Romans 9 (BOTLNT)

1 1-3 Ao Iseraele, batho ba me! Ao, bakaulengwe ba me ba Sejuta! Ke eletsa thata jang gore lo tle mo go Keresete. Pelo ya me e tshwenyegile ebile ke hutsahala mo go botlhoko thata bosigo le motshegare ka ntlha ya lona. Keresete o a itse le Mowa O O Boitshepo o itse gore ga ke ake fa ke re ke eletsa go atlholelwa loso lwa bosakhutleng fa e le gore go ka lo boloka. 4 Modimo o lo neetse mo go golo, mme lo santse lo sa o dumele. O lo tsere jaaka batho ba one ba ba itshenketsweng, jalo wa lo etelela pele ka leru le le phatshimang la kgalalelo wa bo wa lo bolelela ka fa o batlang go lo segofatsa ka teng. O lo neetse melao ya one ya botshelo jwa malatsi otlhe gore lo itse se o batlang lo se dira. O lo neile tshwanelo ya go mo obamela, wa ba wa lo naya ditsholofetso tse dikgolo. 5 Borraeno e ne e le badiredi ba bagolo ba Modimo, le Keresete e ne e le mongwe wa lona, e le Mojuta ka fa tlholegong ya gagwe, ene yo jaanong a busang dilo tsotlhe. A go bakwe Modimo ka bosakhutleng! 6 Jalo he, a Modimo ga o a kgona go diragatsa ditsholofetso tsa one mo Bajuteng? Nnyaa! (Gonne ditsholofetso tse ke tsa ba e leng Bajuta tota). Mme ga se gore mongwe le mongwe yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Sejuta ke Mojuta wa boammaaruri! 7 Lebaka la gore ba tswa mo go Aberahame ga le ba dire bana ba ga Aberahame tota. Gonne Dikwalo tsa re ditsholofetso tse ke tsa ga morwa Aberahame ebong Isake le losika lwa gagawe, le fa Aberahame a ne a na le bana ba bangwe gape! 8 Mo ga go reye gore bana botlhe ba ga Aberahame ke ba Modimo, fa e se fela ba ba dumelang tsholofetso ya poloko e o e solofeditseng Aberahame. 9 Gonne Modimo o ne o solofeditse wa re, “Mo ngwageng e e tlang wena le Sara ke tlaa lo naya ngwana wa mosimane.” 10 10-13 Mme morago ga dingwaga, fa morwawe, Isake, a setse a godile ebile a nyetse, le Rebeka mosadi wa gagwe a tlaa tloga a mo tsholela mawelana, Modimo o ne wa raya Rebeka wa re, Esawe ngwana yo o tlaa tsalwang pele, o tlaa nna motlhanka wa ga Jakoba, lewelana la gagwe. Jaaka mafoko a lokwalo a re, “Ke tlhophile go segofatsa Jakoba, mme e seng Esawe.” Mme Modimo o ne wa bua jaana pele ga bana ba tsholwa, pele ga ba dira se se molemo kgotsa se se bosula. Se se supa gore Modimo o ne wa dira se o neng o se ikaeletse go tsweng kwa tshimologong; e ne e se ka ntlha ya se bana ba se dirileng mme e ne e le ka ntlha ya se Modimo o se batlileng wa se itlhophela. 14 A Modimo o ne o sa kgetholole? Nnyaa ga go a nna jalo. 15 Gonne Modimo o ne o reile Moshe wa re, “Fa ke batla go nna pelonomi mo go mongwe, ke tlaa dira jalo. Gape ke tlaa utlwela botlhoko le fa e le mang yo ke batlang go mo utlwela botlhoko.” 