Colossians 1 (BOTLNT)

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le kwa go mokaulengwe Timotheo. 2 Lo ya kwa: Bakaulengweng ba Bakeresete ba ba ikanyegang, batho ba Modimo, mo motseng wa Kolosa. A Modimo Rara wa rona o lo nesetse matlhogonolo o bo o lo tlatse ka kagiso ya One e kgolo. 3 Nako nngwe le nngwe fa re lo rapelela re simolola ka go leboga Modimo Rraa Morena wa rona Jesu Keresete, 4 gonne re utlwile gore lo ikanya Modimo go le kae, le gore lo rata batho ba one go le kae. 5 Ebile lo solofetse go amogela dilo tse di itumedisang tsa legodimo, le gone ga lo bolo go nna lo di solofela go simolola ka nako e Mafoko a a Molemo a neng a simolola go rerwa ka yone mo go lona. 6 One Mafoko a a Molemo a, a a tsileng kwa go lona, a anamela mo lefatsheng lotlhe ebile a fetola matshelo a batho gongwe le gongwe, fela jaaka a fetotse matshelo a lona ka lone letsatsi le lo neng lo a utlwa ka lone lwa ba lwa tlhaloganya ka ga kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo mo baleofing. 7 Epafarase modiri ka rona yo o rategang thata ke ene yo o neng a lo leretse Mafoko a a Molemo a. Ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, go re thusa mo boemong jwa lona. 8 Gape ke ene yo o re boleletseng kaga lorato lo logolo mo go ba bangwe lo Mowa O O Boitshepo o lo lo neileng. 9 Jalo he, e sale e re fela re utlwa kaga lona re bo re tswelela re rapela re kopa Modimo go lo thusa go tlhaloganya se o batlang lo se dira, le go tlhaloganya dilo tsa semowa; 10 le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka. 11 Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe, 12 ebile lo leboga ka metlha yotlhe Rara yo o re nonotshitseng go nna le seabe mo dilong tsotlhe tse dintle tse e leng tse ba ba nnang mo Bogosing jwa Lesedi. 13 Gonne o re falotshitse ka go re ntsha mo lefifing le mo phifalong ya bogosi jwa ga Satane mme wa re tsenya mo bogosing jwa Morwa One yo o rategang, 14 yo o rekileng kgololo ya rona ka madi a gagwe a bo a itshwarela dibe tsa rona tsotlhe. 15 Keresete ke setshwano tota sa Modimo o o sa bonweng ka matlho, O ne a le teng pele ga Modimo o tlhola lobopo lotlhe, mme tota, 16 Keresete ka sebele ke mmopi yo o tlhodileng sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefasheng, dilo tse re ka di bonang le tse re se ka keng ra di bona; lefatshe la semowa ka dikgosi tse lone le mebuso ya lone, babusi ba lone le maotlana a lone; gotlhe go dirilwe ke Keresete go dirisiwa ke ene mo kgalalelong ya gagwe. 17 O ne a le teng pele ga sengwe le sengwe se simologa, mme gape ke nonofo ya gagwe e e tshwaragantseng sengwe le sengwe. 18 Ke ene tlhogo ya mmele o o dirilweng ka batho ba gagwe, ke gore, phuthego ya gagwe e a e simolo-tseng; gape ke Moeteledipele wa botlhe ba ba tsogang mo baswing, gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe; 19 gonne Modimo o ne o batla gore gotlhe mo e leng ga one go nne mo go Morwa One. 20 E ne e le ka ntlha ya se Morwa One a se dirileng, mo Modimo o neng wa betlela sengwe le sengwe tsela ya go tla kwa go one, dilo tsotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, gonne loso lwa ga Keresete mo mokgorong lo diretse botlhe kagiso mo Modimong ka madi a gagwe. 21 Mo go balelwa le lona ba lo kileng lwa ne lo le kgakala thata le Modimo. Lo ne lo le baba ba one, lo o ila ebile lo ne lo kgaogantswe le one ke megopolo ya lona e e bosula le ditiro tsa lona mme le fa go ntse jalo jaanong o lo buseditse mo go one go nna ditsala tsa one. 22 O dirile jaana ka ntlha ya go swa ga mmele wa gagwe wa botho mo mokgorong, mme ka ntlha ya go dira jalo Keresete o lo tlisitse fa pele ga Modimo ka sebele, mme lo eme foo fa pele ga gagwe go se na sepe se se setseng kgatlhanong le lona, go se na sepe se se setseng se a neng a ka se lo omanyetsa; 23 se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe. 24 Mme bontlha bongwe jwa tiro ya me ke go lo bogela; gape ke a itumela, gonne ke thusa go feleletsa masalela a dipogiso tsa mmele wa ga Keresete, ebong phuthego. 25 Modimo o nthomile go thusa phuthego ya one, le go lo bolelela lona Badichaba leano la one le le fitlhegileng. 26 26-27 Ga o bolo go fitlha bosaitsiweng jo mo dingwageng tse di makgolokgolo le mo dikokomaneng tse di fetileng, mme jaanong kwa bofelong go mo itumedisitse go bo bolelela ba ba o ratang ebile ba o tshelela, mme mahumo le kga-lalelo ya maikaelelo a one ke a lona le Badichaba. Mme bosaitsiweng joo ke jo: gore Keresete mo dipelong tsa lona ke ene fela tsholofelo ya lona ya kgalalelo. 28 Jalo gongwe le gongwe kwa re yang teng re bua kaga Keresete mo go botlhe ba ba tlaa ree-tsang, re ba tlhagisa ebile re ba ruta ka fa re itseng ka teng ka ntlha ya se Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa bone. 29 Ke yone tiro ya me e, mme ke ka e dira fela ka ntlha ya gore nonofo e kgolo ya ga Keresete e dira mo go nna.

