Matthew 10 (BOTLNT)

1 Jesu a ipiletsa barutwa ba ba lesome le bobedi, mme a ba naya taolo go kgoromeletsa mewa e e maswe ntle le go fodisa malwetse mangwe le mangwe le dipobolo. 2 Maina a barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi ke a; Simone yo o bidiwang Petere, Anderea monnaa Petere; Jakobe morwa Sebede, Johane monnaa Jakobe, 3 Filipo, Baretholomica, Thomase, Mathaio wa mokgethisi, Jakobe morwa Alefaio, Thadaeo, 4 Simone (leloko la “diganka” tsa mokgatlho wa dipolotiki o o neng o batla go diga puso), Judase Isekariota yo o neng a mo oka. 5 Jesu o ne a ba roma ka ditaelo tse; “Se yeng kwa go Badichaba kgotsa Basamaria, 6 mme yang fela kwa bathung ba Iseraela; dinku tsa Modimo tse di latlhegileng. 7 Tsamayang lo anamise mo go bone gore Bogosi jwa legodimo bo atametse. 8 “Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela. 9 “Se tseyeng madi mo dipateng fa lo tsamaya; 10 lo se ka lwa tsaya le fa e le kgetsi ya diaparo e na le diaparo tse dingwe le ditlhako, le fa e le seikokotlelo, gonne ba lo ba thusang ba tshwanetse go lo otla le go lo tlhokomela. 11 Nako le nako fa lo tsena mo motseng le mo metsaneng, senkang motho yo o boifang Modimo lo nne mo legaeng la gagwe go fitlhelela lo tswela kwa motseng o mongwe. 12 Fa lo kopa tetlelelo ya go nna, nnang botsalano le batho. 13 Mme fa le itshupa e le legae la SeModimo, le segofatseng, fa go sa nna jalo, nnang ka tshegofatso ya lona. 14 Motse mongwe le mongwe kgotsa legac le le sa lo amogeleng sentle, lo itlhotlhore lorole lwa lefelo leo mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya. 15 Ammaaruri, metse e e maswe ya Sodoma le Gomora e tlaa nna botoka bogolo go metse eo ka Letsatsi la Katlholo. 16 “Ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri. Nnang botlhale jaaka dinoga le bori jaaka maphoi. 17 Mme itlhokomeleng! Gonne lo tlaa tshwarwa, lo sekisiwa lo kgwathisiwa mo matlung a thuto. 18 “Ee, lo tshwanetse go emela tshekiso fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me. Mo go tlaa lo neela lobaka lwa go ba bolelela ka ga me, ee, go supegetsa lefatshe. 19 “Fa lo tshwarwa, se tshwenyegeng gore lo tlaa reng mo tshekong, gonne lo tlaa newa mafoko a a tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng. 20 Gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang; e tlaa bo e le Mowa wa ga Rraeno wa legodimo o bua ka lona. 21 “Motho o tlaa okela morwa rraagwe losung, mme borabana ba tlaa oka bana ba bone. Mme bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone ba ba neela losung. 