Mark 15 (BOTLNT)

1 Mme ya re mo mosong ditlhogo tsa bapereesiti le bagolwane ba phuthego, baruti ba tumelo le botlhe ba Kgotla kgolo, ba kopana go buisana kaga se ba neng ba tshwanetse go se dira. Maikaelelo a bone e ne e le gore masole a ise Jesu kwa go Pilatwe mmusi wa Seroma. 2 Pilatwe a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” Hong Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bolela.” 3 3-4 Hong baperesiti ba bagolo ba mmaya molato ka dilo di le dintsi, mme Pilatwe a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o sa bue sepe? Wa reng ka ga melato e ba e go pegang.” 5 Mme Jesu a seka a tlhola a bua sepe, mo go neng ga gakgamatsa Pilatwe thata. 6 Mme jaana, e ne e le tlwaelo ya ga Pilatwe go golola legolegwa le le lengwe la Mojuta ngwaga e nngwe le e nngwe ka nako ya Paseka, legolegwa lengwe fela le batho ba lopang gore le gololwe. 7 Mongwe wa magolegwa ka nako eo e ne e le Barabase yo o neng a atlhotswe le ba bangwe ka molato wa polao ya motho, ka nako ya ba tsogologela mmuso. 8 Hong lesomo la simolola go kokoanela Pilatwe, la mo kopa gore a golole legolegwa jaaka gale. 9 Pilatwe a botsa a re, “Go ka nna jang gore ke lo gololele kgosi ya Bajuta? A ke ene yo lo batlang a gololwa?” 10 Gonne o ne a lemoga gore se ke segwenegwene, se se neng se tlhotlhelediwa ke baperesiti ba bagolo gonne ba ne ba fufegela go tuma ga ga Jesu. 11 Mme ka nako e, baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa lesomo gore le batle gore go gololwe Barabase boemong jwa ga Jesu. 12 Mme Pilatwe a botsa a re, “Fa ke golola Barabase, Ke tlaa dirang ka monna yo lo mmitsang kgosi ya lona yo?” 13 Mme ba goa ba re, “Mmapole!” 14 Pilatwe a ba galefela a re, “Ka ntlha yang? O dirileng sa bosula?” Ba tswelela ba goa thata ba re, “Mmapole!” 15 Mme Pilatwe ka ntlha ya go tshaba mokubukubu gape a rata go itumedisa batho, a ba gololela Barabase. A laola gore ba iteye Jesu ka kubu, a ba mo neela gore a bapolwe. 16 16-17 Mme, masole a Roma a mo tsaya a mo isa kwa teng ga lolwapa lwa bogosi, ba bitsa mapodise a kgotla otlhe, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona, ba mo direla serwalo sa mitlwa e meleele ba se mo rwesa. 18 Ba simolola go mo dumedisa ba re, “Ahee! Kgosi ya Bajuta!” 19 Mme ba mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba mo kgwela mathe, ba khubama ka mangole ba mo “obamela”. 20 Erile ba sena go lapisiwa ke go mo sotla, ba mo apola seaparo sa gagwe se se bohibidu jo bo mokgona, mme ba mo apesa diaparo tsa gagwe gape, ba mo kgwakgwaetsa go ya go bapolwa. 21 Simone wa Kurene yo o neng a tswa kwa ga bone ka nako eo, a patelediwa go sikara mokgoro wa ga Jesu. (Simone ke rraagwe Alekasantarea le Rufase). 22 Mme ba tsaya Jesu ba mo isa kwa felong fa go bidiwang Gologotha (Ke gore felo ga logata). 23 Ba mo naya mofine o o tlhakantsweng le ditlhare tse di babang mme a o gana. 24 Mme ba mmapola, ba tshelela diaparo tsa gagwe bola. 25 E ne e ka ne e le ka nako ya bofera-bongwe mo mosong fa papolo e diragala. 