Jude 1 (BOTLNT)

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Juda motlhanka wa ga Jesu Keresete mogoloa Jakobe. Go: Bakeresete gongwe le gongwe, barategi ba ba tlhophilweng ke One. 2 A kutlwelo botlhoko ya Modimo, lorato le kagiso di lo oketsegele. 3 Ditsala tse di rategang, ke ne ke ikaeletse go lo kwalela ka megopolo mengwe mabapi le poloko e Modimo o e re neileng, mme jaanong ke bona gore mo boemong jwa moo ke tshwanetse go lo kwalela ka sengwe se sele, ke lopa gore lo femele ka tlhoafalo boammaaruri jo Modimo o bo neileng batho ba One gangwe fela mo dingwageng tsotlhe ba sa fetoge. 4 Mme ke bua ka ntlha ya gore Baruti bangwe ba ba senang bo-Modimo ba setse ba itshukunyeditse mo gare ga lona, ba re, fa re sena go nna Bakeresete re ka itirela go rata re sa boife kwatlhao ya Modimo. Tshenyego ya batho ba ba ntseng jalo e kwadilwe bogologolo gonne ba furaletse Mmusi yo e leng ene fela ka nosi Morena wa rona Jesu Keresete. 5 Mme karabo ya me mo go bone ke e: gakologelwang boammaaruri jo, jo lo setseng lo bo itse, gore Jehofa o bolokile chaba yotlhe go tswa mo lefatsheng la Egepeto, mme a nyeletsa botlhe ba ba neng ba sa mo ikanye le go mo reetsa. 6 Mme ke lo gakolola ka Baengele ba ba kileng ba bo ba le boitshepo, mme ba boela mo sebeng. Jaanong Modimo o ba golegetse mo kgolegelong ya lefifi ba letetse letsatsi la katlholo. 7 Gakologelwang ka metse ya Sodoma le Gomora le metse e e neng e bapile nayo, yotlhe e ne e tletse mefutafuta ya dibe, le banna ba ba leswe ba ba eletsang banna ba bangwe. Metse eo e ne ya nyelediwa ka molelo go nna tlhagiso mo go rona gore re itse gore go na le dihele kwa baleofi ba yang go otlhaiwang teng. 8 Mme le fa go ntse jalo, baruti ba, ba tsietso, ba ntse ba tsweletse go tshela botshelo jwa bone jo bo leswe jwa boleo, ba tlontlolola mebele ya bone ebile ba nyatsa le e leng bone babusi ba bone, gape ba kgala le bagalaledi. 9 Le ene Mikaele, mongwe wa Baengele ba bagolo thata ka nako ya fa ba tatalalana le Satane ka setopo sa ga Moshe, gaa a ka a leka go pega Satane molato; le fa e le go mo gobolola, fela a mo raya a re, “A Morena a go kgalemele.” 10 Mme batho ba, ba kgala ba bile ba sotla sengwe le sengwe se ba sa se tlhaloganyeng, ba tshwana le diphologolo, ba dira sengwe le sengwe se ba se ratang, jalo he, ba senye mewa ya bone. 11 A bo go latlhega bone, gonne ba latela sekao sa ga Kaene yo o neng a bolaya monnawe, fela jaaka Balaame, ba tlaa dira le fa e le eng ka ntlha ya go rata madi, le jaaka Kora, ga ba a ka ba reetsa Modimo, mme ba tlaa swela mo phutsong ya One. 12 Mme fa banna ba ba ikopanya le lona mo meketeng ya lorato ya phuthego ke dilabe tse di maswe mo gare ga lona, ba a tshega ba tsweletse pele, ba bohula ba ikatela dijo ba sa akanyetse ba bangwe ba tshwana le maru a a kgokgoediwang ke phefo mo lefatsheng je le omeletseng a sena pula, ba solofetsa go le gontsi mme go se na sepe. Ba tshwana le ditlhare tsa maungo tse di senang sepe ka nako ya thobo, ga ba a swa fela, ba sule mo go menaganyeng, gonne ba epolotswe gotlhe ka medi go fisiwa. 13 Mo go salang sefularong sa bone ke matlhabisa ditlhong le maswabi jaaka mahulo a a leswe a a tlogetsweng ke diphefo tsa makhubu a metsi a molapo mo lotshitshing, ba kaila gongwe le gongwe ba lebega ba phatsima jaaka dinaledi. Mme kwa pele ga bonwa go na le lefifi le le ntsho la bosakhutleng le ba le baakanyeditsweng ke Modimo. 14 Enoke wa bogologolo yo o neng a tshela morago ga ga Adamo, o ne a itse kaga batho ba, a bo a bua ka bone a re: “Bonang, Morena o e tla le didikadike tsa baitshepi ba gagwe. 15 O tlaa lere batho botlhe ba lefatshe fa pele ga gagwe mo katlholong, go amogela kwatlhao e e ba tshwanetseng, gore e nne bosupi jwa ditiro tse di boitshegang tse ba di dirileng ka go tsuolola Modimo, o tlaa senola gotlhe mo ba go buileng kaga gagwe.” 16 Batho ba ke bangongoregi ba metlha yotlhe, ga ba ke ba thethebala dipelo, ba dira bosula bongwe le bongwe jo ba bo eletsang, ba boikgantsho ba goletse ganong ke “baipegi” ba rata go itshupa. Mme fa ba tlotla ba bangwe, ba direla fela gore le bone ba tle ba ba thuse. 17 Ditsala tse di rategang, gakologelwang se baaposetoloi ba Morena wa rona Jesu Keresete ba se lo boleletseng, 18 gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla basotli ba, ba maikaelelo a bone a botshelo e leng go itumela ka bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang. 19 Mme ba tsosa dikganetsanyo; ba rata dilo tse di bosula tsa lefatshe, ga ba na Mowa O O Boitshepo mo go bone. 20 Mme lona, ditsala tse di rategang, lo tshwanetse go aga matshelo a lona ka tlhomamo gape a nitame mo mothaong wa tumelo ya rona e e boitshepo, lo ithuta go rapela ka nonofo le ka tlhotlheletso ya Mowa O O Boitshepo. 21 Lo nne mo kagelelong ya lorato lwa Modimo gore o kgone go lo segofatsa. Lo letele ka pelotelele botshelo jo bosakhutleng jo Morena wa rona Jesu Keresete o tlaa lo bo nayang ka kutlwelo botlhoko ya gagwe. 22 Mme lekang go thusa ba ba ganetsanyang le lona. Lo nne kutlwelo botlhoko mo go ba ba belaelang. 23 Bolokang bangwe jaaka ekete lo ba swatola mo molelong wa dihele. Mme ba bangwe bone, ba thuseng gore ba itse Morena mme lo ntse lo itlhokometse e se re kgotsa ba lo gogela mo dibeng tsa bone. Lo ile makgapha otlhe a maikepo a bone lo ntse lo le kutlwelo botlhoko nabo jaaka baleofi. 24 24-25 Mme jaanong, a kgalalelo yotlhe e nne go One Modimo o o nosi, o o re bolokang ka Jesu Keresete Morena wa rona; Ee, borena le puso, le thata yotlhe le taolo ke tsa gagwe go tswa tshimologong: Gotlhe ke ga gagwe, gape e tlaa nna ga gagwe ka metlha le ka metlha. Mme gape o nonofile go lo tshegetsa gore lo se ka lwa relela lwa wa, le go lo tlisa lo sena selabe sa boleo, lo itekanetse mo kgalalelong ya gagwe, ka meduduetso e megolo ya boitumelo jo bo sa feleng.Ke nna,Juda.

