Matthew 27 (BOTLNT)

1 Mme e rile mo mosong, ditlhogo tsa pa-peresiti le baeteledipele ba Sejuda ba rakana gape go gakololana ka fa ba ka tlhotlheletsang ka teng mmuso wa Se-Roma go atlholela Jesu loso. 2 Mme ba mo romela kwa go Pilatwe molaodi wa Roma a golegilwe ka dikeetane. 3 E rile ka nako eo, fa Judase yo o mo okileng a bona gore Jesu o atlholetswe loso, a ikwatlhaya a utlwa botlhoko thata ka se a se dirileng, a busetsa madi kwa ditlhogong tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda. 4 A re, “Ke leofile, gonne ke okile motho yo o senang molato.” Ba mo fetola ba re, “Ke dibonwa ke wena.” 5 Hong a latlhela madi mo bodilong jwa Tempele, a tswa a ya go ikaletsa. 6 Ditlhogo tsa baperesiti tsa sela madi ao. Tsa re, “Ga re kake ra a tsenya mo letloleng, gonne go kgatlhanong le melao ya rona go amogela madi a a dueletseng polao ya motho.” 7 Ba go rerisanya mme kwa bofelong ba dumalana go reka setsha sa lefatshe se letsopa la sone le neng le dirisiwa go bopa dinkgwana le gore se dirisiwe go fitlha baeng ba ba swelang mo Jerusalema. 8 Ke sone se e leng gore setsha se, se sa ntse se bidiwa “Lefatshe la Madi” 9 Se se dirafaditse seporofeso sa ga Jeremia se se reng, “Ba tsaya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo, tlhwatlhwa e a neng a e beetswe ke batho ba Iseraele, 10 mme ba reka setsha mo baboping ba dinkgwana jaaka Morena Modimo a nkaetse.” 11 Mme ya re Jesu a eme fa pele ga ga Pilatwe, molaodi wa Roma, a mmotsa a re, “A o Mesia wa Bajuda”? Jesu a mo araba a re, “Ee go ntse jalo.” 12 Mme e rile ditlhogo tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba mmaya melato e mentsintsi, Jesu a didimala fela. 13 Pilatwe a mo raya a re, “A ga o utlwe se ba se buang?” 14 Mme Jesu a seka a bua sepe mme mo ga gakgamatsa moladi thata. 15 Mme ka fa mokgweng wa molaodi e ne e le gore ngwaga le ngwaga a golole legolegwa lengwe la Sejuda ka moletlo wa Tlolaganyo. Mongwe fela yo ba mo ratang. 16 Mo ngwageng eo ga bo go le mo kgolegelong Barabase serukutlhi se se itsegeng thata, 17 mme ya re bontsintsi bo phuthegela fa pele ga ntlo ya ga Pilatwe mo mosong oo, a ba botsa a re, “Lo batla ke lo gololela mang, Barabase kgotsa Jesu Mesia wa lona?” 18 Gonne o na a itse sentle gore baeteledipele ba Sejuda ba golegile Jesu ka kilo ka ntlha ya go tuma ga gagwe. 19 Mme ya re a ntse a sekisa, mosadi wa gagwe a mo romelela molaetsa o: “Tlogela monna yo o siameng yoo; gonne ke letse ke tshwenyegile thata mo torong ka ntlha ya gagwe.” 20 Ka nako eo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuda ba tlhotlheletsa bontsintsi jwa batho go kopa gore Barabase a gololwe, Jesu ene a bolawe. 21 Hong ya re fa molaodi a botsa gape a re, “Ke ofe mo go ba babedi ba, yo lo batlang ke lo mo gololela?” Bontsi jwa batho ba goa ba re, “Barabase!” 