Acts 2 (BOTLNT)

1 Mme erile go setse go fetile dibeke di supa, morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, ga fitlha letsatsi la Pentekosete. Ya re ka letsatsi leo badumedi ba phuthega, 2 ka tshoganetso ga utlwala mosumo o ka re wa sefefo se segolo kwa loaping kwa godimo ga bone, mme wa tlala ka ntlo e ba neng ba phuthegetse mo go yone. 3 Hong, ga bonala kwa go bone sengwe ekete dikgabo kgotsa diteme tsa molelo mme tsa nna mo ditlhogong tsa bone. 4 Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e. 5 Mme ga bo go le Bajuta ba le bantsi ba ba boifang Modimo mo Jerusalema ka letsatsi leo mo moketeng wa tumelo, ba tswa mo dichabeng tse dintsi. 6 Mme ya re ba utlwa mosumo mo loaping kwa godimo, bontsintsi jwa batho jwa tla bo tabogile go tla go bona gore go diragala eng. Mme ba gamarega fa ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone. 7 Ba bua ka kgakgamalo ba re, “Mo go ka diragala jang? Gonne banna ba botlhe ke ba ba tswang kwa Galalea? 8 Mme re utlwa ba bua ka diteme tsotlhe tsa mafatshe a re tsaletsweng mo go one! 9 Fano re le Baparathaia, le Bameda, Baelama, le batho ba ba tswang kwa Mesopotamia, le kwa Judea, le Kapodokia le Ponto le kwa Asia. 10 Le kwa Feregia le Pamfilea le Egepeto le puo ya dikgaolo tsa Kurene ntlheng ya Libia, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le ba ba sokologetseng kwa Sejuteng. 11 Le Bakereta, le Baarabia. Mme rotlhe fela re utlwa banna ba ba bua dikgakgamatso tse dikgolo tsa Modimo ka puo ya ga rona!” 12 Mme ba ema foo ba hakgametse thata ebile ba gamaregile. Mme ba botsana ba re, “Tota mo go ka ne go raya eng?” 13 Mme bangwe le fa go ntse jalo ba ne ba ba sotla, ba re “Batho ba ba tagilwe fela ba!” 14 Mme Petere a ema fa pele le barutwa ba bangwe ba le lesome le motso, mme a goeleletsa kwa bontsintsing jwa batho a re, “Lona lotlhe reetsang, baeng le lona baagi ba Jerusalema ka mokgwa o o tshwanang! 15 Bangwe ba lona ba re batho ba ba tlhapetswe! Ga se boammaaruri! Go sa le mo mosong thata mo go se se ntseng jalo! Batho ga ba tlhapelwe ka nako ya bofera o le mongwe mo mosong! 16 Nnyaa Se lo se bonang mo mosong ono se ne sa porofeswa mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fitileng ke moporofiti Joele, o rile 17 ‘E tlaa re mo malatsing a bofelo ke goromeletse Mowa wa me O O Boitshepo mo bathong botlhe, bomorwaalona le bomorwadia lona ba tlaa porofesa. Makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le banna ba tlaa lora ditoro. 18 Ee, Mowa O O Boitshepo o tlaa goromediwa le mo batlhankeng ba me botlhe banna le basadi ka mokgwa o o tshwanang, mme ba tlaa porofesa. 19 Mme ke tlaa dira ditshupo tse di sa tlwaelesegang mo Magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le maru a a looto la mosi; 20 letsatsi le tlaa fifala le kgwedi e tlaa nna khibidu jaaka madi pele ga Letsatsi leo le le boitshegang la Morena le tla. 21 Mme le fa e le mang yo o kopang kutlwelo-botlhoko mo Modimong o tlaa e newa, matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!’ 22 “Lona banna ba Iseraele, reetsang,“Modimo o ne wa supela Jesu wa Monasara ka go dira dikgakgamatso tse di kgolo ka ene fela jaaka lo itse sentle. 23 Mme Modimo o setse morago leano la one le o saleng o le dira bogologolo, a lo letla gore lo dirise puso ya Roma gore lo mmapole mo mokgorong lo mmolaye. 