Hebrews 7 (BOTLNT)

1 Melekisedeke yo, e ne e le kgosi ya motse wa Salema, gape e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. E rile fa Aberahame a boela kwa gae a sena go fenya mo ntweng e kgolo e a neng a tlhabana le dikgosi tse dintsi mo go yone, Melekisedeke a mo kgatlhantsha a bo a mo segofatsa; 2 mme Aberahame a ntsha tsa bosome mo go tsotlhe tse a di gapileng mo ntweng mme a di neela Melekisedeke. Leina le le reng Melekisedeke le raya, “Tshiamo,” jalo ke Kgosi ya Tshiamo; ebile gape ke Kgosi ya Kagiso ka ntlha ya leina la motse wa gagwe, ebong Salema, leina le le rayang, “Kagiso” fa le tlhalosiwa. 3 Melekisedeke o ne a sena rraagwe le fa e le mmaagwe le gone ga go na sesupo sepe sa gore e ne e le wa losika lope. Ga a iselo a ke a bo a tsalwe le gone ga ise a ke a bo a swe, jalo botshelo jwa gagwe bo tshwana le jwa Morwa Modimo, moperesiti wa bosakhutleng. 4 Ke gone lemogang gore Melekisedeke yo o mogolo thata jang:Le e leng Aberahame tota, yo e leng motho wa ntlha ebile a tlotlega thata go gaisa botlhe ba ba itlhophetsweng ke Modimo a neela Melekisedeke tsa bosome mo dilong tsotlhe tse a di gapileng mo dikgosing tse a neng a di lwantsha. 5 Mongwe o ne a ka tlhaloganya gore Aberahame o ne a direla eng jaana fa Melekisedeke e ne e le moperesiti wa Sejuta, gonne erile kwa morago batho ba Modimo ba direlwa molao o o ba tlamang gore ba ntshe dineo go thusa baperesiti ba bone, gonne baperesiti e ne e le masika a bone. 6 Mme Melekisedeke e ne e se wa losika, mme le fa go ntse jalo Aberahame a mo duela.Melekisedeke o ne a naya Aberahame matlhogonolo, 7 mme fela jaaka mongwe le mongwe a itse, motho yo o nang le nonofo go segofatsa, ka gale o mogolo mo go yo o mo segofatsang. 8 Baperesiti ba Sejuta, le fa ba ne ba a swa, ba ne ba amogela tsa bosome; mme re bolelelwa gore Melekisedeke ene o a tshela. 9 Mongwe ebile o ne a ka re, le ene Lefi (tota ka sebele mogologolwane wa baperesiti botlhe ba Sejuta, wa botlhe ba ba amogelang tsa bosome), o ne a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke a di romela ka Aberahame. 10 Gonne le fa Lefi a ne a ise a tsalwe, o ne a santse a le mo mankopeng (mo maleng) a ga Aberahame ka nako e Aberahame a neng a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke ka yone. 11 Fa e le gore baperesiti ba Sejuta le melao ya bone ba ne ba na le nonofo ya go re boloka, ke eng jaanong fa Modimo o ne wa bona go tshwanetse gore o rome Keresete e le moperesiti yo o lekanang le Melekisedeke ka maemo, go na le gore o rome mongwe yo o lekanang le Arone ka maemo, a e leng gore baperesiti botlhe ba bangwe ba ne ba na nao? 12 12-14 