Matthew 26 (BOTLNT)

1 Mme e rile Jesu a sena go fetsa puo e le barutwa ba gagwe a ba raya a re, 2 “Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa.” 3 Ka lone lobaka loo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bangwe ba Sejuda ba phuthegela kwa kgotleng ya ga Kaiafase moperesiti yo mogolo, 4 go gakololana ka maano a go tshwara Jesu ka bokukuntshwane go mmolaya. 5 Mme ba dumalana ba re, “Eseng ka modiro wa Tlolaganyo, gonne go ka tsoga pheretlhego.” 6 Foo Jesu a tswela kwa Bethania, kwa legaeng la ga Simone wa molepero. 7 Mme ya re Jesu a sa ntse a a ja ga tla mosadi mongwe a tshotse lebotlolo la setlolo se se tlhwatlhwa kgolo, mme a se tshela mo tlhogong ya gagwe. 8 8-9 Barutwa ba ne ba gakatsega ba re, “A tshenyo ya madi a magolo! O ka bo a se rekisitse madi a mantsi mme a a abela bahumanegi.” 10 Jesu a itse se ba se akanyang, mme a re, “Ke eng fa lo mo tshwaya phoso? Gonne o ntiretse tiro e ntle thata. 11 Lo tlaa aga lo na le bahumanegi, mme ga lo na go nna le nna ka malatsi otlhe. 12 O tshetse setlolo se mo go nna go baakanyetsa mmele wa me go fitlhwa. 13 Mme o tlaa aga a gopolwa ka tiro e. Polelo ya se a se dirileng e tlaa bolelwa mo lefatshing lotlhe, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang teng.” 14 Judase Isekariota, mongwe wa baaposetoloi ba ba some le bobedi a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti, 15 mme a botsa a re, “Lo tlaa ntuela bokae go tsenya Jesu mo diatleng tsa lona?” Mme ba mo naya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo. 16 Mme go simologa ka lobaka loo, Judase a batla lebaka le le siameng la go ba okela Jesu. 17 Mo letsatsing la ntlha la mediro ya Tlolaganyo, fa senkgwe se se sa bidisi wang se se, tswang mo malapeng a a farologaneng a Sejuda se jewa, barutwa ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Re baakanyetsa go jela Moletlo wa Tlolaganyo kae?” 18 A fetola a re, “Tsenang mo motseng lo fete lo bone rre semangmang, mme lo mo reye lo re, ‘Monnga rona a re, nako yame e gorogile mme ke tlaa jela dijo tsa Moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba me kwa tlong ya gago.’” 19 Jalo barutwa ba dira jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo teng. 20 20-21 Mme ya re mo maabanyaneng ao fa a sa ntse a a ja le ba ba some le bobedi, a bua a re “Mongwe wa lona o tlaa nkoka.” 22 Mme ba futsafala thata, mme mongwe le mongwe wa bone a botsa a re, “A ke nna?” 23 A fetola a re, “Ke yo ke mo fileng sejo pele. 24 Gonne ke tshwanetse go swa fela jaaka go porofitilwe, mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo thata fa yoo a ka bo a na a seka a tsalwa.” 25 Judase le ene, o ne a mmotsa a re, “Moruti, a ke nna?” Mme Jesu a mo raya a re, “Ke wena.” 26 Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa, a se ngathoganya a se neela barutwa a re, “Tsayang lo je gonne se ke mmele wa me.” 27 Gape a tsaya senwelo sa mofine a se segofatsa, a se ba neela a re, “Mongwe le mongwe a nwe, 28 gonne se ke madi ame, a a kanelang Kgolagano e Ncha. A tshololelwa go itshwarela dibe tsa bontsintsi jwa batho. 