2 Timothy 1 (BOTLNT)

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, mo rongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Modimo go ya go bolelela banna le basadi gongwe le gongwe kaga botshelo jo bo sa khutleng jo o ba bo solofeditseng ka tumelo mo go Jesu Keresete. 2 Lo ya kwa go: Timotheo, morwaake yo o rategang. A Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona o go nosetse bopelonomi jwa one, kutlwelo-botlhoko le kagiso. 3 Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa. 4 Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana. 5 Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale. 6 Ka ntlha ya moo, ke batla go go gakolola gore o tlhotlheletse nonofo le bopelokgale jo bo mo teng ga gago, jo bo tsenyeng mo go wena ka nako e ke neng ke go baya diatla ka yone ke go segofatsa. 7 Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone. 8 Fa o ka tlhotlheletsa nonofo e e mo teng ga gago ga o kitla o boifa go bolelela ba bangwe ka Morena, wa rona, Kgotsa go ba itsise gore ke tsala ya gago le fa ke le mo kgolegelong fano ka ntlha ya ga Keresete. O tlaa ipaakanyetsa go boga le nna ka ntlha ya Morena, gonne o tlaa go nonotsha mo dipogisong. 9 Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete. 10 Mme jaanong o dirile mo gotlhe gore go bonale mo go rona sentle ka go tla ga Mmoloki wa rona Jesu Keresete, yo o robileng nonofo ya loso a bo a re bontsha tsela ya botshelo jo bo safeleng ka go mo ikanya. 11 Mme Modimo o ntlhophile go nna morongwa wa one, go rerela Badichaba le go ba ruta. 12 Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe. 13 Tshegetsa thata sekao sa boammaaruri jo ke go bo rutileng, segolo thata jang tumelo le lorato lo Keresete Jesu a lo go neileng. 14 Tlhokomela thata, nonofo e o e amogetseng mo Modimong e le mpho e e tswang mo Moweng o o Boitshepo o o nnang mo teng ga gago. 15 Jaaka o itse, Bakeresete botlhe ba ba tsileng mono ba tswa kwa Asia ba mphatlalaletse; le e leng Fugalo le Hegemogenese tota ba tsamaile. 16 A Morena a segofatse Onisiforo le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka gore o ne a nketela a bo a nkgothatsa gantsi. Go nketela ga gagwe go ne ga ntsoseletsa jaaka mowa wa phefo e e monate, ebile go nna ga me mo kgolegelong ga go ise go mo tlhabise ditlhong. 17 Le gone erile a tla mo Roma o mpatlile gongwe le gongwe, a leka go bona kwa ke teng, mme la bofelo a mpona. 18 A Modimo o mo nee lesego le le faphegileng motlhang Keresete a bowang. Ebile o itse botoka go na le jaaka ke ka go bolelela ka fa o nthusitseng ka teng kwa Efeso.