16 Jalo he, masego a Modimo ga a bonwe ka ntlha ya gore motho mongwe o ikaelela go nna nao kgotsa ka ntlha ya gore o dira thata gore a nne nao. A bonwa ke ba Modimo o ba tlhomogelang pelo. 17 Farwe, Kgosi ya Egepeto, e ne e le sekai sa boammaaruri jo. Gonne Modimo o ne wa mmolelela gore o mo neetse bogosi jwa Egepeto ka maikaelelo a go supa nonofo ya one e e boitshegang ka ene: gore lefatshe lotlhe le tle le utlwe kaga leina la Modimo le le galalelang. 18 Jalo a lo a lemoga, Modimo o siametse bangwe, fela ka gore o batla go ba siamela, gape o dira gore ba bangwe ba gane go reetsa. 19 Jaanong ke eng fa Modimo o ba bona molato wa go tlhoka go reetsa? A ga baa dira se o dirileng gore ba se dire? 20 Nnyaa, se rialo. O mang wena yo o tshwa-yang Modimo diphoso? A selo se se dirilweng se ka raya yo o se dirileng sa re, “Ke eng fa o ntirile jaana?” 21 Fa mmopi wa dinkgwana a bopa nkgwana ka mmopa, a ga a na tshwanelo ya go dirisa lone lekwete leo fela la mmopa go dira nkgwana e nngwe ntle, gore e dirisiwe mo go tlhomeng dithunya, mme e nngwe e dirisiwe go latlhela matlakala mo teng? 22 A Modimo ga o na tshwanelo e e itekane-tseng go supa bogale jwa one le nonofo mo go ba ba tshwanetseng go senngwa, ba o ntseng o le pelotelele mo go bone mo nakong e yotlhe? 23 23-24 Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng. 25 Gakologelwang se seporofeto sa ga Hosea se se buang? Teng mo go Hosea Modimo wa re o tlaa itshenkela bana ba bangwe (ba ba sa tsweng mo lwapeng lwa one lwa Sejuta), o ba rate, le fa ope a ise a ke a ba rate. 26 Mme baheitane, ba ka bone go kileng ga twe, “Ga lo batho ba me, ba tlaa bidiwa bana ba Modimo o o tshelang.” 27 Isaia moporofiti o ne a goeletsa kaga Bajuta a re, “Le fa ba ka ne ba le didikadike, ke palonyana fela e e seng kae e e bolokwang. 28 Gonne Morena o tlaa diragatsa katlholo ya gagwe mo lefatsheng, ka bofefo a khutlisa ditiro tsa gagwe, a di khutshwafatsa ka bomolemo.” 29 Mme ke jaaka Isaia a rile, “Fela fa e ne e se ka kutlwelobotlhoko ya Modimo Bajuta botlhe ba ne ba tlaa nyelela.” 30 Jaanong he, re tlaa reng kaga dilo tse? Re tlaa bua jaana re re, “Modimo o neetse Badichaba sebaka sa go gololwa ka tumelo, le fa tota ba ne ba ntse ba sa batle Modimo ka tlhwaafalo. 31 Mme Bajuta, ba ba neng ba leka ka thata yotlhe go siama mo Modimong ka go tshegetsa melao ya one, ga ba a ka ba bona poloko. 32 Ke ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba leka go bolokwa ka go tshegetsa molao le go itshiamisa ka bo bone mo boemong jwa go ikaega mo tumelong. Ba kgopilwe ke lentswe le legolo le le kgopang. 33 Modimo o ba tlhagisitse ka se mo Dikwalong fa o re, ‘Ke beile Lefika mo tseleng ya Bajuta, mme ba le bantsi ba tlaa kgotswa mo go lone, ebong Jesu. Ba ba dumelang mo go ene ga ba kitla ba tlhajwa ke ditlhong.’ ”