22 Mongwe le mongwe o tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me. Mme lotlhe ba lo itshokang go ya bokhutlong lo tlaa bolokwa. 23 “Fa lo bogisiwa mo motseng mongwe, tshabelang kwa go o mongwe! Ke tlaa boa pele ga lo tsena mo go yone yotlhe! 24 Morutwana ga a mogolo go feta moruti wa gagwe. Motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. 25 Morutwana o tshwanetse go gata mo dikgatong tsa yo o mo rutang, motlhanka a latele mong wa gagwe. Mme fa ba reile nna mong wa ntlo lona jaanong go tlaa nna jang! 26 “Mme lo se ka lwa boifa ba ba lo bopelang. Gonne nako e e tla e boammaaruri bo tlaa senolwang ka yone: merero ya bone ya sephiri e tlaa itsiwe ke batho botlhe. 27 Se ke se lo bolelelang mo lefifing jaanong jaana, se phatlalatseng kgakala fa bosigo bo o sa! Se ke se sebelang mo ditsebeng tsa lona, se phatlalatseng lo le mo ditlhoeng tsa matlo! 28 “Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting. 29 Ga go thaga (kana di ja bokae? A di ja thebe di le pedi?) e e welang fa fatshe Rraeno wa Legodimo a sa itse. 30 Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona tota e badilwe yotlhe. 31 Ke gone se tshwenyegeng! Lona lo botlhokwa thata mo Modimong go feta dithaga tse dintsi. 32 “Fa mongwe fela a mpolela mo mpepeneneng e le tsala yame ke tlaa mmolela ele tsala yame fa pele ga ga Rre yo o kwa legodimong. 33 Mme fa mongwe a intatola mo mpepeneneng, ke tlaa mo itatola mo mpepeneneng fa pele ga ga Rre yo o kwa Legodimong. 34 “Se gopoleng gore ke tletse go lere kagiso mo lefatsheng! Nnyaa fa e se chaka. 35 Ke tletse go lotlhanya motho le rraagwe, mosetsana le mmaagwe, ngwetsi le matsalaa yone. 36 “Bana ba motho ba ba maswe go fetisa selekanyo ba tlaa bo ba le mo ntlung ya gagwe tota. 37 Fa o rata rrago le mmago go gaisa jaaka o nthata, ga o a tshwanela go nna wa me; kgotsa fa o rata morwao kgotsa morwadio go mpheta, ga o a tshwanela go nna wa me. 38 Fa o gana go itshikarela mokgoro o ntshala morago, ga o a tshwanela go nna wa me. 39 Fa o ngaparela botshelo jwa gago, bo tlaa go latlhegela, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka. 40 “Ba ba lo tsholang ‘sentle ba tshola nna. Mme fa ba ntshola ba tshola Modimo oo nthomileng’. 41 Fa lo tshola moporofiti ka ntlha ya gore ke monna wa Modimo, lo tlaa newa tuelo e moporofiti o e bonang. Mme fa lo amogela batho ba ba siameng, ba ba boifang Modimo ka ntlha ya boModimo jwa bone, lo tlaa newa tuelo e e tshwanang le ya bone. 42 Mme fa lo siela ngwanyana kopi ya metse a a tsididi lo le baemedi ba me, ruri lo tlaa duelwa.”

