Acts 3 (BOTLNT)

1 Erile maitsiboa mangwe Petere le Johane ba ya kwa Tempeleng go ya go kopanela merapelo e e neng e nna ka nako ya boraro malatsi otlhe. 2 Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa Bontle, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe. 3 Ya re Petere le Johane ba feta gaufi nae a ba kopa madi. 4 Ba mo tlhoma matlho, mme Petere a re, “Leba kwano!” 5 Segole sa ba tlhoma matlho ka tlhoafalo, se solofetse mpho nngwe. 6 Mme Petere a mo raya a re, “Ga re na madi a re ka go a nayang! Mme ke tlaa go naya sengwe! Ke go laola ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha ka re, Ema o tsamaye!” 7 7-8 Petere a tshwara segole ka seatla a se emisa ka dinao. Mme ya re a dira jalo, maoto a monna yoo le magwejana a fodisiwa a bo a nonotshiwa mo e leng gore o ne a ba a kgona go tlolaka, a ema foo lobakanyana mme a simolola go tsamaya! Mme a tsamaya a tlolaka a baka Modimo a tsena le bone mo Tempeleng. 9 Erile fa batho ba ba mo Tempeleng ba mmona a tsamaya ebile ba utlwa a galaletsa Modimo, 10 ebile ba lemoga fa e le mokopi yo ba mmoneng gantsi fa kgorong e e bidiwang Bontle, ba hakgamadiwa ke se se diragetseng. 11 Ya re a ntse a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela kwa loobong lo lo bidiwang lwa ga Solomone ba hakgametse thata. 12 Mme Petere a bona sebaka sa go bua le batho a ba raya a re, “Batho ba Iseraele, ke eng se se hakgamatsang thata kaga se? Ke eng fa lo re lebile thata jaaka o ka re re fodisitse monna yo ka nonofo le ka bo-Modimo jwa rona re dirile gore a tsamaye? 13 Gonne ke Modimo wa ga Aberahame, Isake, Jakobe le Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o o lerileng kgalalelo mo motlhankeng wa one Jesu Keresete ka go dira jalo. Ke raya Jesu yo lo mo itatotseng fa pele ga ga Pilatwe, mo godimo ga maikaelelo a ga Pilatwe a go mo golola. 14 Ga lo aka lwa batla gore moitshepi yo o siameng yo a gololwe. Mo boemong jwa gagwe lwa lopa gore go gololwe mmolai. 15 Mme lwa bolaya Motlhodi wa botshelo; mme Modimo wa mo rudisa mo losong. Mme nna le Johane re basupi ba selo se se diragetseng se, gonne, erile lo sena go mmolaya ra mmona a tshela! 16 Leina la ga Jesu le fodisitse monna yo, mme lo itse gore o ne a le segole jang pele. Go fola mo go itekanetseng mo go dirilwe ke go dumela mo leineng la ga Jesu le tumelo e re e neilweng ke Modimo. 17 “Bakaulengwe ba ba rategang, ke lemoga gore se lo se dirileng mo go Jesu lo se dirile ka go tlhoka kitso; mme le baeteledipele ba lona ba ka bolelwa fela jalo. 18 “Mme Modimo o ne o diragatsa seporofeso sa gore Mesia o tshwanetse go boga dilo tse tsotlhe. 19 Ke gone sokololelang ditlhaloganyo le megopolo ya lona kwa Modimong, lo sokologele kwa go one gore o tlose maleo a lona o bo o lo leretse metlha ya boitumelo jo bo tswang kwa Moreneng, 20 le go re a bo a lo romelele Jesu Mesia wa lona gape. 21 21-22 Gonne o tshwanetse go nna kwa legodimong go fitlhelela nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo. Fela jaaka Moshe a kile a bua bogologolo a re, ‘Morena Modimo o tlaa tsosa Moporofiti mo gare ga lona yo o tlaa tshwanang le nna! Lo mo reetseng ka kelo-tlhoko mo go sengwe le sengwe se o se lo bolelelang. 23 Lefa e le mang yo o se kitlang a mo reetsa o tlaa senyediwa ruri. 24 Samuele le moporofiti mongwe le mongwe ga ba bolo go bolela kaga se se diragalang gompieno.’ 25 “Lo bana ba baporofiti bao; mme lo baletswe mo tsholofetsong ya Modimo e o e diretseng bagologolwane ba lona go segofatsa lotlhe ka Bajuta, eo ke tsholofetso e Modimo o e neileng Aberehame. 26 Mme erile fela fa Modimo o sena go rudisa motlhanka wa one mo baswing, o ne wa mo roma pele kwa go lona batho ba Iseraele, go lo segofatsa ka go lo sokolola mo dibeng tsa lona.”

