Matthew 14 (BOTLNT)

1 Mme erile fa Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, 2 A raya banna ba gagwe a re, “Yo e tshwanetse ya bo e le Johane wa Mokolobetsi a rudile. Ke gone ka mo a kgonang go dira dikgakgamatso.” 3 Gonne Herode o na a tshwere Johane a mo golegile ka dikeetane mo kgolegelong ka topo ya mosadi wa gagwe Herodiase mosadi yo o kileng a bo a le wa ga Filipo morwarraagwe, 4 gonne Johane o ne a mo reile a re, ga go a siama gore a mo nyale. 5 O ka bo a ne a bolaya Johane mme o ne a boifa mokubukubu o batho ba ka o tsosang, ka gore batho botlhe ba ne ba dumela gore Johane ke moporofiti. 6 Mme ya re ka mokete wa botsalo jwa ga Herode, morwadia Herodiase a bina mo go neng ga kgatlha Herode thata, 7 hong a mo solofetsa ka ikano gore o tlaa mo naya le fa e le eng se o tlaa se lopang. 8 Jalo he, ka go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, ngwanyana a kopa tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogotswaneng. 9 Kgosi e ne ya utlwa botlhoko, mme ka ntlha ya ikano ya yone, gape ka gore e ne e sa batle go boela lefoko la yone ka morago fa pele ga balalediwa, ya ntsha taolo ya gore go dirwe jalo. 10 Jalo, Johane a kgaolwa tlhogo a le mo kgolegelong, 11 tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotswana, ya neelwa morweetsana yo o neng a e isa kwa go mmaagwe. 12 Hong barutwa ba ga Johane ba tla go tsaya setopo sa gagwe go ya go se boloka mme ba ya go bolelela Jesu se se diragetseng. 13 Mme erile fela fa Jesu a utlwa mafoko a, a tsamaya ka boene ka mokoro go ya kwa thoko go nna a le nosi. Mme bontsintsi jwa bona kwa o neng a ya teng, mme ba mo sala morago ka dinao ba tswa mo magaeng a mantsi. 14 Hong ya re Jesu a tswa mo nageng, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa bo bo mo letile mme a ba tlhomogela pelo a ba a fodisa balwetse. 15 Maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Lobaka lwa dijo lo setse lo fetile, mme ga gona sepe se se ka jewang fano mo sekakeng; phatlalatsa bontsintsi jwa batho gore ba ye mo magaeng ba reke dijo!” 16 Mme Jesu a fetola a re, “Mo ga go tlhokafale, ba feng dijo!” 17 Mme ba mo raya ba re, “Ga tweng! Re na le dinkgwe di le tlhano tse di nnye le ditlhapi di le pedi!” 18 Jesu a ba raya a re, “Di lereng kwano.” 19 Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho. 20 Mme mongwe le mongwe a ja go fitlhelela a kgora! Mme erile ba sela masalela kwa morago, ga sala diroto di le lesome le bobedi tse di tletseng. 21 E ne e ka nna banna ba le dikete tse tlhano mo bontsintsing jwa batho tsatsing leo, kwa ntle ga basadi le bana. 22 Ka bofefo morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re ba tsene mo mokorong go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha fa a sa ntse a phatlalaletsa batho kwa gae. 23 23-24 Morago ga moo a tlhatloga dithaba go ya go rapela. Bosigo jwa tla, mme kwa lecheng barutwa ba ne ba le mo matshwenyegong. Gonne phefo e ne e tsogile ba tshwere bothata mo mawatleng a a sa sisibalang. 25 Erile e ka nna nako ya bone mo mosong, Jesu a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metse. 26 Ba gowa ka letshogo gonne ba ne ba gopola gore ke sepoko. 27 Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, “Ke nna se boifeng!” 28 Hong Petoro a mo fetola a re, “Rra, fa o le ene tota, nthaya ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metse.” 29 Mme Morena a re, “Go siame, tla kwano.” Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu. 30 Mme erile fa a leba kwa godimo, a tshoga mme a simolola go nwela. A gowa a re, “Mpoloka Morena!” 31 Gone fela foo Jesu a otlolola lebogo a mmoloka. Jesu a re, “A motho wa tumelo e potlana, ke eng fa o no o belaela. 32 Mme fa ba sena go palama mo mokorong, phefo ya didimala?” 33 Ba bangwe ba nna ba tseanye, ba goa ba re, “O Morwa Modimo tota!” 34 Mme ba fitlha kwa Genesareta. 35 Dikgang tsa go goroga ga bone tsa anama ka bofefo mo tikologong yotlhe ya motse, mme ka bofefo batho botlhe ba tswa mo motseng ba ya go bolelela batho gore ba lere balwetse ba bone go tla go fodisiwa. 36 Balwetse ba mo kopa gore a ba letlelele go ama momeno wa seaparo sa gagwe, mme botlhe ba ba neng ba ama momeno wa seaparo sa gagwe ba fodisiwa.