29 Tlhokomelang mafoko a me: Ga ke na go tlhola ke nwa mofine o gape go fitlhelela letsatsi le ke tlaa o nwang le lona o le mosha mo Bogosing jwa ga Rre.” 30 Mme ya re ba sena go opela sefela, ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware. 31 Mme Jesu a ba raya a re, “Bosigong jono, lotlhe lo tlaa mphatlalalela. Gonne go kwadilwe mo Dikwalong gore Modimo o tlaa itaya modisa, mme letsomane la dinku le tlaa phatlalala. 32 Mme morago ga ke tsosiwa ke tlaa ya Galalea, go lo rakantsha teng.” 33 Petere a mo fetola a re, “Fa botlhe ba ka go tlogela, nna ga ke na go go tlogela.” 34 Jesu a mo raya a re, “Boammaaruri ke gore mo bosigongjono, pele ga mokoko o lela ka nako ya mahube maphakela, o tlaa bo o intatotse gararo!”. 35 Petere a fetola a re, “Go ka swa nna pele.” Mme le barutwa ba bangwe botlhe ba bua fela jalo. 36 Hong Jesu a ba lere fa moseleng wa tshimo ya Gethesemane, mme a ba raya a re ba nne fa fatshe mme ba lete foo a sa ntse a tsamaela fa pele go ya go rapela. 37 A tsaya Petere le bomorwa Sebede ba babedi Jakobe le Johane, mme a simolola go hutsafala le go huduega. 38 Mme a ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata o bile o utlwile botlhoko mo go isang losung: Lo lebelele le Nna.” 39 A ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re, “Rara! Fa go kgonega, a senwelo se se tlosiwe fa go nna. Mme ke batla thato ya gago, eseng ya me.” 40 Mme a boela morago kwa barutweng ba bararo mme a ba fitlhela ba thulametse. Mme a bitsa Petere a re, “a lo no lo ka seka lwa lebelela le nna ka lobaka lwa selekanyo sa oura fela? 41 Lebelelang lo rapele. Esengjalo thaelo e tlaa lo fenya. Gonne mowa tota o a rata, mme mmele o bokoa thata!” 42 Gape a ba tlogela a ya go rapela, a re, “Rara! Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa ke sa se nwe sotlhe, a go rata ga gago go diragale.” 43 A boela kwa go bone mme a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba otsela thata, 44 mme a boela gape mo thapelong lwa boraro, a boelela mafoko a o neng a ntse a a bua. 45 Hong a tla kwa barutweng a re, “Robalang lo itapoloseng, bonang! Nako e gorogile, ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula! 46 Tsogang; a re tsamayeng! Bonang, motho yo o nkokang ke yoo o e tla!” 47 Mme ya re ka lona lobaka loo a ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a goroga le bontsi jo bogolo jwa batho ba tshotse dichaka le melamu ba romilwe ke Baeteledipele ba Sejuda. 48 Judase o na a ba reile a re ba tshware yo o tlaa mo dumedisang gonne e tlaa bo e le ene yo ba mmatlang. 49 Hong Judase a tla a tlhamalaletse kwa go Jesu a re, “Dumela Morena!” Mme a mo tlamparela ka tsela ya go atla ka lorato lo lo feteletseng lwa tlhologelelo. 50 Jesu a re, “Tsala ya me, tswelela pele o dire se o se tletseng.” Hong ba bangwe ba mo tshwara. 51 Mongwe wa banna ba ba patileng Jesu a somola chaka a kgaola tsebe ya motlhanka wa Moperesiti yo mogolo. 52 Mme Jesu a mo raya a re, “Baya chaka ya gago, ba ba dirisang dichaka ba tlaa bolawa. 53 A ga o lemoge gore ke ne ke ka kopa Rre dikete tsa baengele go re sireletsa, mme o na a ka ba roma gone fela ka nako eo. 54 Mme fa nkabo ke dirile jalo; Dikwalo di ne di ka diragadiwa jang tse di tlhalosang se se diragalang jaanong jaana?” 