Mme fa Modimo o roma mofuta o mongwe wa boperesiti, molao wa one o tshwanetse go fetolwa gore o dumalane le thomo ya jone. Jaaka rotlhe re itse, Keresete e ne e se wa lotso lwa ga Lefi lwa boperesiti, mme o dule mo lotsong lwa Juta, lo lo neng lo ise ke lo tlhophelwe boperesiti; Moshe o ne a ise a ke a ba neele tiro eo. 15 Jalo re ka bona sentle gore tsela e Modimo o tsamaisang dilo ka yone e ne ya fetoga, gonne Keresete, Moperesiti yo Mogolo yo mosha yo o tsileng a le mo maemong a ga Melekisedeke, 16 ga a a ka a nna moperesiti ka go diragatsa molao o mogologolo wa gore a nne wa lotso lwa ga Lefi, fa e se ka ntlha ya motheo wa nonofo e e elelang e tswa mo botshelong jo bo sa khutleng. 17 Ebile Mopesalema o supa selo se fa a bua kaga Keresete a re, “O moperesiti ka bosakhutleng o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” 18 Ee, tsamaiso e kgologolo ya boperesiti e motheo wa yone e neng e le gore boperesiti e nne tshwanelo ya ba losika fela e ne ya tlosolosiwa gonne e ne e sena thuso epe. E ne e le bokoa ebile e sena molemo go boloka batho. 19 Ga e ise e ke e siamise ope mo Modimong. Mme jaanong re na le tsholofelo e kgolo thata, gonne Keresete o re dira gore re amogelesege mo Modimong, ebile jaanong re ka atamela kwa go one. 20 Modimo o ne wa ikana gore Keresete o tlaa nna moperesiti ka malatsi otlhe, 21 le fa go ntse jalo Modimo ga o ise o ke o bue jalo ka baperesiti ba bangwe. O reile Keresete a le nosi fela wa re, “Modimo o ikanne ebile ga o kitla o fetoga mo maikaelelong a one. O moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” 22 Ka ntlha ya maikano a Modimo, Keresete, o ka tlhomamisa ka kgolagano e ncha e, e e botoka. 23 Ka fa tsamaisong ya kgolagano e kgologolo go ne go tshwanetse go nna baperesiti ba le bantsi, gore e tle e re fa ba bagolo ba a swa, thulaganyo e tle e tswelele. 24 Mme Keresete ene o tshela ka bosakhutleng o bile o tsweletse go nna moperesiti gore go seka ga tlhola go tlhokega yo mongwe gape. 25 O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe. 26 Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong. 27 Ga a ke a tlhoka madi a diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo, jaaka baperesiti ba bangwe ba ne ba dira, go bipa dibe tsa bone pele le tsa batho morago; gonne o khutlisitse ditlhabelo tsotlhe gangwe fela, ka nako e a neng a intsha setlhabelo mo mokgorong. 28 Ka fa tsamaisong e kgologolo, le baperesiti ba bagolo tota ba ne ba le bokoa e le baleofi ba ba neng ba ka seka ba kgaogana le go dira boleo, mme e rile morago Modimo wa tlhopha ka go ikanya Morwa One yo o itekanetseng ka bosakhutleng.

