Hebrews 10 (BOTLNT)

1 Tsamaiso e kgologolo ya melao ya Sejuta e ne e supa fela moriti wa dilo tse di molemo tse Keresete a neng a tlaa re di direla. Ka fa tsamaisong e kgologolo ditlhabelo di ne di boelelwa gantsi, ngwaga le ngwaga, mme le fa go ntse jalo di ne tsa seka tsa boloka ba ba neng ba tshela ka fa tlase ga melao ya tsone. 2 Fa e ne e le gore di ne di ka kgona, setlhabelo se le sosi fela se ka bo se ne sa lekana; baobamedi ba ka bo ba ntlafaditswe gangwe fela, le go itlhobaelela ga bone go ka bo go ne ga nyelela. 3 Mme go ne ga diragala ka tsela e sele: ditlhabelo tsele tsa ngwaga le ngwaga di ne tsa gakolola kaga go tlhoka theetso ga bone le molato wa bone mo boemong jwa go lapolosega ga mewa ya bone. 4 Gonne ga go kgonege ruri gore madi a dipoo le dipodi a tlose dibe. 5 Ke gone ka moo Keresete o rileng a tla mo lefatsheng a bua a re, “Modimo, madi a dipoo ga a kake a go itumedisa, jalo o mpaakanyeditse mmele o wame go o baya e le setlhabelo mo sebesong sa gago. 6 Ga o a itumedisiwa ke ditlhabelo tsa diruiwa, tse di neng di bolawa di bo di fisiwa fa pele ga gago e le ditshupelo tsa boleo. 7 Mme ka bua ka re, ‘Bona, ke tletse go dira thato ya gago, go ntsha botshelo jwa me setlhabelo, fela jaaka Dikwalo di boletse gore ke tlaa dira jalo.’ ” 8 Erile Keresete a sena go bua jaana, ka go tlhoka go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di farologanyeng, le ditshupelo tse di batlwang ka fa tsamaisong e kgologolo, 9 a oketsa a bua a re, “Ke fano. Ke tletse go ntsha botshelo jwa me setlhabelo.” O tlosa tsamaiso ya pele ka go rata e e botoka e e itekanetseng. 10 Ka fa leanong le lesha le, re itshwaretswe ra bo ra ntlafadiwa ke Keresete ka go re swela gangwe fela. 11 Ka fa kgolaganong e kgologolo baperesiti ba ne ba ema fa pele ga sebeso malatsi otlhe ba ntsha ditlhabelo tse di neng di ka seka tsa phimola dibe tsa rona. 12 Mme Keresete o ne a ineela Modimo go tswa setlhabelo sa dibe tsa rona e le sone setlhabelo fela sa nako yotlhe, mme erile morago ga moo a nna fa fatshe mo lefelong la tlotlo e kgolo ka fa letsogong la Modimo le legolo, 13 a letile baba ba gagwe go bewa ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. 14 Gonne ka sone setlhabelo seo, o ne a dira botlhe boitekanelo fa pele ga Modimo, botlhe ba o ba itshepisang. 15 Mme Mowa O O Boitshepo o supa gore go ntse fela jalo, gonne o rile, 16 “Se ke kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraela, le fa ba ne ba senya kgolagano ya pele: ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba itse thata ya me ka gale, gape ke tlaa tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone gore ba tle ba rate go e obamela.” 17 Mme morago wa oketsa wa re, “Ga ke kitla ke tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone le ditiro tsa bone tse di maswe.” 18 Jaanong, fa dibe di itshwaretswe ruri ebile di lebetswe, ga go tlhokege go ntsha ditlhabelo tse dingwe go di phimola. 