22 Hong Pilatwe a botsa a re, “Jaanong ke tlaa reng ka Jesu, Mesia wa lona?” Mme ba goa, ba re, “A a bapolwe!” 23 Pilatwe a re, “Ka ntlha yang? O dirile bosula jwa eng?” Mme ba tswelela ba goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!” 24 E rile fa Pilatwe a bona gore ga a kgone, le gore pheretlhego e a tsoga, a kopa mogopo wa metsi a tlhapa diatla tsa gagwe fa pele ga bontsi jwa batho a re, “Ga ke na molato mo mading a monna yo o siameng yo.” 25 Mme bontsi jwa goa jwa re “Madi a gagwe a a nne mo ditlhogong tsa rona le bana ba rona!” 26 Hong Pilatwe a ba gololela Barabase. Mme e rile a sena go kgwathisa Jesu, a mo neela masole a Roma go ya go mmapola. 27 Mme masole a mo tseela kwa tlung ya ditlhabano, mephato yotlhe ya mo phuthaganela. 28 Hong ba mo apola, ba mo apesa kobo e khibidu, 29 mme ba mo logela serwalo ka mitlwa e meleele ba se mo rwesa, ba mo naya thobane mo lebogong le legolo e e emetseng thobane ya Segosi mme ba khubama fa pele ga gagwe ka tshotlo ba goa ba re, “Dumela Kgosi ya Bajuda.” 30 Mme ba mo kgwela mathe, ba tsaya thobane ba mo itaya ka yone mo tlhogong. 31 Morago ga tshotlo, ba mo apola kobo ba mo apesa seaparo sa gagwe gape, ba mo isa kwa ntle go ya go mmapola. 32 Ya re ba le mo tseleng e e yang kwa go bolaelwang teng, ba bona monna yo o tswang Sirene mo Aferika, yo o neng a bidiwa Simone, ba mo pateletsa go tsaya mokgoro wa ga Jesu. 33 Hong ba ya felong fa go bidiwang Gologotha, ke gore “Felo ga Logata,” 34 kwa masole a neng a mo neela mofine o o tlhakantsweng le santlhokwe, mme ya re a sena go o lekeletsa ka legano a o gana. 35 Morago ga papolo, masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di thelela bola (mataise). 36 Hong ba nna ba mo lebeletse mo mokgorong. 37 Mme ba baya sesupo fa godimo ga tlhogo ya gagwe se balega se re, “Yo ke Jesu Kgosi ya Bajuda.” 38 Dinokwane di le pedi le tsone di ne tsa bapolwa mo mosong oo di mo tsentse fa gare. 39 39-40 Mme bafeti ka tsela ba mo kgala, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ba re, “O ka senya Tempele wa e aga gape mo malatsing a mararo, a o ka kgona. Go siame ipholose mo mokgorong fa o le Morwa Modimo!” 41 41-43 Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda le bone ba mo kgala ka tshotlo ba re, “O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka! Ga ke re o Kgosi ya Baiseraele, a ga go jalo? Jalo he, fologa mo mokgorong ke gone re tlaa go dumelang! O ikantse Modimo, a Modimo o supe gore o eme le ene o mo golole! A ga a are, ‘Ke Morwa Modimo’?” 44 Mme dinokwane le tsone tse di neng di bapotswe nae tsa latlhela tshotlo tsa mo gobolola ka mokgwa o o tshwanang. 