In Other Versions

Colossians 1 in the ANGEFD

Colossians 1 in the ANTPNG2D

Colossians 1 in the AS21

Colossians 1 in the BAGH

Colossians 1 in the BBPNG

Colossians 1 in the BBT1E

Colossians 1 in the BDS

Colossians 1 in the BEV

Colossians 1 in the BHAD

Colossians 1 in the BIB

Colossians 1 in the BLPT

Colossians 1 in the BNT

Colossians 1 in the BNTABOOT

Colossians 1 in the BNTLV

Colossians 1 in the BOATCB

Colossians 1 in the BOATCB2

Colossians 1 in the BOBCV

Colossians 1 in the BOCNT

Colossians 1 in the BOECS

Colossians 1 in the BOGWICC

Colossians 1 in the BOHCB

Colossians 1 in the BOHCV

Colossians 1 in the BOHLNT

Colossians 1 in the BOHNTLTAL

Colossians 1 in the BOICB

Colossians 1 in the BOILNTAP

Colossians 1 in the BOITCV

Colossians 1 in the BOKCV

Colossians 1 in the BOKCV2

Colossians 1 in the BOKHWOG

Colossians 1 in the BOKSSV

Colossians 1 in the BOLCB

Colossians 1 in the BOLCB2

Colossians 1 in the BOMCV

Colossians 1 in the BONAV

Colossians 1 in the BONCB

Colossians 1 in the BONLT

Colossians 1 in the BONUT2

Colossians 1 in the BOPLNT

Colossians 1 in the BOSCB

Colossians 1 in the BOSNC

Colossians 1 in the BOVCB

Colossians 1 in the BOYCB

Colossians 1 in the BPBB

Colossians 1 in the BPH

Colossians 1 in the BSB

Colossians 1 in the CCB

Colossians 1 in the CUV

Colossians 1 in the CUVS

Colossians 1 in the DBT

Colossians 1 in the DGDNT

Colossians 1 in the DHNT

Colossians 1 in the DNT

Colossians 1 in the ELBE

Colossians 1 in the EMTV

Colossians 1 in the ESV

Colossians 1 in the FBV

Colossians 1 in the FEB

Colossians 1 in the GGMNT

Colossians 1 in the GNT

Colossians 1 in the HARY

Colossians 1 in the HNT

Colossians 1 in the IRVA

Colossians 1 in the IRVB

Colossians 1 in the IRVG

Colossians 1 in the IRVH

Colossians 1 in the IRVK

Colossians 1 in the IRVM

Colossians 1 in the IRVM2

Colossians 1 in the IRVO

Colossians 1 in the IRVP

Colossians 1 in the IRVT

Colossians 1 in the IRVT2

Colossians 1 in the IRVU

Colossians 1 in the ISVN

Colossians 1 in the JSNT

Colossians 1 in the KAPI

Colossians 1 in the KBT1ETNIK

Colossians 1 in the KBV

Colossians 1 in the KJV