19 Jalo ba gaetsho ba ba rategang, jaanong re ka tsena mo teng ga Boitshepo jwa Maitshepo kwa Modimo o leng teng, ka ntlha ya madi a ga Jesu. 20 Se ke tsela e e itekanetseng, e ncha, ya go fa botshelo, e Keresete a e re buletseng ka go gagola sesiro, ebong mmele wa gagwe wa setho, go re letla go tsena fa pele mo kgalalelong ya Modimo. 21 Mme ka Moperesiti yo mogolo yo wa rona a laola tsa ntlo ya Modimo, 22 a re tseneng mo teng, kwa Modimong tota ka dipelo tse di boammaaruri di mo ikanya gotlhelele go re amogela, ka ntlha ya gore re kgatshitswe ka madi a ga Jesu go re ntlafatsa, le ka ntlha ya gore mebele ya rona e tlhatswitswe ka metsi a a phepa. 23 Mme re ka solofela poloko e Modimo o e re solofeditseng. Ga go tlhole go na le sebaka sa pelaelo, ebile re ka bolelela ba bangwe gore poloko ke ya rona, gonne ga gona pelaelo gore o tlaa dira se o se buang. 24 Mme mo go dumalaneng le tsotlhe tse a re di diretseng, a re tlhotlheletsanyeng mo go thusanyeng le mo go nneng bopelonomi yo mongwe mo go yo mongwe le mo go direng bomolemo. 25 A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela. 26 Fa mongwe a leofa ka bomo ka go gana Mmoloki a sena go itse boammaaruri jwa boitshwarelo, sebe se ga se tlosiwe ke loso lwa ga Keresete; ga go na tsela e se ka tlosiwang ka yone. 27 Ga go na sepe se se ka solofelwang morago ga go dira jalo fa e se katlholo e e setlhogo ya bogale jo bo tshosang jwa Modimo jo bo tlaa nyeletsang baba botlhe ba One. 28 Motho yo o neng a gana go obamela melao e e neng e ntshiwa ke Moshe o ne a bolawa kwa ntle ga kutlwelo botlhoko fa go ne go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba supa molato wa gagwe. 29 A o ko o akanye gore kotlhao e e setlhogo e tlaa wela go le kae ba ba gatakileng Morwa Modimo ka dinao, ba bo ba kaya madi a gagwe a a ntlafatsang jaaka ekete ke selonyana fela a bile a se boitshepo, ba bo ba tlhapatsa ba gakatsa Mowa O O Boitshepo o o lereng kutlwelo botlhoko ya Modimo kwa bathong ba One. 30 Gonne re a mo itse yo o rileng, “Pusoloso ke ya me; ke tlaa ba duela;” yo gape o rileng, “Morena ka sebele o tlaa atlhola batho ba gagwe”. 31 Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang. 32 Lo seka lwa ba lwa lebala malatsi ale a a molemo a lo neng lwa simolola go ithuta kaga Keresete mo go one. Gakologelwang ka fa lo neng lwa itshegeletsa ka teng mo Moreneng le fa go ne go raya pogiso e e boitshegang. 33 Ka dinako tse dingwe lo ne lo tshegwa lo bo lo itewe, mme ka dinako tse dingwe lo ne lo tle lo lebelele lo bo lo utlwele ba bangwe botlhoko ba boga jaaka lona. 34 Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri. 35 Se letleng gore go ikanya Morena ka boitumelo mo, go swe, ga go re sepe gore go diragalang. Gakologelwang tuelo ya lona! 36 Lo tlhoka go tswelela ka bopelotelele lo dira go rata ga Modimo fa e le gore lo batla gore o lo direle tsotlhe tse o di lo solofeditseng. 37 Go tla ga gagwe ga go kitla go diega. 38 Mme ba tumelo ya bone e ba siamisitseng mo ponong ya Modimo ba tshwanetse go tshela ka tumelo, ba o ikanya mo dilong tsotlhe. E seng jalo, fa ba gonyela, Modimo ga o kitla o ba itumelela. 39 Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona.

