Hebrews 13 (BOTLNT)

1 Tswelelang ka go ratana ka lorato lwa boammaaruri lwa sekaulengwe. 2 Lo seka lwa lebala go nna pelonomi mo go ba eleng baeng, gonne bangwe ba ba kileng ba dira jaana ba ne ba tshogana ka ba tshotse baengele ba sa itse gore a ke bone. 3 Lo seka lwa lebala ba ba mo kgolegelong. Bogang le bone jaaka o ka re le lona lo mo kgolegelong nabo. Tlhakanelang kutlobotlhoko le ba ba sotlwang, gonne lo itse gore tshotlego e utlwala jang. 4 Tlotlang lenyalo la lona le maikano a lone, lo bo lo nne phepa; gonne ruri Modimo o tlaa otlhaya botlhe ba ba bosula kgotsa ba ba dirang boaka. 5 Ikgogeng mo go rateng madi; itumeleleng se lo nang naso. Gonne Modimo o rile, “Ga ke kitla, ke go tlogela le fa e le go go latlha.” 6 Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, “Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang.” 7 Gakologelwang baeteledipele ba lona ba ba lo rutileng Lefoko la Modimo. Akanyang kaga bomolemo jotlhe jo bo duleng mo matshelong a bone, lo bo lo leke go ikanya Morena fela jaaka ba mo ikanya. 8 Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane, wa gompieno, le wa bosakhutleng. 9 Ke gone lo se ka lwa gapiwa mewa ke dithuto tse dintsha tsa seeng. Nonofo ya lona ya semowa e tla e le neo e e tswang kwa Modimong, ga e tswe mo melaong e e itiretsweng ya go ja dijo dingwe, tsamaiso e e sa thusang ka sepe ba ba neng ba e dirisa. 10 Re na le sebeso, mokgoro o Keresete o neng a ntshiwa setlhabelo mo go one, kwa ba ba tswelelang ka go batla poloko ka go obamela melao ya Sejuta ba ka sekeng ba thusiwa teng. 11 Ka fa tsamaisong ya melao ya Sejuta moperesiti yo mogolo o ne a lere madi a diruiwa tse di bolailweng mo felong ga boitshepo e le setlhabelo sa sebe, mme morago ga moo ditoto tsa diruiwa tseo di ne di fisediwa ka molelo ka kwa ntle ga metse. 12 Ke gone ka moo a neng a boga a ba a swela ka kwa ntle ga motse kwa madi a gagwe a neng a tlhatswa dibe tsa rona teng. 13 Ke gone a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse (ke gore, kwa ntle ga dikgatlhego tsa lefatshe leno, re ineele go nyadiwa) go boga nae teng koo, re rwele kgobo nae. 14 Gonne lefatshe leno ga se legae la rona; re lebeletse legae la rona la bosena-bokhutlo kwa legodimong. 15 Ka thuso ya ga Keresete re tlaa tswelela re ntshetsa Modimo setlhabelo sa rona sa kgalaletso ka go bolelela ba bangwe kaga kgalalelo ya leina la gagwe. 16 Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata. 17 Ikobeleng baeteledipele ba lona ba semowa lo bo lo ineele go dira se ba se buang. Gonne tiro ya bone ke go tlhokomela mewa ya lona, mme Modimo o tlaa ba atlhola ka fa ba dirang tiro e ka teng. Dirang gore ba bolelele Morena ka lona ba itumetse mme e seng ka bohutsana, gonne le lona lo tlaa boga kaga dilo tseo. 18 Re rapeleleng, gonne segakolodi sa rona se siame mme re batla go tswelela fela jalo. 19 Nna tota ke tlhoka dithapelo tsa lona thata gone jaanong gore ke tle ke tle kwa go lona ka bofefo. 20 20-21 A jaanong Modimo wa kagiso, o o tsositseng Morena wa rona Jesu mo losong, o lo neye tsotlhe tse lo di tlhokang go dira go rata ga One. A ene yo o Modisa yo mogolo wa dinku ka kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le lona, yo o kanetseng ka madi a gagwe, a ntshe mo go lona ka nonofo ya ga Keresete tsotlhe tse di mo itumedisang. A Kgalalelo e nne kwa go ene ka metlha le metlha Amen. 22 Bakaulengwe, tswee-tswee reetsang ka bopelotelele se ke se buileng mo lokwalong lo, gonne ke lokwalo lo lo khutshwane. 23 Ke batla gore lo itse gore Mokaulengwe Timotheo o dule mo kgolegelong; fa a tla kwano ka bofefo, ke tlaa tla le ene go lo bona. 24 24-25 Ntumedisetsang baeteledipele ba lona botlhe le badumedi ba bangwe koo. Bakeresete ba ba kwano ba ba tswang kwa Itale ba a lo dumedisa. A tshegofatso ya Modimo e nne le lona lotlhe. Salang sentle.

