Mark 4 (BOTLNT)

1 Mme boidiidi jwa batho jo bo senang palo jwa mo dikaganyetsa mo lotshitshing fa a ntse a ruta, hong a tsena mo mokorong a nna fa fatshe a bua a le mo teng ga one. 2 Mokgwa wa gagwe wa gale wa go ruta e ne e le go bolelela batho dipolelo. Nngwe ya tsone e tsamaile jaana: 3 “Reetsang! Molemi o kile a ikaelela go jala peo. Mme ya re a e gasa mo tshimong ya gagwe, 4 nngwe ya yone ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa e sela tsa e e ja. 5 5-6 Nngwe ya yone ya wela mo mmung o mosesane fa go neng go ikadile lefika teng. Ya gola ka bonako, mme ya akofa ya swabisiwa ke mogote wa letsatsi ya a swa, ka ntlha ya gore medi ya yone e ne e sa otlega sentle mo mmung o o seng boteng. 7 Tse dingwe dipeo tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola ya hupetsa dijalo tse di potlana, jalo tsa se ka tsa ungwa, 8 “Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ga masome a mararo tsa ata go fetisa jaaka a ne a jetse, dingwe tsa tsone tsa ungwa ga masome a marataro kgotsa lekgolo. 9 Fa lo na le ditsebe, reetsang!” 10 Mme morago ga moo fa a le esi le ba ba lesome le bobedi le bangwe ba barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Polelo ya gago e raya eng?” 11 11-12 Mme a ba araba a re, “Lo letleletswe go itse boammaaruri ka ga Bogosi jwa Modimo jo bo fitlhetsweng ba ba kwa ntle ga Bogosi: jaaka Moporofiti Isaia a bolela a re, ‘Le fa ba bona ebile ba utlwa ga ba kitla ba tlhaloganya, kgotsa ba sokologela mo Modimong kgotsa ba itshwarelwa dibe tsa bone.’ 13 “Mme fa lo se ka ke lwa tlhaloganya setshwantsho se se motlhofo se, lo tlaa dira jang kaga tse dingwe tse ke yang go di bolela. 14 Molemi yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke mongwe yo o lereditseng batho molaetsa wa Modimo, a leka go jala peo e e siameng mo matshelong a bone. 15 Tsela e e thata, fa go wetseng peo nngwe teng e tshwantshiwa le bopelo-e-thata jwa batho bangwe ba ba utlwang lefoko la Modimo; mme e re ka bofefo Satane a tle a leke go ba lebatsa lefoko. 16 Mme mmu o o lokgwarapana o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba utlwang molaetsa ka boitumelo, 17 mme jaaka ditlhatshana tse di mo mmung o o ntseng jalo, medi ya tsone ga e tsenelele mo teng, le fa, lwa ntlha di gola sentle, ere ka bonako fa matshwenyego a simologa di korobele. 18 “Mmu o o mitlwa ke sesupo sa dipelo tsa batho ba ba reetsang Mafoko a a Molemo ba bo ba a amogela, 19 mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope. 20 “Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ka boammaaruri, mme ba ungwele Modimo thobo e ntsi thata, ba ungwe ga masome a mararo le ga masome a le marataro le ga lekgolo tota go gaisa jaaka go jetswe mo dipelong tsa bone.” 21 Hong a ba botsa a re, “Fa mongwe a tshuba lobone, a o lo baya ka fa tlase ga tafole gore lo fitlhe lesedi? Go ka se nne jalo! Lesedi ga le ka ke la bonwa kgotsa la dirisiwa. Lobone lo siametse go bewa mo setlhomong go bonesa le go nna le mosola. 22 Gonne sengwe le sengwe se se fitlhegileng letsatsi lengwe se tlaa nna mo leseding. 23 Fa lo na le ditsebe, reetsang! 24 Mme gape tlhomamisang lo dirise se lo se utlwang. Gantsi fa lo dira jalo, lo tlaa kgona go tlhaloganya thata se ke se lo bolelelang. 25 Mme yo o nang le sengwe o tlaa newa; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le se o nang le sone tota. 26 Setshwantsho sengwe ke se, se se supang gore bogosi jwa Modimo bo ntse jang: Molemi o kile a jala peo mo tshimong ya gagwe, 27 mme a tsamaya, ya re malatsi a ntse a feta, dijalo tsa gola kwa ntle ga tlhokomelo ya gagwe. 28 Gonne mmu o ne o godisa dijalo. La ntlha mogwang wa tswa, diako tsa tlhoga, mme morago mabele a butswa. 29 Hong molemi a tla ka thipa ya gagwe a akofa a roba.” 30 Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka tshwantsha Bogosi jwa Modimo jang? Ke ka dirisa polelo efe go bo tshwantsha? 31 31-32 Bo tshwana le peo ya mosetara! Le ntswa e le nngwe ya dipeo tse di potlana, e gola e nna nngwe ya ditlhare tse di tona thata, e nne le dikala tse di telele mo dinonyane di ka agang dintlhaga tsa tsone teng mme tsa sireletsega.” 33 O ne a dirisa ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jalo go ruta batho ka fa ba ka kgonang go tlhaloganya ka teng. 34 Legale, o ne a ruta fela ka ditshwantsho fa a ruta mo pepeneneng, mme e re morago ga moo, fa a le esi le barutwa ba gagwe a simolole go ba di tlhalosetsa. 35 Mme ya re mo maitseboeng, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “A re tsheleleng ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.” 36 Hong ba mo tsaya, ba tswelela, ba tlogela bontsi jwa batho (le fa mekoro e mengwe e ne ya ba sala morago). 37 Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela. 38 Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?” 39 Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, “Didimala!” Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo! 40 Mme a ba botsa a re, “Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?” 41 Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, “Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?”