In Other Versions

2 Timothy 1 in the ANGEFD

2 Timothy 1 in the ANTPNG2D

2 Timothy 1 in the AS21

2 Timothy 1 in the BAGH

2 Timothy 1 in the BBPNG

2 Timothy 1 in the BBT1E

2 Timothy 1 in the BDS

2 Timothy 1 in the BEV

2 Timothy 1 in the BHAD

2 Timothy 1 in the BIB

2 Timothy 1 in the BLPT

2 Timothy 1 in the BNT

2 Timothy 1 in the BNTABOOT

2 Timothy 1 in the BNTLV

2 Timothy 1 in the BOATCB

2 Timothy 1 in the BOATCB2

2 Timothy 1 in the BOBCV

2 Timothy 1 in the BOCNT

2 Timothy 1 in the BOECS

2 Timothy 1 in the BOGWICC

2 Timothy 1 in the BOHCB

2 Timothy 1 in the BOHCV

2 Timothy 1 in the BOHLNT

2 Timothy 1 in the BOHNTLTAL

2 Timothy 1 in the BOICB

2 Timothy 1 in the BOILNTAP

2 Timothy 1 in the BOITCV

2 Timothy 1 in the BOKCV

2 Timothy 1 in the BOKCV2

2 Timothy 1 in the BOKHWOG

2 Timothy 1 in the BOKSSV

2 Timothy 1 in the BOLCB

2 Timothy 1 in the BOLCB2

2 Timothy 1 in the BOMCV

2 Timothy 1 in the BONAV

2 Timothy 1 in the BONCB

2 Timothy 1 in the BONLT

2 Timothy 1 in the BONUT2

2 Timothy 1 in the BOPLNT

2 Timothy 1 in the BOSCB

2 Timothy 1 in the BOSNC

2 Timothy 1 in the BOVCB

2 Timothy 1 in the BOYCB

2 Timothy 1 in the BPBB

2 Timothy 1 in the BPH

2 Timothy 1 in the BSB

2 Timothy 1 in the CCB

2 Timothy 1 in the CUV

2 Timothy 1 in the CUVS

2 Timothy 1 in the DBT

2 Timothy 1 in the DGDNT

2 Timothy 1 in the DHNT

2 Timothy 1 in the DNT

2 Timothy 1 in the ELBE

2 Timothy 1 in the EMTV

2 Timothy 1 in the ESV

2 Timothy 1 in the FBV

2 Timothy 1 in the FEB

2 Timothy 1 in the GGMNT

2 Timothy 1 in the GNT

2 Timothy 1 in the HARY

2 Timothy 1 in the HNT

2 Timothy 1 in the IRVA

2 Timothy 1 in the IRVB

2 Timothy 1 in the IRVG

2 Timothy 1 in the IRVH

2 Timothy 1 in the IRVK

2 Timothy 1 in the IRVM

2 Timothy 1 in the IRVM2

2 Timothy 1 in the IRVO

2 Timothy 1 in the IRVP

2 Timothy 1 in the IRVT

2 Timothy 1 in the IRVT2

2 Timothy 1 in the IRVU

2 Timothy 1 in the ISVN

2 Timothy 1 in the JSNT

2 Timothy 1 in the KAPI

2 Timothy 1 in the KBT1ETNIK

2 Timothy 1 in the KBV

2 Timothy 1 in the KJV

2 Timothy 1 in the KNFD

2 Timothy 1 in the LBA

2 Timothy 1 in the LBLA

2 Timothy 1 in the LNT

2 Timothy 1 in the LSV

2 Timothy 1 in the MAAL

2 Timothy 1 in the MBV

2 Timothy 1 in the MBV2

2 Timothy 1 in the MHNT

2 Timothy 1 in the MKNFD

2 Timothy 1 in the MNG

2 Timothy 1 in the MNT

2 Timothy 1 in the MNT2

2 Timothy 1 in the MRS1T

2 Timothy 1 in the NAA

2 Timothy 1 in the NASB

2 Timothy 1 in the NBLA

2 Timothy 1 in the NBS

2 Timothy 1 in the NBVTP

2 Timothy 1 in the NET2

2 Timothy 1 in the NIV11

2 Timothy 1 in the NNT

2 Timothy 1 in the NNT2

2 Timothy 1 in the NNT3

2 Timothy 1 in the PDDPT

2 Timothy 1 in the PFNT

2 Timothy 1 in the RMNT

2 Timothy 1 in the SBIAS

2 Timothy 1 in the SBIBS

2 Timothy 1 in the SBIBS2

2 Timothy 1 in the SBICS

2 Timothy 1 in the SBIDS

2 Timothy 1 in the SBIGS

2 Timothy 1 in the SBIHS

2 Timothy 1 in the SBIIS

2 Timothy 1 in the SBIIS2

2 Timothy 1 in the SBIIS3

2 Timothy 1 in the SBIKS

2 Timothy 1 in the SBIKS2

2 Timothy 1 in the SBIMS

2 Timothy 1 in the SBIOS

2 Timothy 1 in the SBIPS

2 Timothy 1 in the SBISS

2 Timothy 1 in the SBITS

2 Timothy 1 in the SBITS2

2 Timothy 1 in the SBITS3

2 Timothy 1 in the SBITS4

2 Timothy 1 in the SBIUS

2 Timothy 1 in the SBIVS

2 Timothy 1 in the SBT

2 Timothy 1 in the SBT1E

2 Timothy 1 in the SCHL

2 Timothy 1 in the SNT

2 Timothy 1 in the SUSU

2 Timothy 1 in the SUSU2

2 Timothy 1 in the SYNO

2 Timothy 1 in the TBIAOTANT

2 Timothy 1 in the TBT1E

2 Timothy 1 in the TBT1E2

2 Timothy 1 in the TFTIP

2 Timothy 1 in the TFTU

2 Timothy 1 in the TGNTATF3T

2 Timothy 1 in the THAI

2 Timothy 1 in the TNFD

2 Timothy 1 in the TNT

2 Timothy 1 in the TNTIK

2 Timothy 1 in the TNTIL

2 Timothy 1 in the TNTIN

2 Timothy 1 in the TNTIP

2 Timothy 1 in the TNTIZ

2 Timothy 1 in the TOMA

2 Timothy 1 in the TTENT

2 Timothy 1 in the UBG

2 Timothy 1 in the UGV

2 Timothy 1 in the UGV2

2 Timothy 1 in the UGV3

2 Timothy 1 in the VBL

2 Timothy 1 in the VDCC

2 Timothy 1 in the YALU

2 Timothy 1 in the YAPE

2 Timothy 1 in the YBVTP

2 Timothy 1 in the ZBP