In Other Versions

Matthew 14 in the ANGEFD

Matthew 14 in the ANTPNG2D

Matthew 14 in the AS21

Matthew 14 in the BAGH

Matthew 14 in the BBPNG

Matthew 14 in the BBT1E

Matthew 14 in the BDS

Matthew 14 in the BEV

Matthew 14 in the BHAD

Matthew 14 in the BIB

Matthew 14 in the BLPT

Matthew 14 in the BNT

Matthew 14 in the BNTABOOT

Matthew 14 in the BNTLV

Matthew 14 in the BOATCB

Matthew 14 in the BOATCB2

Matthew 14 in the BOBCV

Matthew 14 in the BOCNT

Matthew 14 in the BOECS

Matthew 14 in the BOGWICC

Matthew 14 in the BOHCB

Matthew 14 in the BOHCV

Matthew 14 in the BOHLNT

Matthew 14 in the BOHNTLTAL

Matthew 14 in the BOICB

Matthew 14 in the BOILNTAP

Matthew 14 in the BOITCV

Matthew 14 in the BOKCV

Matthew 14 in the BOKCV2

Matthew 14 in the BOKHWOG

Matthew 14 in the BOKSSV

Matthew 14 in the BOLCB

Matthew 14 in the BOLCB2

Matthew 14 in the BOMCV

Matthew 14 in the BONAV

Matthew 14 in the BONCB

Matthew 14 in the BONLT

Matthew 14 in the BONUT2

Matthew 14 in the BOPLNT

Matthew 14 in the BOSCB

Matthew 14 in the BOSNC

Matthew 14 in the BOVCB

Matthew 14 in the BOYCB

Matthew 14 in the BPBB

Matthew 14 in the BPH

Matthew 14 in the BSB

Matthew 14 in the CCB

Matthew 14 in the CUV

Matthew 14 in the CUVS

Matthew 14 in the DBT

Matthew 14 in the DGDNT

Matthew 14 in the DHNT

Matthew 14 in the DNT

Matthew 14 in the ELBE

Matthew 14 in the EMTV

Matthew 14 in the ESV

Matthew 14 in the FBV

Matthew 14 in the FEB

Matthew 14 in the GGMNT

Matthew 14 in the GNT

Matthew 14 in the HARY

Matthew 14 in the HNT

Matthew 14 in the IRVA

Matthew 14 in the IRVB

Matthew 14 in the IRVG

Matthew 14 in the IRVH

Matthew 14 in the IRVK

Matthew 14 in the IRVM

Matthew 14 in the IRVM2

Matthew 14 in the IRVO

Matthew 14 in the IRVP

Matthew 14 in the IRVT

Matthew 14 in the IRVT2

Matthew 14 in the IRVU

Matthew 14 in the ISVN

Matthew 14 in the JSNT

Matthew 14 in the KAPI

Matthew 14 in the KBT1ETNIK

Matthew 14 in the KBV

Matthew 14 in the KJV

Matthew 14 in the KNFD

Matthew 14 in the LBA

Matthew 14 in the LBLA

Matthew 14 in the LNT

Matthew 14 in the LSV

Matthew 14 in the MAAL

Matthew 14 in the MBV

Matthew 14 in the MBV2

Matthew 14 in the MHNT

Matthew 14 in the MKNFD

Matthew 14 in the MNG

Matthew 14 in the MNT

Matthew 14 in the MNT2

Matthew 14 in the MRS1T

Matthew 14 in the NAA

Matthew 14 in the NASB

Matthew 14 in the NBLA

Matthew 14 in the NBS

Matthew 14 in the NBVTP

Matthew 14 in the NET2

Matthew 14 in the NIV11

Matthew 14 in the NNT

Matthew 14 in the NNT2

Matthew 14 in the NNT3

Matthew 14 in the PDDPT

Matthew 14 in the PFNT

Matthew 14 in the RMNT

Matthew 14 in the SBIAS

Matthew 14 in the SBIBS

Matthew 14 in the SBIBS2

Matthew 14 in the SBICS

Matthew 14 in the SBIDS

Matthew 14 in the SBIGS

Matthew 14 in the SBIHS

Matthew 14 in the SBIIS

Matthew 14 in the SBIIS2

Matthew 14 in the SBIIS3

Matthew 14 in the SBIKS

Matthew 14 in the SBIKS2

Matthew 14 in the SBIMS

Matthew 14 in the SBIOS

Matthew 14 in the SBIPS

Matthew 14 in the SBISS

Matthew 14 in the SBITS

Matthew 14 in the SBITS2

Matthew 14 in the SBITS3

Matthew 14 in the SBITS4

Matthew 14 in the SBIUS

Matthew 14 in the SBIVS

Matthew 14 in the SBT

Matthew 14 in the SBT1E

Matthew 14 in the SCHL

Matthew 14 in the SNT

Matthew 14 in the SUSU

Matthew 14 in the SUSU2

Matthew 14 in the SYNO

Matthew 14 in the TBIAOTANT

Matthew 14 in the TBT1E

Matthew 14 in the TBT1E2

Matthew 14 in the TFTIP

Matthew 14 in the TFTU

Matthew 14 in the TGNTATF3T

Matthew 14 in the THAI

Matthew 14 in the TNFD

Matthew 14 in the TNT

Matthew 14 in the TNTIK

Matthew 14 in the TNTIL

Matthew 14 in the TNTIN

Matthew 14 in the TNTIP

Matthew 14 in the TNTIZ

Matthew 14 in the TOMA

Matthew 14 in the TTENT

Matthew 14 in the UBG

Matthew 14 in the UGV

Matthew 14 in the UGV2

Matthew 14 in the UGV3

Matthew 14 in the VBL

Matthew 14 in the VDCC

Matthew 14 in the YALU

Matthew 14 in the YAPE

Matthew 14 in the YBVTP

Matthew 14 in the ZBP