In Other Versions

Acts 3 in the ANGEFD

Acts 3 in the ANTPNG2D

Acts 3 in the AS21

Acts 3 in the BAGH

Acts 3 in the BBPNG

Acts 3 in the BBT1E

Acts 3 in the BDS

Acts 3 in the BEV

Acts 3 in the BHAD

Acts 3 in the BIB

Acts 3 in the BLPT

Acts 3 in the BNT

Acts 3 in the BNTABOOT

Acts 3 in the BNTLV

Acts 3 in the BOATCB

Acts 3 in the BOATCB2

Acts 3 in the BOBCV

Acts 3 in the BOCNT

Acts 3 in the BOECS

Acts 3 in the BOGWICC

Acts 3 in the BOHCB

Acts 3 in the BOHCV

Acts 3 in the BOHLNT

Acts 3 in the BOHNTLTAL

Acts 3 in the BOICB

Acts 3 in the BOILNTAP

Acts 3 in the BOITCV

Acts 3 in the BOKCV

Acts 3 in the BOKCV2

Acts 3 in the BOKHWOG

Acts 3 in the BOKSSV

Acts 3 in the BOLCB

Acts 3 in the BOLCB2

Acts 3 in the BOMCV

Acts 3 in the BONAV

Acts 3 in the BONCB

Acts 3 in the BONLT

Acts 3 in the BONUT2

Acts 3 in the BOPLNT

Acts 3 in the BOSCB

Acts 3 in the BOSNC

Acts 3 in the BOVCB

Acts 3 in the BOYCB

Acts 3 in the BPBB

Acts 3 in the BPH

Acts 3 in the BSB

Acts 3 in the CCB

Acts 3 in the CUV

Acts 3 in the CUVS

Acts 3 in the DBT

Acts 3 in the DGDNT

Acts 3 in the DHNT

Acts 3 in the DNT

Acts 3 in the ELBE

Acts 3 in the EMTV

Acts 3 in the ESV

Acts 3 in the FBV

Acts 3 in the FEB

Acts 3 in the GGMNT

Acts 3 in the GNT

Acts 3 in the HARY

Acts 3 in the HNT

Acts 3 in the IRVA

Acts 3 in the IRVB

Acts 3 in the IRVG

Acts 3 in the IRVH

Acts 3 in the IRVK

Acts 3 in the IRVM

Acts 3 in the IRVM2

Acts 3 in the IRVO

Acts 3 in the IRVP

Acts 3 in the IRVT

Acts 3 in the IRVT2

Acts 3 in the IRVU

Acts 3 in the ISVN

Acts 3 in the JSNT

Acts 3 in the KAPI

Acts 3 in the KBT1ETNIK

Acts 3 in the KBV

Acts 3 in the KJV

Acts 3 in the KNFD

Acts 3 in the LBA

Acts 3 in the LBLA

Acts 3 in the LNT

Acts 3 in the LSV

Acts 3 in the MAAL

Acts 3 in the MBV

Acts 3 in the MBV2

Acts 3 in the MHNT

Acts 3 in the MKNFD

Acts 3 in the MNG

Acts 3 in the MNT

Acts 3 in the MNT2

Acts 3 in the MRS1T

Acts 3 in the NAA

Acts 3 in the NASB

Acts 3 in the NBLA

Acts 3 in the NBS

Acts 3 in the NBVTP

Acts 3 in the NET2

Acts 3 in the NIV11

Acts 3 in the NNT

Acts 3 in the NNT2

Acts 3 in the NNT3

Acts 3 in the PDDPT

Acts 3 in the PFNT

Acts 3 in the RMNT

Acts 3 in the SBIAS

Acts 3 in the SBIBS

Acts 3 in the SBIBS2

Acts 3 in the SBICS

Acts 3 in the SBIDS

Acts 3 in the SBIGS

Acts 3 in the SBIHS

Acts 3 in the SBIIS

Acts 3 in the SBIIS2

Acts 3 in the SBIIS3

Acts 3 in the SBIKS

Acts 3 in the SBIKS2

Acts 3 in the SBIMS

Acts 3 in the SBIOS

Acts 3 in the SBIPS

Acts 3 in the SBISS

Acts 3 in the SBITS

Acts 3 in the SBITS2

Acts 3 in the SBITS3

Acts 3 in the SBITS4

Acts 3 in the SBIUS

Acts 3 in the SBIVS

Acts 3 in the SBT

Acts 3 in the SBT1E

Acts 3 in the SCHL

Acts 3 in the SNT

Acts 3 in the SUSU

Acts 3 in the SUSU2

Acts 3 in the SYNO

Acts 3 in the TBIAOTANT

Acts 3 in the TBT1E

Acts 3 in the TBT1E2

Acts 3 in the TFTIP

Acts 3 in the TFTU

Acts 3 in the TGNTATF3T

Acts 3 in the THAI

Acts 3 in the TNFD

Acts 3 in the TNT

Acts 3 in the TNTIK

Acts 3 in the TNTIL

Acts 3 in the TNTIN

Acts 3 in the TNTIP

Acts 3 in the TNTIZ

Acts 3 in the TOMA

Acts 3 in the TTENT

Acts 3 in the UBG

Acts 3 in the UGV

Acts 3 in the UGV2

Acts 3 in the UGV3

Acts 3 in the VBL

Acts 3 in the VDCC

Acts 3 in the YALU

Acts 3 in the YAPE

Acts 3 in the YBVTP

Acts 3 in the ZBP