In Other Versions

Hebrews 7 in the ANGEFD

Hebrews 7 in the ANTPNG2D

Hebrews 7 in the AS21

Hebrews 7 in the BAGH

Hebrews 7 in the BBPNG

Hebrews 7 in the BBT1E

Hebrews 7 in the BDS

Hebrews 7 in the BEV

Hebrews 7 in the BHAD

Hebrews 7 in the BIB

Hebrews 7 in the BLPT

Hebrews 7 in the BNT

Hebrews 7 in the BNTABOOT

Hebrews 7 in the BNTLV

Hebrews 7 in the BOATCB

Hebrews 7 in the BOATCB2

Hebrews 7 in the BOBCV

Hebrews 7 in the BOCNT

Hebrews 7 in the BOECS

Hebrews 7 in the BOGWICC

Hebrews 7 in the BOHCB

Hebrews 7 in the BOHCV

Hebrews 7 in the BOHLNT

Hebrews 7 in the BOHNTLTAL

Hebrews 7 in the BOICB

Hebrews 7 in the BOILNTAP

Hebrews 7 in the BOITCV

Hebrews 7 in the BOKCV

Hebrews 7 in the BOKCV2

Hebrews 7 in the BOKHWOG

Hebrews 7 in the BOKSSV

Hebrews 7 in the BOLCB

Hebrews 7 in the BOLCB2

Hebrews 7 in the BOMCV

Hebrews 7 in the BONAV

Hebrews 7 in the BONCB

Hebrews 7 in the BONLT

Hebrews 7 in the BONUT2

Hebrews 7 in the BOPLNT

Hebrews 7 in the BOSCB

Hebrews 7 in the BOSNC

Hebrews 7 in the BOVCB

Hebrews 7 in the BOYCB

Hebrews 7 in the BPBB

Hebrews 7 in the BPH

Hebrews 7 in the BSB

Hebrews 7 in the CCB

Hebrews 7 in the CUV

Hebrews 7 in the CUVS

Hebrews 7 in the DBT

Hebrews 7 in the DGDNT

Hebrews 7 in the DHNT

Hebrews 7 in the DNT

Hebrews 7 in the ELBE

Hebrews 7 in the EMTV

Hebrews 7 in the ESV

Hebrews 7 in the FBV

Hebrews 7 in the FEB

Hebrews 7 in the GGMNT

Hebrews 7 in the GNT

Hebrews 7 in the HARY

Hebrews 7 in the HNT

Hebrews 7 in the IRVA

Hebrews 7 in the IRVB

Hebrews 7 in the IRVG

Hebrews 7 in the IRVH

Hebrews 7 in the IRVK

Hebrews 7 in the IRVM

Hebrews 7 in the IRVM2

Hebrews 7 in the IRVO

Hebrews 7 in the IRVP

Hebrews 7 in the IRVT

Hebrews 7 in the IRVT2

Hebrews 7 in the IRVU

Hebrews 7 in the ISVN

Hebrews 7 in the JSNT

Hebrews 7 in the KAPI

Hebrews 7 in the KBT1ETNIK

Hebrews 7 in the KBV

Hebrews 7 in the KJV

Hebrews 7 in the KNFD

Hebrews 7 in the LBA

Hebrews 7 in the LBLA

Hebrews 7 in the LNT

Hebrews 7 in the LSV

Hebrews 7 in the MAAL

Hebrews 7 in the MBV

Hebrews 7 in the MBV2

Hebrews 7 in the MHNT

Hebrews 7 in the MKNFD

Hebrews 7 in the MNG

Hebrews 7 in the MNT

Hebrews 7 in the MNT2

Hebrews 7 in the MRS1T

Hebrews 7 in the NAA

Hebrews 7 in the NASB

Hebrews 7 in the NBLA

Hebrews 7 in the NBS

Hebrews 7 in the NBVTP

Hebrews 7 in the NET2

Hebrews 7 in the NIV11

Hebrews 7 in the NNT

Hebrews 7 in the NNT2

Hebrews 7 in the NNT3

Hebrews 7 in the PDDPT

Hebrews 7 in the PFNT

Hebrews 7 in the RMNT

Hebrews 7 in the SBIAS

Hebrews 7 in the SBIBS

Hebrews 7 in the SBIBS2

Hebrews 7 in the SBICS

Hebrews 7 in the SBIDS

Hebrews 7 in the SBIGS

Hebrews 7 in the SBIHS

Hebrews 7 in the SBIIS

Hebrews 7 in the SBIIS2

Hebrews 7 in the SBIIS3

Hebrews 7 in the SBIKS

Hebrews 7 in the SBIKS2

Hebrews 7 in the SBIMS

Hebrews 7 in the SBIOS

Hebrews 7 in the SBIPS

Hebrews 7 in the SBISS

Hebrews 7 in the SBITS

Hebrews 7 in the SBITS2

Hebrews 7 in the SBITS3

Hebrews 7 in the SBITS4

Hebrews 7 in the SBIUS

Hebrews 7 in the SBIVS

Hebrews 7 in the SBT

Hebrews 7 in the SBT1E

Hebrews 7 in the SCHL

Hebrews 7 in the SNT

Hebrews 7 in the SUSU

Hebrews 7 in the SUSU2

Hebrews 7 in the SYNO

Hebrews 7 in the TBIAOTANT

Hebrews 7 in the TBT1E

Hebrews 7 in the TBT1E2

Hebrews 7 in the TFTIP

Hebrews 7 in the TFTU

Hebrews 7 in the TGNTATF3T

Hebrews 7 in the THAI

Hebrews 7 in the TNFD

Hebrews 7 in the TNT

Hebrews 7 in the TNTIK

Hebrews 7 in the TNTIL

Hebrews 7 in the TNTIN

Hebrews 7 in the TNTIP

Hebrews 7 in the TNTIZ

Hebrews 7 in the TOMA

Hebrews 7 in the TTENT

Hebrews 7 in the UBG

Hebrews 7 in the UGV

Hebrews 7 in the UGV2

Hebrews 7 in the UGV3

Hebrews 7 in the VBL

Hebrews 7 in the VDCC

Hebrews 7 in the YALU

Hebrews 7 in the YAPE

Hebrews 7 in the YBVTP

Hebrews 7 in the ZBP