In Other Versions

Mark 4 in the ANGEFD

Mark 4 in the ANTPNG2D

Mark 4 in the AS21

Mark 4 in the BAGH

Mark 4 in the BBPNG

Mark 4 in the BBT1E

Mark 4 in the BDS

Mark 4 in the BEV

Mark 4 in the BHAD

Mark 4 in the BIB

Mark 4 in the BLPT

Mark 4 in the BNT

Mark 4 in the BNTABOOT

Mark 4 in the BNTLV

Mark 4 in the BOATCB

Mark 4 in the BOATCB2

Mark 4 in the BOBCV

Mark 4 in the BOCNT

Mark 4 in the BOECS

Mark 4 in the BOGWICC

Mark 4 in the BOHCB

Mark 4 in the BOHCV

Mark 4 in the BOHLNT

Mark 4 in the BOHNTLTAL

Mark 4 in the BOICB

Mark 4 in the BOILNTAP

Mark 4 in the BOITCV

Mark 4 in the BOKCV

Mark 4 in the BOKCV2

Mark 4 in the BOKHWOG

Mark 4 in the BOKSSV

Mark 4 in the BOLCB

Mark 4 in the BOLCB2

Mark 4 in the BOMCV

Mark 4 in the BONAV

Mark 4 in the BONCB

Mark 4 in the BONLT

Mark 4 in the BONUT2

Mark 4 in the BOPLNT

Mark 4 in the BOSCB

Mark 4 in the BOSNC

Mark 4 in the BOVCB

Mark 4 in the BOYCB

Mark 4 in the BPBB

Mark 4 in the BPH

Mark 4 in the BSB

Mark 4 in the CCB

Mark 4 in the CUV

Mark 4 in the CUVS

Mark 4 in the DBT

Mark 4 in the DGDNT

Mark 4 in the DHNT

Mark 4 in the DNT

Mark 4 in the ELBE

Mark 4 in the EMTV

Mark 4 in the ESV

Mark 4 in the FBV

Mark 4 in the FEB

Mark 4 in the GGMNT

Mark 4 in the GNT

Mark 4 in the HARY

Mark 4 in the HNT

Mark 4 in the IRVA

Mark 4 in the IRVB

Mark 4 in the IRVG

Mark 4 in the IRVH

Mark 4 in the IRVK

Mark 4 in the IRVM

Mark 4 in the IRVM2

Mark 4 in the IRVO

Mark 4 in the IRVP

Mark 4 in the IRVT

Mark 4 in the IRVT2

Mark 4 in the IRVU

Mark 4 in the ISVN

Mark 4 in the JSNT

Mark 4 in the KAPI

Mark 4 in the KBT1ETNIK

Mark 4 in the KBV

Mark 4 in the KJV

Mark 4 in the KNFD

Mark 4 in the LBA

Mark 4 in the LBLA

Mark 4 in the LNT

Mark 4 in the LSV

Mark 4 in the MAAL

Mark 4 in the MBV

Mark 4 in the MBV2

Mark 4 in the MHNT

Mark 4 in the MKNFD

Mark 4 in the MNG

Mark 4 in the MNT

Mark 4 in the MNT2

Mark 4 in the MRS1T

Mark 4 in the NAA

Mark 4 in the NASB

Mark 4 in the NBLA

Mark 4 in the NBS

Mark 4 in the NBVTP

Mark 4 in the NET2

Mark 4 in the NIV11

Mark 4 in the NNT

Mark 4 in the NNT2

Mark 4 in the NNT3

Mark 4 in the PDDPT

Mark 4 in the PFNT

Mark 4 in the RMNT

Mark 4 in the SBIAS

Mark 4 in the SBIBS

Mark 4 in the SBIBS2

Mark 4 in the SBICS

Mark 4 in the SBIDS

Mark 4 in the SBIGS

Mark 4 in the SBIHS

Mark 4 in the SBIIS

Mark 4 in the SBIIS2

Mark 4 in the SBIIS3

Mark 4 in the SBIKS

Mark 4 in the SBIKS2

Mark 4 in the SBIMS

Mark 4 in the SBIOS

Mark 4 in the SBIPS

Mark 4 in the SBISS

Mark 4 in the SBITS

Mark 4 in the SBITS2

Mark 4 in the SBITS3

Mark 4 in the SBITS4

Mark 4 in the SBIUS

Mark 4 in the SBIVS

Mark 4 in the SBT

Mark 4 in the SBT1E

Mark 4 in the SCHL

Mark 4 in the SNT

Mark 4 in the SUSU

Mark 4 in the SUSU2

Mark 4 in the SYNO

Mark 4 in the TBIAOTANT

Mark 4 in the TBT1E

Mark 4 in the TBT1E2

Mark 4 in the TFTIP

Mark 4 in the TFTU

Mark 4 in the TGNTATF3T

Mark 4 in the THAI

Mark 4 in the TNFD

Mark 4 in the TNT

Mark 4 in the TNTIK

Mark 4 in the TNTIL

Mark 4 in the TNTIN

Mark 4 in the TNTIP

Mark 4 in the TNTIZ

Mark 4 in the TOMA

Mark 4 in the TTENT

Mark 4 in the UBG

Mark 4 in the UGV

Mark 4 in the UGV2

Mark 4 in the UGV3

Mark 4 in the VBL

Mark 4 in the VDCC

Mark 4 in the YALU

Mark 4 in the YAPE

Mark 4 in the YBVTP

Mark 4 in the ZBP