24 Mme Modimo wa mo golola mo losong lo lo boitshegang wa mo tsosa mo baswing, gonne loso lo ne lo sena thata ya go mo tshegetsa mo taolong ya lone. 25 “Kgosi Dafide o kile a ama mafoko a a builweng ke Jesu fa a re, ‘Ke itse gore Morena o na le nna ka malatsi otlhe o a nthusa, nonofo e kgolo ya Modimo e a ntshireletsa. 26 “Mme ga go hakgamatse fa pelo ya me e tletse boitumelo le loleme lo goeletsa dipako tsa gagwe, gonne ke a itse gore dilo tsotlhe di tlaa ntshiamela mo losong. 27 “Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me mo bobipong le fa e le go letla mmele wa ga Morwao yo o Boitshepo go bola. 28 “Mme o tlaa mpusetsa botshelo jwa me, o mphe le boitumelo jo bo hakgamatsang fa pele ga gago.’ 29 “Bakaulengwe ba ba rategang, gakologelwang gore Dafide o ne a sa ithee fa a bua mafoko a ke setseng ke tswa go a ama, gonne o ne a swa, a ba a fitlhwa, le lebitla la gagwe le sa ntse le le teng le gompieno. 30 Mme e ne e le moporofiti, gape a itse gore Modimo o sale o solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide. 31 Dafide o ne a lebela dilo pele, gape a porofeta tsogo ya ga Mesia mo baswing, a re Mowa wa ga Mesia ga o kitla o tlogelwa mo bobipong le mmele wa gagwe ga o na go bola. 32 O ne a bua kaga Jesu, mme rotlhe, re basupi ba gore Jesu o tsogile mo baswing. 33 “Mme jaanong o ntse mo setilong sa bogosi sa tlotlo e kgolo thata kwa legodimong, go bapa le Modimo, mme fela jaaka go solofeditswe, Rara o mo neile taolo ya go romela Mowa O O Boitshepo, ka ditshupo tse lo di bonang le tse lo di utlwang gompieno. 34 [Nnyaa, Dafide o ne a sa ithee ka bo ene ka mafoko agagwe a ke sa tswang go a umaka gonne ga a ise a ke a tlhatlhogele kwa magodimong.] Mo godimo ga moo, o buile gape a re, ‘Modimo o buile le Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna fano ka tlotlego go bapa le Nna, 35 go fitlhelela ke tlisa baba ba gago” mo boineelong jo bo feletseng.’ 36 Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.” 37 Mme mafoko a a ga Petere a ba ama thata; mme ba mo raya le baaposetoloi ba bangwe ba re, “Bakaulengwe re tshwanetse go dira eng?” 38 Mme Petere a fetola a re, “Sokologang mo dibeng, lo boele mo Modimong, lo bo lo kolobediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona mo leineng la ga Jesu Keresete; mme ke gone le lona lo tlaa amogelang neo e ya Mowa o o Boitshepo. 39 Gonne Keresete o e solofeditse mongwe le mongwe wa lona yo o biditsweng ke Morena Modimo wa rona, le bana ba lona le ba ba kwa mafelong a a kgakala!” 40 Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone. 41 Mme ba ba neng ba dumela thero ya ga Petere ba ne ba kolobediwa, e ne e ka nna batho ba le dikete tse tharo! 42 Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo. 43 Mme poifo e kgolo e ne e le mo go bone botlhe, foo baaposetoloi ba dira dikgakgamatso tse dintsi. 44 Mme badumedi botlhe ba ne ba kopana ka nako tsotlhe ba abalana dilo tsotlhe tse ba nang natso, 45 ba rekisa dithoto tsa bone ba di abela ba ba tlhokang. 46 Ba ne ba obama mmogo ka nako tsotlhe mo Tempeleng, ba kgobokana ka ditlhophanyana mo malwapeng, ba a ja Selalelo sa Morena, gape ba tlhakanela le tsone dijo tsa bone ka boitumelo le ka tebogo e kgolo, 47 ba baka Modimo. Ba be ba ratwa ke batho botlhe ba motse, mme Modimo wa ba okeletsa malatsi otlhe ka ba ba bolokwang.