Colossians 1 in the KNFD

Colossians 1 in the LBA

Colossians 1 in the LBLA

Colossians 1 in the LNT

Colossians 1 in the LSV

Colossians 1 in the MAAL

Colossians 1 in the MBV

Colossians 1 in the MBV2

Colossians 1 in the MHNT

Colossians 1 in the MKNFD

Colossians 1 in the MNG

Colossians 1 in the MNT

Colossians 1 in the MNT2

Colossians 1 in the MRS1T

Colossians 1 in the NAA

Colossians 1 in the NASB

Colossians 1 in the NBLA

Colossians 1 in the NBS

Colossians 1 in the NBVTP

Colossians 1 in the NET2

Colossians 1 in the NIV11

Colossians 1 in the NNT

Colossians 1 in the NNT2

Colossians 1 in the NNT3

Colossians 1 in the PDDPT

Colossians 1 in the PFNT

Colossians 1 in the RMNT

Colossians 1 in the SBIAS

Colossians 1 in the SBIBS

Colossians 1 in the SBIBS2

Colossians 1 in the SBICS

Colossians 1 in the SBIDS

Colossians 1 in the SBIGS

Colossians 1 in the SBIHS

Colossians 1 in the SBIIS

Colossians 1 in the SBIIS2

Colossians 1 in the SBIIS3

Colossians 1 in the SBIKS

Colossians 1 in the SBIKS2

Colossians 1 in the SBIMS

Colossians 1 in the SBIOS

Colossians 1 in the SBIPS

Colossians 1 in the SBISS

Colossians 1 in the SBITS

Colossians 1 in the SBITS2

Colossians 1 in the SBITS3

Colossians 1 in the SBITS4

Colossians 1 in the SBIUS

Colossians 1 in the SBIVS

Colossians 1 in the SBT

Colossians 1 in the SBT1E

Colossians 1 in the SCHL

Colossians 1 in the SNT

Colossians 1 in the SUSU

Colossians 1 in the SUSU2

Colossians 1 in the SYNO

Colossians 1 in the TBIAOTANT

Colossians 1 in the TBT1E

Colossians 1 in the TBT1E2

Colossians 1 in the TFTIP

Colossians 1 in the TFTU

Colossians 1 in the TGNTATF3T

Colossians 1 in the THAI

Colossians 1 in the TNFD

Colossians 1 in the TNT

Colossians 1 in the TNTIK

Colossians 1 in the TNTIL

Colossians 1 in the TNTIN

Colossians 1 in the TNTIP

Colossians 1 in the TNTIZ

Colossians 1 in the TOMA

Colossians 1 in the TTENT

Colossians 1 in the UBG

Colossians 1 in the UGV

Colossians 1 in the UGV2

Colossians 1 in the UGV3

Colossians 1 in the VBL

Colossians 1 in the VDCC

Colossians 1 in the YALU

Colossians 1 in the YAPE

Colossians 1 in the YBVTP

Colossians 1 in the ZBP