26 Lokwalo lo lo bolelang molato wa gagwe lo ne lo kokotetswe mo mokgorong fa godimo ga tlhogo ya gagwe lo balega jaana, “Kgosi ya Bajuta.” 27 Mme ga bo go bapotswe nae magodu a le mabedi mo mosong oo, mekgoro ya bone e tsentse wa gagwe fa gare. 28 Mme lokwalo lwa diragadiwa lo lo reng, “O baletswe le baleofi.” 29 29-30 Batho ba ne ba mo kgala fa ba feta, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ka tshotlo, ba goeletsa kwa go ene ba re, “Ahee! Ipone jaanong; Ammaaruri o ka senya Tempele wa ba wa e aga mo malatsing a le mararo! Fa e le gore o nonofile go le kalo, ipoloke o fologe mo mokgorong.” 31 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bone ba bo ba eme foo ba sotla Jesu. Ba re, “O botlhale thata go boloka ba bangwe, mme ene ga a kgone go ipoloka!” 32 Ba goa ba re, “Hee, wena Mesia!” “Wena Kgosi ya Iseraela! Fologa mo mokgorong mme re tlaa go dumela!” Le magodu a mabedi tota a a neng a swa nae a mo kgoba. 33 Erile e ka ne e le motshegare wa sethoboloko, lefatshe lotlhe la fifala go fitlhelela ka nako ya boraro mo tshokologong eo. 34 Hong Jesu a bitsa ka lentswe le legolo a re, “Eli, Eli Lamasabakatani?” (“Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”) 35 Bangwe ba batho ba ba neng ba eme foo ba gopola gore o ka ne a bitsa Elija moporofiti. 36 Hong mongwe a tla a taboga a ina ngami mo mofineng o o botlha a e tlhomela ka lotlhaka a re, “A re ke re bone gore a Elija o tlaa tla go mo folosa.” 38 Mme sesiro mo Tempeleng sa gagoga ka bogare go simologa kwa godimo go ya kwa tlase. 39 E rile fa lesole la Se-Roma le le neng le eme gaufi le mokgoro wa gagwe le bona ka fa o neng a neela mowa wa gagwe ka gone la re, “Ruri e ne e le Morwa Modimo!” 40 Basadi bangwe ba bo ba le foo ba lebeletse ba le kgakala, e le Marea Magatalena, Marea (mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Josese), Salome le ba bangwe. 41 Bone le basadi ba bangwe ba bantsi ba Galalea ba e neng e le balatedi ba gagwe ba mo direla fa a le kwa Galalea, ba tsile nae mo Jerusalema. 42 42-43 Dilo tse tsotlhe di ne tsa diragala pele ga Sabata. Mme ya re tshokologong ya letsatsi leo Josefe wa Arimathea, yo o neng a le leloko le le tlotlegang la Kgotla Kgolo ya Sejuta (yo o neng a lebeletse go tla ga Bogosi jwa Modimo), a nna pelokgale go ya kwa go Pilatwe go lopa setopo sa ga Jesu. 44 Pilatwe o ne a sa dumele gore Jesu o ne a setse a sule, hong a bitsa mogolwane wa Roma a mmotsa. 45 Mogolwane a tlhomamisa mafoko ao, Pilatwe a raya Josefe a re, “O ka nna wa tsaya setopo.” 46 Mme Josefe a ya go reka letsela le letelele la leloba a pagolola setopo sa ga Jesu mo mokgorong, a se phuthela ka letsela leo a se baya mo phupung e e neng e gabilwe mo lefikeng, a pitikela leje mo kgorong ya phupu. 47 Marea Magatalena le Marea MmaJosese ba ne ba le teng ba lebile Jesu fa a fitlhwa.