In Other Versions

Hebrews 10 in the ANGEFD

Hebrews 10 in the ANTPNG2D

Hebrews 10 in the AS21

Hebrews 10 in the BAGH

Hebrews 10 in the BBPNG

Hebrews 10 in the BBT1E

Hebrews 10 in the BDS

Hebrews 10 in the BEV

Hebrews 10 in the BHAD

Hebrews 10 in the BIB

Hebrews 10 in the BLPT

Hebrews 10 in the BNT

Hebrews 10 in the BNTABOOT

Hebrews 10 in the BNTLV

Hebrews 10 in the BOATCB

Hebrews 10 in the BOATCB2

Hebrews 10 in the BOBCV

Hebrews 10 in the BOCNT

Hebrews 10 in the BOECS

Hebrews 10 in the BOGWICC

Hebrews 10 in the BOHCB

Hebrews 10 in the BOHCV

Hebrews 10 in the BOHLNT

Hebrews 10 in the BOHNTLTAL

Hebrews 10 in the BOICB

Hebrews 10 in the BOILNTAP

Hebrews 10 in the BOITCV

Hebrews 10 in the BOKCV

Hebrews 10 in the BOKCV2

Hebrews 10 in the BOKHWOG

Hebrews 10 in the BOKSSV

Hebrews 10 in the BOLCB

Hebrews 10 in the BOLCB2

Hebrews 10 in the BOMCV

Hebrews 10 in the BONAV

Hebrews 10 in the BONCB

Hebrews 10 in the BONLT

Hebrews 10 in the BONUT2

Hebrews 10 in the BOPLNT

Hebrews 10 in the BOSCB

Hebrews 10 in the BOSNC

Hebrews 10 in the BOVCB

Hebrews 10 in the BOYCB

Hebrews 10 in the BPBB

Hebrews 10 in the BPH

Hebrews 10 in the BSB

Hebrews 10 in the CCB

Hebrews 10 in the CUV

Hebrews 10 in the CUVS

Hebrews 10 in the DBT

Hebrews 10 in the DGDNT

Hebrews 10 in the DHNT

Hebrews 10 in the DNT

Hebrews 10 in the ELBE

Hebrews 10 in the EMTV

Hebrews 10 in the ESV

Hebrews 10 in the FBV

Hebrews 10 in the FEB

Hebrews 10 in the GGMNT

Hebrews 10 in the GNT

Hebrews 10 in the HARY

Hebrews 10 in the HNT

Hebrews 10 in the IRVA

Hebrews 10 in the IRVB

Hebrews 10 in the IRVG

Hebrews 10 in the IRVH

Hebrews 10 in the IRVK

Hebrews 10 in the IRVM

Hebrews 10 in the IRVM2

Hebrews 10 in the IRVO

Hebrews 10 in the IRVP

Hebrews 10 in the IRVT

Hebrews 10 in the IRVT2

Hebrews 10 in the IRVU

Hebrews 10 in the ISVN

Hebrews 10 in the JSNT

Hebrews 10 in the KAPI

Hebrews 10 in the KBT1ETNIK

Hebrews 10 in the KBV

Hebrews 10 in the KJV

Hebrews 10 in the KNFD

Hebrews 10 in the LBA

Hebrews 10 in the LBLA

Hebrews 10 in the LNT

Hebrews 10 in the LSV

Hebrews 10 in the MAAL

Hebrews 10 in the MBV

Hebrews 10 in the MBV2

Hebrews 10 in the MHNT

Hebrews 10 in the MKNFD

Hebrews 10 in the MNG

Hebrews 10 in the MNT

Hebrews 10 in the MNT2

Hebrews 10 in the MRS1T

Hebrews 10 in the NAA

Hebrews 10 in the NASB

Hebrews 10 in the NBLA

Hebrews 10 in the NBS

Hebrews 10 in the NBVTP

Hebrews 10 in the NET2

Hebrews 10 in the NIV11

Hebrews 10 in the NNT

Hebrews 10 in the NNT2

Hebrews 10 in the NNT3

Hebrews 10 in the PDDPT

Hebrews 10 in the PFNT

Hebrews 10 in the RMNT

Hebrews 10 in the SBIAS

Hebrews 10 in the SBIBS

Hebrews 10 in the SBIBS2

Hebrews 10 in the SBICS

Hebrews 10 in the SBIDS

Hebrews 10 in the SBIGS

Hebrews 10 in the SBIHS

Hebrews 10 in the SBIIS

Hebrews 10 in the SBIIS2

Hebrews 10 in the SBIIS3

Hebrews 10 in the SBIKS

Hebrews 10 in the SBIKS2

Hebrews 10 in the SBIMS

Hebrews 10 in the SBIOS

Hebrews 10 in the SBIPS

Hebrews 10 in the SBISS

Hebrews 10 in the SBITS

Hebrews 10 in the SBITS2

Hebrews 10 in the SBITS3

Hebrews 10 in the SBITS4

Hebrews 10 in the SBIUS

Hebrews 10 in the SBIVS

Hebrews 10 in the SBT

Hebrews 10 in the SBT1E

Hebrews 10 in the SCHL

Hebrews 10 in the SNT

Hebrews 10 in the SUSU

Hebrews 10 in the SUSU2

Hebrews 10 in the SYNO

Hebrews 10 in the TBIAOTANT

Hebrews 10 in the TBT1E

Hebrews 10 in the TBT1E2

Hebrews 10 in the TFTIP

Hebrews 10 in the TFTU

Hebrews 10 in the TGNTATF3T

Hebrews 10 in the THAI

Hebrews 10 in the TNFD

Hebrews 10 in the TNT

Hebrews 10 in the TNTIK

Hebrews 10 in the TNTIL

Hebrews 10 in the TNTIN

Hebrews 10 in the TNTIP

Hebrews 10 in the TNTIZ

Hebrews 10 in the TOMA

Hebrews 10 in the TTENT

Hebrews 10 in the UBG

Hebrews 10 in the UGV

Hebrews 10 in the UGV2

Hebrews 10 in the UGV3

Hebrews 10 in the VBL

Hebrews 10 in the VDCC

Hebrews 10 in the YALU

Hebrews 10 in the YAPE

Hebrews 10 in the YBVTP

Hebrews 10 in the ZBP