55 Hong Jesu a bua le bontsintsi jwa batho a re, “A ke serukutlhi se se diphatsa, mo lo neng lwa tshwanelwa ke go tsaya dichaka le melamu pele ga lo ntshwara? Ke ntse le lona ka malatsi otlhe ke ruta mo Tempeleng mme ga lo ise lo ke lo nkganele. 56 Mme mo gotlhe ga diragala go diragatsa mafoko a baporofiti jaaka a kwadilwe mo Dikwalong.” 57 Hong bontsi jwa batho jwa mo isa kwa legaeng la ga Kaiafase Moperesiti yo mogolo, kwa baeteledipele botlhe ba Sejuda ba neng ba phuthegetse teng. 58 Mme e rile ka yone nako eo Petere a bo a le kgakala a mo setse morago, mme a tla mo kgotleng ya moperesiti yo mogolo a tsena mo teng a nna le masole, mme a emela go bona se se neng se tsile go diragalela Jesu. 59 Ditlhogo tsa baperesiti le lekgotla lotlhe le le tona la Sejuda tsa phuthaganela teng mme tsa senka basupi ba ba ka buang maaka ka ga Jesu, go mo direla kgang e e ka felelang ka katlholo ya loso. 60 60-61 Mme le fa ba ne ba bona bontsi jo bo neng jwa dumalana go nna basupi ba eseng ba boammaaruri, bone bao ba ne ba aga ba ganetsanya. Lwa bofelo ga bonwa banna ba le babedi ba ba neng ba supa ba re, “Monna yo o rile, ‘Ke kgona go senya Tempele ya Modimo ke bo ke e age mo malatsing a mararo’ 62 Hong Mo peresiti yo Mogolo a ema ka dinao a raya Jesu a re, wa reng ka ga gone? A o buile jalo kgotsa nnyaa?” 63 Mme Jesu a didimala fela. Jalo Moperesiti yo Mogolo a mo raya a re, “Ke go ikanisa mo leineng la Modimo o o tshedileng gore o re bolelele gore a o ipitsa Mesia Morwa Modimo.” 64 Mme Jesu a re, “Ee, ke ene. Mme e tlaa re mo malatsing a a tlang lo tlaa mpona, Nna Morwa Motho, ke ntse ka fa lebogong le legolo la Modimo ke tla ka maru a legodimo.” 65 65-66 Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a goa a re, “O a tlhapatsa! Re sa ntse re tlhokelang basupi ba bangwe? Lo mo utlwile lotlhe a buajalo! Katlholo ya lona ke efe?” Ba gowa ba re, “A a bolawe! A a bolawe! A a bolawe!” 67 Hong ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo itaya mme ba bangwe ba mo phanya. 68 Ba re, “Re porofesetse, wena Mesia ke mang yo o nang a go itaya ka nako ele?” 69 Mme e rile ka lobaka loo, fa Petere a ntse mo kgotleng, mosetsana a tla kwa go ene a mo raya a re, “O ne o na le Jesu, gonne lotlhe lo tswa Galalea.” 70 Mme Petere a itatolela kwa godimo a gaketse a re, “Ga ke itse se o buang ka sone.” 71 Mme ya re a sena go tswa ka kgoro, mosetsana yo mongwe a mo lemoga, mme a raya ba ba neng ba eme foo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu wa Nasaretha.” 72 Gape Petere a itatola, ka ikano a re “Ga ke itse monna yo.” 73 Mme morago ga lobakanyana banna ba ba neng ba eme foo ba tla kwa go ene ba re, “Re itse gore o mongwe wa barutwa ba gagwe, gonne re utlwile loleme lwa gago lwa Segalalea.” 74 Petere a simolola go rogakana le go ikana a re, “Ga ke itse monna yo.” Mme ka bofefo mokoko wa lela. 75 Hong Petere a gakologelwa se Jesu a se mo reileng fa a re, “Pele ga mokoko o lela o tlaa bo o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko.