In Other Versions

Mark 15 in the ANGEFD

Mark 15 in the ANTPNG2D

Mark 15 in the AS21

Mark 15 in the BAGH

Mark 15 in the BBPNG

Mark 15 in the BBT1E

Mark 15 in the BDS

Mark 15 in the BEV

Mark 15 in the BHAD

Mark 15 in the BIB

Mark 15 in the BLPT

Mark 15 in the BNT

Mark 15 in the BNTABOOT

Mark 15 in the BNTLV

Mark 15 in the BOATCB

Mark 15 in the BOATCB2

Mark 15 in the BOBCV

Mark 15 in the BOCNT

Mark 15 in the BOECS

Mark 15 in the BOGWICC

Mark 15 in the BOHCB

Mark 15 in the BOHCV

Mark 15 in the BOHLNT

Mark 15 in the BOHNTLTAL

Mark 15 in the BOICB

Mark 15 in the BOILNTAP

Mark 15 in the BOITCV

Mark 15 in the BOKCV

Mark 15 in the BOKCV2

Mark 15 in the BOKHWOG

Mark 15 in the BOKSSV

Mark 15 in the BOLCB

Mark 15 in the BOLCB2

Mark 15 in the BOMCV

Mark 15 in the BONAV

Mark 15 in the BONCB

Mark 15 in the BONLT

Mark 15 in the BONUT2

Mark 15 in the BOPLNT

Mark 15 in the BOSCB

Mark 15 in the BOSNC

Mark 15 in the BOVCB

Mark 15 in the BOYCB

Mark 15 in the BPBB

Mark 15 in the BPH

Mark 15 in the BSB

Mark 15 in the CCB

Mark 15 in the CUV

Mark 15 in the CUVS

Mark 15 in the DBT

Mark 15 in the DGDNT

Mark 15 in the DHNT

Mark 15 in the DNT

Mark 15 in the ELBE

Mark 15 in the EMTV

Mark 15 in the ESV

Mark 15 in the FBV

Mark 15 in the FEB

Mark 15 in the GGMNT

Mark 15 in the GNT

Mark 15 in the HARY

Mark 15 in the HNT

Mark 15 in the IRVA

Mark 15 in the IRVB

Mark 15 in the IRVG

Mark 15 in the IRVH

Mark 15 in the IRVK

Mark 15 in the IRVM

Mark 15 in the IRVM2

Mark 15 in the IRVO

Mark 15 in the IRVP

Mark 15 in the IRVT

Mark 15 in the IRVT2

Mark 15 in the IRVU

Mark 15 in the ISVN

Mark 15 in the JSNT

Mark 15 in the KAPI

Mark 15 in the KBT1ETNIK

Mark 15 in the KBV

Mark 15 in the KJV

Mark 15 in the KNFD

Mark 15 in the LBA

Mark 15 in the LBLA

Mark 15 in the LNT

Mark 15 in the LSV

Mark 15 in the MAAL

Mark 15 in the MBV

Mark 15 in the MBV2

Mark 15 in the MHNT

Mark 15 in the MKNFD

Mark 15 in the MNG

Mark 15 in the MNT

Mark 15 in the MNT2

Mark 15 in the MRS1T

Mark 15 in the NAA

Mark 15 in the NASB

Mark 15 in the NBLA

Mark 15 in the NBS

Mark 15 in the NBVTP

Mark 15 in the NET2

Mark 15 in the NIV11

Mark 15 in the NNT

Mark 15 in the NNT2

Mark 15 in the NNT3

Mark 15 in the PDDPT

Mark 15 in the PFNT

Mark 15 in the RMNT

Mark 15 in the SBIAS

Mark 15 in the SBIBS

Mark 15 in the SBIBS2

Mark 15 in the SBICS

Mark 15 in the SBIDS

Mark 15 in the SBIGS

Mark 15 in the SBIHS

Mark 15 in the SBIIS

Mark 15 in the SBIIS2

Mark 15 in the SBIIS3

Mark 15 in the SBIKS

Mark 15 in the SBIKS2

Mark 15 in the SBIMS

Mark 15 in the SBIOS

Mark 15 in the SBIPS

Mark 15 in the SBISS

Mark 15 in the SBITS

Mark 15 in the SBITS2

Mark 15 in the SBITS3

Mark 15 in the SBITS4

Mark 15 in the SBIUS

Mark 15 in the SBIVS

Mark 15 in the SBT

Mark 15 in the SBT1E

Mark 15 in the SCHL

Mark 15 in the SNT

Mark 15 in the SUSU

Mark 15 in the SUSU2

Mark 15 in the SYNO

Mark 15 in the TBIAOTANT

Mark 15 in the TBT1E

Mark 15 in the TBT1E2

Mark 15 in the TFTIP

Mark 15 in the TFTU

Mark 15 in the TGNTATF3T

Mark 15 in the THAI

Mark 15 in the TNFD

Mark 15 in the TNT

Mark 15 in the TNTIK

Mark 15 in the TNTIL

Mark 15 in the TNTIN

Mark 15 in the TNTIP

Mark 15 in the TNTIZ

Mark 15 in the TOMA

Mark 15 in the TTENT

Mark 15 in the UBG

Mark 15 in the UGV

Mark 15 in the UGV2

Mark 15 in the UGV3

Mark 15 in the VBL

Mark 15 in the VDCC

Mark 15 in the YALU

Mark 15 in the YAPE

Mark 15 in the YBVTP

Mark 15 in the ZBP