In Other Versions

Matthew 10 in the ANGEFD

Matthew 10 in the ANTPNG2D

Matthew 10 in the AS21

Matthew 10 in the BAGH

Matthew 10 in the BBPNG

Matthew 10 in the BBT1E

Matthew 10 in the BDS

Matthew 10 in the BEV

Matthew 10 in the BHAD

Matthew 10 in the BIB

Matthew 10 in the BLPT

Matthew 10 in the BNT

Matthew 10 in the BNTABOOT

Matthew 10 in the BNTLV

Matthew 10 in the BOATCB

Matthew 10 in the BOATCB2

Matthew 10 in the BOBCV

Matthew 10 in the BOCNT

Matthew 10 in the BOECS

Matthew 10 in the BOGWICC

Matthew 10 in the BOHCB

Matthew 10 in the BOHCV

Matthew 10 in the BOHLNT

Matthew 10 in the BOHNTLTAL

Matthew 10 in the BOICB

Matthew 10 in the BOILNTAP

Matthew 10 in the BOITCV

Matthew 10 in the BOKCV

Matthew 10 in the BOKCV2

Matthew 10 in the BOKHWOG

Matthew 10 in the BOKSSV

Matthew 10 in the BOLCB

Matthew 10 in the BOLCB2

Matthew 10 in the BOMCV

Matthew 10 in the BONAV

Matthew 10 in the BONCB

Matthew 10 in the BONLT

Matthew 10 in the BONUT2

Matthew 10 in the BOPLNT

Matthew 10 in the BOSCB

Matthew 10 in the BOSNC

Matthew 10 in the BOVCB

Matthew 10 in the BOYCB

Matthew 10 in the BPBB

Matthew 10 in the BPH

Matthew 10 in the BSB

Matthew 10 in the CCB

Matthew 10 in the CUV

Matthew 10 in the CUVS

Matthew 10 in the DBT

Matthew 10 in the DGDNT

Matthew 10 in the DHNT

Matthew 10 in the DNT

Matthew 10 in the ELBE

Matthew 10 in the EMTV

Matthew 10 in the ESV

Matthew 10 in the FBV

Matthew 10 in the FEB

Matthew 10 in the GGMNT

Matthew 10 in the GNT

Matthew 10 in the HARY

Matthew 10 in the HNT

Matthew 10 in the IRVA

Matthew 10 in the IRVB

Matthew 10 in the IRVG

Matthew 10 in the IRVH

Matthew 10 in the IRVK

Matthew 10 in the IRVM

Matthew 10 in the IRVM2

Matthew 10 in the IRVO

Matthew 10 in the IRVP

Matthew 10 in the IRVT

Matthew 10 in the IRVT2

Matthew 10 in the IRVU

Matthew 10 in the ISVN

Matthew 10 in the JSNT

Matthew 10 in the KAPI

Matthew 10 in the KBT1ETNIK

Matthew 10 in the KBV

Matthew 10 in the KJV

Matthew 10 in the KNFD

Matthew 10 in the LBA

Matthew 10 in the LBLA

Matthew 10 in the LNT

Matthew 10 in the LSV

Matthew 10 in the MAAL

Matthew 10 in the MBV

Matthew 10 in the MBV2

Matthew 10 in the MHNT

Matthew 10 in the MKNFD

Matthew 10 in the MNG

Matthew 10 in the MNT

Matthew 10 in the MNT2

Matthew 10 in the MRS1T

Matthew 10 in the NAA

Matthew 10 in the NASB

Matthew 10 in the NBLA

Matthew 10 in the NBS

Matthew 10 in the NBVTP

Matthew 10 in the NET2

Matthew 10 in the NIV11

Matthew 10 in the NNT

Matthew 10 in the NNT2

Matthew 10 in the NNT3

Matthew 10 in the PDDPT

Matthew 10 in the PFNT

Matthew 10 in the RMNT

Matthew 10 in the SBIAS

Matthew 10 in the SBIBS

Matthew 10 in the SBIBS2

Matthew 10 in the SBICS

Matthew 10 in the SBIDS

Matthew 10 in the SBIGS

Matthew 10 in the SBIHS

Matthew 10 in the SBIIS

Matthew 10 in the SBIIS2

Matthew 10 in the SBIIS3

Matthew 10 in the SBIKS

Matthew 10 in the SBIKS2

Matthew 10 in the SBIMS

Matthew 10 in the SBIOS

Matthew 10 in the SBIPS

Matthew 10 in the SBISS

Matthew 10 in the SBITS

Matthew 10 in the SBITS2

Matthew 10 in the SBITS3

Matthew 10 in the SBITS4

Matthew 10 in the SBIUS

Matthew 10 in the SBIVS

Matthew 10 in the SBT

Matthew 10 in the SBT1E

Matthew 10 in the SCHL

Matthew 10 in the SNT

Matthew 10 in the SUSU

Matthew 10 in the SUSU2

Matthew 10 in the SYNO

Matthew 10 in the TBIAOTANT

Matthew 10 in the TBT1E

Matthew 10 in the TBT1E2

Matthew 10 in the TFTIP

Matthew 10 in the TFTU

Matthew 10 in the TGNTATF3T

Matthew 10 in the THAI

Matthew 10 in the TNFD

Matthew 10 in the TNT

Matthew 10 in the TNTIK

Matthew 10 in the TNTIL

Matthew 10 in the TNTIN

Matthew 10 in the TNTIP

Matthew 10 in the TNTIZ

Matthew 10 in the TOMA

Matthew 10 in the TTENT

Matthew 10 in the UBG

Matthew 10 in the UGV

Matthew 10 in the UGV2

Matthew 10 in the UGV3

Matthew 10 in the VBL

Matthew 10 in the VDCC

Matthew 10 in the YALU

Matthew 10 in the YAPE

Matthew 10 in the YBVTP

Matthew 10 in the ZBP