In Other Versions

Matthew 26 in the ANGEFD

Matthew 26 in the ANTPNG2D

Matthew 26 in the AS21

Matthew 26 in the BAGH

Matthew 26 in the BBPNG

Matthew 26 in the BBT1E

Matthew 26 in the BDS

Matthew 26 in the BEV

Matthew 26 in the BHAD

Matthew 26 in the BIB

Matthew 26 in the BLPT

Matthew 26 in the BNT

Matthew 26 in the BNTABOOT

Matthew 26 in the BNTLV

Matthew 26 in the BOATCB

Matthew 26 in the BOATCB2

Matthew 26 in the BOBCV

Matthew 26 in the BOCNT

Matthew 26 in the BOECS

Matthew 26 in the BOGWICC

Matthew 26 in the BOHCB

Matthew 26 in the BOHCV

Matthew 26 in the BOHLNT

Matthew 26 in the BOHNTLTAL

Matthew 26 in the BOICB

Matthew 26 in the BOILNTAP

Matthew 26 in the BOITCV

Matthew 26 in the BOKCV

Matthew 26 in the BOKCV2

Matthew 26 in the BOKHWOG

Matthew 26 in the BOKSSV

Matthew 26 in the BOLCB

Matthew 26 in the BOLCB2

Matthew 26 in the BOMCV

Matthew 26 in the BONAV

Matthew 26 in the BONCB

Matthew 26 in the BONLT

Matthew 26 in the BONUT2

Matthew 26 in the BOPLNT

Matthew 26 in the BOSCB

Matthew 26 in the BOSNC

Matthew 26 in the BOVCB

Matthew 26 in the BOYCB

Matthew 26 in the BPBB

Matthew 26 in the BPH

Matthew 26 in the BSB

Matthew 26 in the CCB

Matthew 26 in the CUV

Matthew 26 in the CUVS

Matthew 26 in the DBT

Matthew 26 in the DGDNT

Matthew 26 in the DHNT

Matthew 26 in the DNT

Matthew 26 in the ELBE

Matthew 26 in the EMTV

Matthew 26 in the ESV

Matthew 26 in the FBV

Matthew 26 in the FEB

Matthew 26 in the GGMNT

Matthew 26 in the GNT

Matthew 26 in the HARY

Matthew 26 in the HNT

Matthew 26 in the IRVA

Matthew 26 in the IRVB

Matthew 26 in the IRVG

Matthew 26 in the IRVH

Matthew 26 in the IRVK

Matthew 26 in the IRVM

Matthew 26 in the IRVM2

Matthew 26 in the IRVO

Matthew 26 in the IRVP

Matthew 26 in the IRVT

Matthew 26 in the IRVT2

Matthew 26 in the IRVU

Matthew 26 in the ISVN

Matthew 26 in the JSNT

Matthew 26 in the KAPI

Matthew 26 in the KBT1ETNIK

Matthew 26 in the KBV

Matthew 26 in the KJV

Matthew 26 in the KNFD

Matthew 26 in the LBA

Matthew 26 in the LBLA

Matthew 26 in the LNT

Matthew 26 in the LSV

Matthew 26 in the MAAL

Matthew 26 in the MBV

Matthew 26 in the MBV2

Matthew 26 in the MHNT

Matthew 26 in the MKNFD

Matthew 26 in the MNG

Matthew 26 in the MNT

Matthew 26 in the MNT2

Matthew 26 in the MRS1T

Matthew 26 in the NAA

Matthew 26 in the NASB

Matthew 26 in the NBLA

Matthew 26 in the NBS

Matthew 26 in the NBVTP

Matthew 26 in the NET2

Matthew 26 in the NIV11

Matthew 26 in the NNT

Matthew 26 in the NNT2

Matthew 26 in the NNT3

Matthew 26 in the PDDPT

Matthew 26 in the PFNT

Matthew 26 in the RMNT

Matthew 26 in the SBIAS

Matthew 26 in the SBIBS

Matthew 26 in the SBIBS2

Matthew 26 in the SBICS

Matthew 26 in the SBIDS

Matthew 26 in the SBIGS

Matthew 26 in the SBIHS

Matthew 26 in the SBIIS

Matthew 26 in the SBIIS2

Matthew 26 in the SBIIS3

Matthew 26 in the SBIKS

Matthew 26 in the SBIKS2

Matthew 26 in the SBIMS

Matthew 26 in the SBIOS

Matthew 26 in the SBIPS

Matthew 26 in the SBISS

Matthew 26 in the SBITS

Matthew 26 in the SBITS2

Matthew 26 in the SBITS3

Matthew 26 in the SBITS4

Matthew 26 in the SBIUS

Matthew 26 in the SBIVS

Matthew 26 in the SBT

Matthew 26 in the SBT1E

Matthew 26 in the SCHL

Matthew 26 in the SNT

Matthew 26 in the SUSU

Matthew 26 in the SUSU2

Matthew 26 in the SYNO

Matthew 26 in the TBIAOTANT

Matthew 26 in the TBT1E

Matthew 26 in the TBT1E2

Matthew 26 in the TFTIP

Matthew 26 in the TFTU

Matthew 26 in the TGNTATF3T

Matthew 26 in the THAI

Matthew 26 in the TNFD

Matthew 26 in the TNT

Matthew 26 in the TNTIK

Matthew 26 in the TNTIL

Matthew 26 in the TNTIN

Matthew 26 in the TNTIP

Matthew 26 in the TNTIZ

Matthew 26 in the TOMA

Matthew 26 in the TTENT

Matthew 26 in the UBG

Matthew 26 in the UGV

Matthew 26 in the UGV2

Matthew 26 in the UGV3

Matthew 26 in the VBL

Matthew 26 in the VDCC

Matthew 26 in the YALU

Matthew 26 in the YAPE

Matthew 26 in the YBVTP

Matthew 26 in the ZBP