In Other Versions

Hebrews 13 in the ANGEFD

Hebrews 13 in the ANTPNG2D

Hebrews 13 in the AS21

Hebrews 13 in the BAGH

Hebrews 13 in the BBPNG

Hebrews 13 in the BBT1E

Hebrews 13 in the BDS

Hebrews 13 in the BEV

Hebrews 13 in the BHAD

Hebrews 13 in the BIB

Hebrews 13 in the BLPT

Hebrews 13 in the BNT

Hebrews 13 in the BNTABOOT

Hebrews 13 in the BNTLV

Hebrews 13 in the BOATCB

Hebrews 13 in the BOATCB2

Hebrews 13 in the BOBCV

Hebrews 13 in the BOCNT

Hebrews 13 in the BOECS

Hebrews 13 in the BOGWICC

Hebrews 13 in the BOHCB

Hebrews 13 in the BOHCV

Hebrews 13 in the BOHLNT

Hebrews 13 in the BOHNTLTAL

Hebrews 13 in the BOICB

Hebrews 13 in the BOILNTAP

Hebrews 13 in the BOITCV

Hebrews 13 in the BOKCV

Hebrews 13 in the BOKCV2

Hebrews 13 in the BOKHWOG

Hebrews 13 in the BOKSSV

Hebrews 13 in the BOLCB

Hebrews 13 in the BOLCB2

Hebrews 13 in the BOMCV

Hebrews 13 in the BONAV

Hebrews 13 in the BONCB

Hebrews 13 in the BONLT

Hebrews 13 in the BONUT2

Hebrews 13 in the BOPLNT

Hebrews 13 in the BOSCB

Hebrews 13 in the BOSNC

Hebrews 13 in the BOVCB

Hebrews 13 in the BOYCB

Hebrews 13 in the BPBB

Hebrews 13 in the BPH

Hebrews 13 in the BSB

Hebrews 13 in the CCB

Hebrews 13 in the CUV

Hebrews 13 in the CUVS

Hebrews 13 in the DBT

Hebrews 13 in the DGDNT

Hebrews 13 in the DHNT

Hebrews 13 in the DNT

Hebrews 13 in the ELBE

Hebrews 13 in the EMTV

Hebrews 13 in the ESV

Hebrews 13 in the FBV

Hebrews 13 in the FEB

Hebrews 13 in the GGMNT

Hebrews 13 in the GNT

Hebrews 13 in the HARY

Hebrews 13 in the HNT

Hebrews 13 in the IRVA

Hebrews 13 in the IRVB

Hebrews 13 in the IRVG

Hebrews 13 in the IRVH

Hebrews 13 in the IRVK

Hebrews 13 in the IRVM

Hebrews 13 in the IRVM2

Hebrews 13 in the IRVO

Hebrews 13 in the IRVP

Hebrews 13 in the IRVT

Hebrews 13 in the IRVT2

Hebrews 13 in the IRVU

Hebrews 13 in the ISVN

Hebrews 13 in the JSNT

Hebrews 13 in the KAPI

Hebrews 13 in the KBT1ETNIK

Hebrews 13 in the KBV

Hebrews 13 in the KJV

Hebrews 13 in the KNFD

Hebrews 13 in the LBA

Hebrews 13 in the LBLA

Hebrews 13 in the LNT

Hebrews 13 in the LSV

Hebrews 13 in the MAAL

Hebrews 13 in the MBV

Hebrews 13 in the MBV2

Hebrews 13 in the MHNT

Hebrews 13 in the MKNFD

Hebrews 13 in the MNG

Hebrews 13 in the MNT

Hebrews 13 in the MNT2

Hebrews 13 in the MRS1T

Hebrews 13 in the NAA

Hebrews 13 in the NASB

Hebrews 13 in the NBLA

Hebrews 13 in the NBS

Hebrews 13 in the NBVTP

Hebrews 13 in the NET2

Hebrews 13 in the NIV11

Hebrews 13 in the NNT

Hebrews 13 in the NNT2

Hebrews 13 in the NNT3

Hebrews 13 in the PDDPT

Hebrews 13 in the PFNT

Hebrews 13 in the RMNT

Hebrews 13 in the SBIAS

Hebrews 13 in the SBIBS

Hebrews 13 in the SBIBS2

Hebrews 13 in the SBICS

Hebrews 13 in the SBIDS

Hebrews 13 in the SBIGS

Hebrews 13 in the SBIHS

Hebrews 13 in the SBIIS

Hebrews 13 in the SBIIS2

Hebrews 13 in the SBIIS3

Hebrews 13 in the SBIKS

Hebrews 13 in the SBIKS2

Hebrews 13 in the SBIMS

Hebrews 13 in the SBIOS

Hebrews 13 in the SBIPS

Hebrews 13 in the SBISS

Hebrews 13 in the SBITS

Hebrews 13 in the SBITS2

Hebrews 13 in the SBITS3

Hebrews 13 in the SBITS4

Hebrews 13 in the SBIUS

Hebrews 13 in the SBIVS

Hebrews 13 in the SBT

Hebrews 13 in the SBT1E

Hebrews 13 in the SCHL

Hebrews 13 in the SNT

Hebrews 13 in the SUSU

Hebrews 13 in the SUSU2

Hebrews 13 in the SYNO

Hebrews 13 in the TBIAOTANT

Hebrews 13 in the TBT1E

Hebrews 13 in the TBT1E2

Hebrews 13 in the TFTIP

Hebrews 13 in the TFTU

Hebrews 13 in the TGNTATF3T

Hebrews 13 in the THAI

Hebrews 13 in the TNFD

Hebrews 13 in the TNT

Hebrews 13 in the TNTIK

Hebrews 13 in the TNTIL

Hebrews 13 in the TNTIN

Hebrews 13 in the TNTIP

Hebrews 13 in the TNTIZ

Hebrews 13 in the TOMA

Hebrews 13 in the TTENT

Hebrews 13 in the UBG

Hebrews 13 in the UGV

Hebrews 13 in the UGV2

Hebrews 13 in the UGV3

Hebrews 13 in the VBL

Hebrews 13 in the VDCC

Hebrews 13 in the YALU

Hebrews 13 in the YAPE

Hebrews 13 in the YBVTP

Hebrews 13 in the ZBP