In Other Versions

Acts 2 in the ANGEFD

Acts 2 in the ANTPNG2D

Acts 2 in the AS21

Acts 2 in the BAGH

Acts 2 in the BBPNG

Acts 2 in the BBT1E

Acts 2 in the BDS

Acts 2 in the BEV

Acts 2 in the BHAD

Acts 2 in the BIB

Acts 2 in the BLPT

Acts 2 in the BNT

Acts 2 in the BNTABOOT

Acts 2 in the BNTLV

Acts 2 in the BOATCB

Acts 2 in the BOATCB2

Acts 2 in the BOBCV

Acts 2 in the BOCNT

Acts 2 in the BOECS

Acts 2 in the BOGWICC

Acts 2 in the BOHCB

Acts 2 in the BOHCV

Acts 2 in the BOHLNT

Acts 2 in the BOHNTLTAL

Acts 2 in the BOICB

Acts 2 in the BOILNTAP

Acts 2 in the BOITCV

Acts 2 in the BOKCV

Acts 2 in the BOKCV2

Acts 2 in the BOKHWOG

Acts 2 in the BOKSSV

Acts 2 in the BOLCB

Acts 2 in the BOLCB2

Acts 2 in the BOMCV

Acts 2 in the BONAV

Acts 2 in the BONCB

Acts 2 in the BONLT

Acts 2 in the BONUT2

Acts 2 in the BOPLNT

Acts 2 in the BOSCB

Acts 2 in the BOSNC

Acts 2 in the BOVCB

Acts 2 in the BOYCB

Acts 2 in the BPBB

Acts 2 in the BPH

Acts 2 in the BSB

Acts 2 in the CCB

Acts 2 in the CUV

Acts 2 in the CUVS

Acts 2 in the DBT

Acts 2 in the DGDNT

Acts 2 in the DHNT

Acts 2 in the DNT

Acts 2 in the ELBE

Acts 2 in the EMTV

Acts 2 in the ESV

Acts 2 in the FBV

Acts 2 in the FEB

Acts 2 in the GGMNT

Acts 2 in the GNT

Acts 2 in the HARY

Acts 2 in the HNT

Acts 2 in the IRVA

Acts 2 in the IRVB

Acts 2 in the IRVG

Acts 2 in the IRVH

Acts 2 in the IRVK

Acts 2 in the IRVM

Acts 2 in the IRVM2

Acts 2 in the IRVO

Acts 2 in the IRVP

Acts 2 in the IRVT

Acts 2 in the IRVT2

Acts 2 in the IRVU

Acts 2 in the ISVN

Acts 2 in the JSNT

Acts 2 in the KAPI

Acts 2 in the KBT1ETNIK

Acts 2 in the KBV

Acts 2 in the KJV

Acts 2 in the KNFD

Acts 2 in the LBA

Acts 2 in the LBLA

Acts 2 in the LNT

Acts 2 in the LSV

Acts 2 in the MAAL

Acts 2 in the MBV

Acts 2 in the MBV2

Acts 2 in the MHNT

Acts 2 in the MKNFD

Acts 2 in the MNG

Acts 2 in the MNT

Acts 2 in the MNT2

Acts 2 in the MRS1T

Acts 2 in the NAA

Acts 2 in the NASB

Acts 2 in the NBLA

Acts 2 in the NBS

Acts 2 in the NBVTP

Acts 2 in the NET2

Acts 2 in the NIV11

Acts 2 in the NNT

Acts 2 in the NNT2

Acts 2 in the NNT3

Acts 2 in the PDDPT

Acts 2 in the PFNT

Acts 2 in the RMNT

Acts 2 in the SBIAS

Acts 2 in the SBIBS

Acts 2 in the SBIBS2

Acts 2 in the SBICS

Acts 2 in the SBIDS

Acts 2 in the SBIGS

Acts 2 in the SBIHS

Acts 2 in the SBIIS

Acts 2 in the SBIIS2

Acts 2 in the SBIIS3

Acts 2 in the SBIKS

Acts 2 in the SBIKS2

Acts 2 in the SBIMS

Acts 2 in the SBIOS

Acts 2 in the SBIPS

Acts 2 in the SBISS

Acts 2 in the SBITS

Acts 2 in the SBITS2

Acts 2 in the SBITS3

Acts 2 in the SBITS4

Acts 2 in the SBIUS

Acts 2 in the SBIVS

Acts 2 in the SBT

Acts 2 in the SBT1E

Acts 2 in the SCHL

Acts 2 in the SNT

Acts 2 in the SUSU

Acts 2 in the SUSU2

Acts 2 in the SYNO

Acts 2 in the TBIAOTANT

Acts 2 in the TBT1E

Acts 2 in the TBT1E2

Acts 2 in the TFTIP

Acts 2 in the TFTU

Acts 2 in the TGNTATF3T

Acts 2 in the THAI

Acts 2 in the TNFD

Acts 2 in the TNT

Acts 2 in the TNTIK

Acts 2 in the TNTIL

Acts 2 in the TNTIN

Acts 2 in the TNTIP

Acts 2 in the TNTIZ

Acts 2 in the TOMA

Acts 2 in the TTENT

Acts 2 in the UBG

Acts 2 in the UGV

Acts 2 in the UGV2

Acts 2 in the UGV3

Acts 2 in the VBL

Acts 2 in the VDCC

Acts 2 in the YALU

Acts 2 in the YAPE

Acts 2 in the YBVTP

Acts 2 in the ZBP