In Other Versions

Romans 9 in the ANGEFD

Romans 9 in the ANTPNG2D

Romans 9 in the AS21

Romans 9 in the BAGH

Romans 9 in the BBPNG

Romans 9 in the BBT1E

Romans 9 in the BDS

Romans 9 in the BEV

Romans 9 in the BHAD

Romans 9 in the BIB

Romans 9 in the BLPT

Romans 9 in the BNT

Romans 9 in the BNTABOOT

Romans 9 in the BNTLV

Romans 9 in the BOATCB

Romans 9 in the BOATCB2

Romans 9 in the BOBCV

Romans 9 in the BOCNT

Romans 9 in the BOECS

Romans 9 in the BOGWICC

Romans 9 in the BOHCB

Romans 9 in the BOHCV

Romans 9 in the BOHLNT

Romans 9 in the BOHNTLTAL

Romans 9 in the BOICB

Romans 9 in the BOILNTAP

Romans 9 in the BOITCV

Romans 9 in the BOKCV

Romans 9 in the BOKCV2

Romans 9 in the BOKHWOG

Romans 9 in the BOKSSV

Romans 9 in the BOLCB

Romans 9 in the BOLCB2

Romans 9 in the BOMCV

Romans 9 in the BONAV

Romans 9 in the BONCB

Romans 9 in the BONLT

Romans 9 in the BONUT2

Romans 9 in the BOPLNT

Romans 9 in the BOSCB

Romans 9 in the BOSNC

Romans 9 in the BOVCB

Romans 9 in the BOYCB

Romans 9 in the BPBB

Romans 9 in the BPH

Romans 9 in the BSB

Romans 9 in the CCB

Romans 9 in the CUV

Romans 9 in the CUVS

Romans 9 in the DBT

Romans 9 in the DGDNT

Romans 9 in the DHNT

Romans 9 in the DNT

Romans 9 in the ELBE

Romans 9 in the EMTV

Romans 9 in the ESV

Romans 9 in the FBV

Romans 9 in the FEB

Romans 9 in the GGMNT

Romans 9 in the GNT

Romans 9 in the HARY

Romans 9 in the HNT

Romans 9 in the IRVA

Romans 9 in the IRVB

Romans 9 in the IRVG

Romans 9 in the IRVH

Romans 9 in the IRVK

Romans 9 in the IRVM

Romans 9 in the IRVM2

Romans 9 in the IRVO

Romans 9 in the IRVP

Romans 9 in the IRVT

Romans 9 in the IRVT2

Romans 9 in the IRVU

Romans 9 in the ISVN

Romans 9 in the JSNT

Romans 9 in the KAPI

Romans 9 in the KBT1ETNIK

Romans 9 in the KBV

Romans 9 in the KJV

Romans 9 in the KNFD

Romans 9 in the LBA

Romans 9 in the LBLA

Romans 9 in the LNT

Romans 9 in the LSV

Romans 9 in the MAAL

Romans 9 in the MBV

Romans 9 in the MBV2

Romans 9 in the MHNT

Romans 9 in the MKNFD

Romans 9 in the MNG

Romans 9 in the MNT

Romans 9 in the MNT2

Romans 9 in the MRS1T

Romans 9 in the NAA

Romans 9 in the NASB

Romans 9 in the NBLA

Romans 9 in the NBS

Romans 9 in the NBVTP

Romans 9 in the NET2

Romans 9 in the NIV11

Romans 9 in the NNT

Romans 9 in the NNT2

Romans 9 in the NNT3

Romans 9 in the PDDPT

Romans 9 in the PFNT

Romans 9 in the RMNT

Romans 9 in the SBIAS

Romans 9 in the SBIBS

Romans 9 in the SBIBS2

Romans 9 in the SBICS

Romans 9 in the SBIDS

Romans 9 in the SBIGS

Romans 9 in the SBIHS

Romans 9 in the SBIIS

Romans 9 in the SBIIS2

Romans 9 in the SBIIS3

Romans 9 in the SBIKS

Romans 9 in the SBIKS2

Romans 9 in the SBIMS

Romans 9 in the SBIOS

Romans 9 in the SBIPS

Romans 9 in the SBISS

Romans 9 in the SBITS

Romans 9 in the SBITS2

Romans 9 in the SBITS3

Romans 9 in the SBITS4

Romans 9 in the SBIUS

Romans 9 in the SBIVS

Romans 9 in the SBT

Romans 9 in the SBT1E

Romans 9 in the SCHL

Romans 9 in the SNT

Romans 9 in the SUSU

Romans 9 in the SUSU2

Romans 9 in the SYNO

Romans 9 in the TBIAOTANT

Romans 9 in the TBT1E

Romans 9 in the TBT1E2

Romans 9 in the TFTIP

Romans 9 in the TFTU

Romans 9 in the TGNTATF3T

Romans 9 in the THAI

Romans 9 in the TNFD

Romans 9 in the TNT

Romans 9 in the TNTIK

Romans 9 in the TNTIL

Romans 9 in the TNTIN

Romans 9 in the TNTIP

Romans 9 in the TNTIZ

Romans 9 in the TOMA

Romans 9 in the TTENT

Romans 9 in the UBG

Romans 9 in the UGV

Romans 9 in the UGV2

Romans 9 in the UGV3

Romans 9 in the VBL

Romans 9 in the VDCC

Romans 9 in the YALU

Romans 9 in the YAPE

Romans 9 in the YBVTP

Romans 9 in the ZBP