45 Ya re mo go yone tshokologo ya letsatsi leo, lefatshe lotlhe la welwa ke lefifi dioura di le tharo, go simologa motshegare go fitlhelela ka nako ya boraro. 46 E rile ka nako ya boraro, Jesu a goa a re, “Eli, Eli Lama Sabakathani” ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, ontatlhetseng?” fa go tlhalosiwa. 47 Bangwe ba batho ba ba neng ba le gaufi ba se ka ba mo tlhalogan ya mme ba gopola gore o bitsa Elija. 48 Mongwe wa bone a siana a tlatsa ngami mofine o o botsarara, a e tlhomela mo thobaneng a e isa kwa molomong wa gagwe go mo nosa. 49 Mme bangwe ba re, “Mo leseng re bone gore a Elija o tlaa tla go mmoloka.” 50 Hong Jesu a goa ka lentswe le legolo gape, a golola mowa wa gagwe, a swa. 51 Jalo Sesiro se se farologanyang Felo ga Boitshepo mo Tempeleng sa fatogana go simologa kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la tshikinyega, mafika a phatloga, 52 le mabitla a bulega, mme banna ba ba boifang Modimo ba le bantsi le basadi ba ba neng ba sule ba rula. 53 Morago ga tsogo ya ga Jesu, ba tlogela diphuphu ba ya Jerusalema, mme ba bonala mo bathong ba le bantsi teng. 54 Masole kwa papolong le bagolwane ba one a tshosiwa thata ke thoromo ya lefatshe le gotlhe mo go neng go diragala. Ba bua ba re, “Ammaaruri e ne e le Morwa Modimo.” 55 Mme basadi ba le bantsi ba ba neng ba tswa Galalea le Jesu go mo tlhokomela ba ne ba lebeletse ba le kgakala. 56 Mo go bone ga bo go le Marea Magatalena le Marea mmaagwe Jakobe le Josefe, le mmaagwe Jakobe le Johane (bomorwa Sebede). 57 E rile mo maitseboeng, monna mongwe yo o humileng a tswa Arimathea yo o bidiwang Josefe, mongwe wa balatedi ba ga Jesu, 58 a ya go kopa setopo sa ga Jesu kwa go Pilatwe. Mme Pilatwe a laola gore a se neelwe. 59 Josefe a tsaya setopo a se phutha ka letsela la leloba le le phepa, 60 mme a se baya mo phuphung ya gagwe e e gabilweng mo lefikeng, mme e rile a tsamaya a pitikololela lentswe le le tona fa godimo ga yone go e khurumela. 61 Marea Magatalena le Marea yo mongwe ba bo ba ntse gautshwane ba lebeletse. 62 Mme e rile ka letsatsi le le latelang, e le letsatsi la bofelo la mediro ya Iketleetso, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai ba ya kwa go Pilatwe, 63 mme ba mo raya ba re, “Morena, moaki yole o kile a re ‘E tlaa re morago ga malatsi a le mararo ke bo ke rula gape’. 64 Jalo re kopa taolo mo go wena go kana phuphu go fitlhelela letsatsi la boraro, go itsa barutwa ba gagwe go tla go utswa mmele wa gagwe ba tloga ba raya batho ba re! O tsogile. Fa mo go ka diragala re tlaa nna mo matshwenyegong go gaisa pele.” 65 Mme Pilatwe a ba raya a re, “Dirisang mapodisi a lona a Tempele, ba ka e tlhokomela sentle thata.” 66 Jalo ba kanela lentswe le le khurumetseng phuphu ba bo ba ntsha masole go e disa.

