in the MRS1T

Hebrews 6 in the NAA

Hebrews 6 in the NASB

Hebrews 6 in the NBLA

Hebrews 6 in the NBS

Hebrews 6 in the NBVTP

Hebrews 6 in the NET2

Hebrews 6 in the NIV11

Hebrews 6 in the NNT

Hebrews 6 in the NNT2

Hebrews 6 in the NNT3

Hebrews 6 in the PDDPT

Hebrews 6 in the PFNT

Hebrews 6 in the RMNT

Hebrews 6 in the SBIAS

Hebrews 6 in the SBIBS

Hebrews 6 in the SBIBS2

Hebrews 6 in the SBICS

Hebrews 6 in the SBIDS

Hebrews 6 in the SBIGS

Hebrews 6 in the SBIHS

Hebrews 6 in the SBIIS

Hebrews 6 in the SBIIS2

Hebrews 6 in the SBIIS3

Hebrews 6 in the SBIKS

Hebrews 6 in the SBIKS2

Hebrews 6 in the SBIMS

Hebrews 6 in the SBIOS

Hebrews 6 in the SBIPS

Hebrews 6 in the SBISS

Hebrews 6 in the SBITS

Hebrews 6 in the SBITS2

Hebrews 6 in the SBITS3

Hebrews 6 in the SBITS4

Hebrews 6 in the SBIUS

Hebrews 6 in the SBIVS

Hebrews 6 in the SBT

Hebrews 6 in the SBT1E

Hebrews 6 in the SCHL

Hebrews 6 in the SNT

Hebrews 6 in the SUSU

Hebrews 6 in the SUSU2

Hebrews 6 in the SYNO

Hebrews 6 in the TBIAOTANT

Hebrews 6 in the TBT1E

Hebrews 6 in the TBT1E2

Hebrews 6 in the TFTIP

Hebrews 6 in the TFTU

Hebrews 6 in the TGNTATF3T

Hebrews 6 in the THAI

Hebrews 6 in the TNFD

Hebrews 6 in the TNT

Hebrews 6 in the TNTIK

Hebrews 6 in the TNTIL

Hebrews 6 in the TNTIN

Hebrews 6 in the TNTIP

Hebrews 6 in the TNTIZ

Hebrews 6 in the TOMA

Hebrews 6 in the TTENT

Hebrews 6 in the UBG

Hebrews 6 in the UGV

Hebrews 6 in the UGV2

Hebrews 6 in the UGV3

Hebrews 6 in the VBL

Hebrews 6 in the VDCC

Hebrews 6 in the YALU

Hebrews 6 in the YAPE

Hebrews 6 in the YBVTP

Hebrews 6 in the ZBP