In Other Versions

Matthew 27 in the ANGEFD

Matthew 27 in the ANTPNG2D

Matthew 27 in the AS21

Matthew 27 in the BAGH

Matthew 27 in the BBPNG

Matthew 27 in the BBT1E

Matthew 27 in the BDS

Matthew 27 in the BEV

Matthew 27 in the BHAD

Matthew 27 in the BIB

Matthew 27 in the BLPT

Matthew 27 in the BNT

Matthew 27 in the BNTABOOT

Matthew 27 in the BNTLV

Matthew 27 in the BOATCB

Matthew 27 in the BOATCB2

Matthew 27 in the BOBCV

Matthew 27 in the BOCNT

Matthew 27 in the BOECS

Matthew 27 in the BOGWICC

Matthew 27 in the BOHCB

Matthew 27 in the BOHCV

Matthew 27 in the BOHLNT

Matthew 27 in the BOHNTLTAL

Matthew 27 in the BOICB

Matthew 27 in the BOILNTAP

Matthew 27 in the BOITCV

Matthew 27 in the BOKCV

Matthew 27 in the BOKCV2

Matthew 27 in the BOKHWOG

Matthew 27 in the BOKSSV

Matthew 27 in the BOLCB

Matthew 27 in the BOLCB2

Matthew 27 in the BOMCV

Matthew 27 in the BONAV

Matthew 27 in the BONCB

Matthew 27 in the BONLT

Matthew 27 in the BONUT2

Matthew 27 in the BOPLNT

Matthew 27 in the BOSCB

Matthew 27 in the BOSNC

Matthew 27 in the BOVCB

Matthew 27 in the BOYCB

Matthew 27 in the BPBB

Matthew 27 in the BPH

Matthew 27 in the BSB

Matthew 27 in the CCB

Matthew 27 in the CUV

Matthew 27 in the CUVS

Matthew 27 in the DBT

Matthew 27 in the DGDNT

Matthew 27 in the DHNT

Matthew 27 in the DNT

Matthew 27 in the ELBE

Matthew 27 in the EMTV

Matthew 27 in the ESV

Matthew 27 in the FBV

Matthew 27 in the FEB

Matthew 27 in the GGMNT

Matthew 27 in the GNT

Matthew 27 in the HARY

Matthew 27 in the HNT

Matthew 27 in the IRVA

Matthew 27 in the IRVB

Matthew 27 in the IRVG

Matthew 27 in the IRVH

Matthew 27 in the IRVK

Matthew 27 in the IRVM

Matthew 27 in the IRVM2

Matthew 27 in the IRVO

Matthew 27 in the IRVP

Matthew 27 in the IRVT

Matthew 27 in the IRVT2

Matthew 27 in the IRVU

Matthew 27 in the ISVN

Matthew 27 in the JSNT

Matthew 27 in the KAPI

Matthew 27 in the KBT1ETNIK

Matthew 27 in the KBV

Matthew 27 in the KJV

Matthew 27 in the KNFD

Matthew 27 in the LBA

Matthew 27 in the LBLA

Matthew 27 in the LNT

Matthew 27 in the LSV

Matthew 27 in the MAAL

Matthew 27 in the MBV

Matthew 27 in the MBV2

Matthew 27 in the MHNT

Matthew 27 in the MKNFD

Matthew 27 in the MNG

Matthew 27 in the MNT

Matthew 27 in the MNT2

Matthew 27 in the MRS1T

Matthew 27 in the NAA

Matthew 27 in the NASB

Matthew 27 in the NBLA

Matthew 27 in the NBS

Matthew 27 in the NBVTP

Matthew 27 in the NET2

Matthew 27 in the NIV11

Matthew 27 in the NNT

Matthew 27 in the NNT2

Matthew 27 in the NNT3

Matthew 27 in the PDDPT

Matthew 27 in the PFNT

Matthew 27 in the RMNT

Matthew 27 in the SBIAS

Matthew 27 in the SBIBS

Matthew 27 in the SBIBS2

Matthew 27 in the SBICS

Matthew 27 in the SBIDS

Matthew 27 in the SBIGS

Matthew 27 in the SBIHS

Matthew 27 in the SBIIS

Matthew 27 in the SBIIS2

Matthew 27 in the SBIIS3

Matthew 27 in the SBIKS

Matthew 27 in the SBIKS2

Matthew 27 in the SBIMS

Matthew 27 in the SBIOS

Matthew 27 in the SBIPS

Matthew 27 in the SBISS

Matthew 27 in the SBITS

Matthew 27 in the SBITS2

Matthew 27 in the SBITS3

Matthew 27 in the SBITS4

Matthew 27 in the SBIUS

Matthew 27 in the SBIVS

Matthew 27 in the SBT

Matthew 27 in the SBT1E

Matthew 27 in the SCHL

Matthew 27 in the SNT

Matthew 27 in the SUSU

Matthew 27 in the SUSU2

Matthew 27 in the SYNO

Matthew 27 in the TBIAOTANT

Matthew 27 in the TBT1E

Matthew 27 in the TBT1E2

Matthew 27 in the TFTIP

Matthew 27 in the TFTU

Matthew 27 in the TGNTATF3T

Matthew 27 in the THAI

Matthew 27 in the TNFD

Matthew 27 in the TNT

Matthew 27 in the TNTIK

Matthew 27 in the TNTIL

Matthew 27 in the TNTIN

Matthew 27 in the TNTIP

Matthew 27 in the TNTIZ

Matthew 27 in the TOMA

Matthew 27 in the TTENT

Matthew 27 in the UBG

Matthew 27 in the UGV

Matthew 27 in the UGV2

Matthew 27 in the UGV3

Matthew 27 in the VBL

Matthew 27 in the VDCC

Matthew 27 in the YALU

Matthew 27 in the YAPE

Matthew 27 in the YBVTP

Matthew 27 in the ZBP