In Other Versions

Jude 1 in the ANGEFD

Jude 1 in the ANTPNG2D

Jude 1 in the AS21

Jude 1 in the BAGH

Jude 1 in the BBPNG

Jude 1 in the BBT1E

Jude 1 in the BDS

Jude 1 in the BEV

Jude 1 in the BHAD

Jude 1 in the BIB

Jude 1 in the BLPT

Jude 1 in the BNT

Jude 1 in the BNTABOOT

Jude 1 in the BNTLV

Jude 1 in the BOATCB

Jude 1 in the BOATCB2

Jude 1 in the BOBCV

Jude 1 in the BOCNT

Jude 1 in the BOECS

Jude 1 in the BOGWICC

Jude 1 in the BOHCB

Jude 1 in the BOHCV

Jude 1 in the BOHLNT

Jude 1 in the BOHNTLTAL

Jude 1 in the BOICB

Jude 1 in the BOILNTAP

Jude 1 in the BOITCV

Jude 1 in the BOKCV

Jude 1 in the BOKCV2

Jude 1 in the BOKHWOG

Jude 1 in the BOKSSV

Jude 1 in the BOLCB

Jude 1 in the BOLCB2

Jude 1 in the BOMCV

Jude 1 in the BONAV

Jude 1 in the BONCB

Jude 1 in the BONLT

Jude 1 in the BONUT2

Jude 1 in the BOPLNT

Jude 1 in the BOSCB

Jude 1 in the BOSNC

Jude 1 in the BOVCB

Jude 1 in the BOYCB

Jude 1 in the BPBB

Jude 1 in the BPH

Jude 1 in the BSB

Jude 1 in the CCB

Jude 1 in the CUV

Jude 1 in the CUVS

Jude 1 in the DBT

Jude 1 in the DGDNT

Jude 1 in the DHNT

Jude 1 in the DNT

Jude 1 in the ELBE

Jude 1 in the EMTV

Jude 1 in the ESV

Jude 1 in the FBV

Jude 1 in the FEB

Jude 1 in the GGMNT

Jude 1 in the GNT

Jude 1 in the HARY

Jude 1 in the HNT

Jude 1 in the IRVA

Jude 1 in the IRVB

Jude 1 in the IRVG

Jude 1 in the IRVH

Jude 1 in the IRVK

Jude 1 in the IRVM

Jude 1 in the IRVM2

Jude 1 in the IRVO

Jude 1 in the IRVP

Jude 1 in the IRVT

Jude 1 in the IRVT2

Jude 1 in the IRVU

Jude 1 in the ISVN

Jude 1 in the JSNT

Jude 1 in the KAPI

Jude 1 in the KBT1ETNIK

Jude 1 in the KBV

Jude 1 in the KJV

Jude 1 in the KNFD

Jude 1 in the LBA

Jude 1 in the LBLA

Jude 1 in the LNT

Jude 1 in the LSV

Jude 1 in the MAAL

Jude 1 in the MBV

Jude 1 in the MBV2

Jude 1 in the MHNT

Jude 1 in the MKNFD

Jude 1 in the MNG

Jude 1 in the MNT

Jude 1 in the MNT2

Jude 1 in the MRS1T

Jude 1 in the NAA

Jude 1 in the NASB

Jude 1 in the NBLA

Jude 1 in the NBS

Jude 1 in the NBVTP

Jude 1 in the NET2

Jude 1 in the NIV11

Jude 1 in the NNT

Jude 1 in the NNT2

Jude 1 in the NNT3

Jude 1 in the PDDPT

Jude 1 in the PFNT

Jude 1 in the RMNT

Jude 1 in the SBIAS

Jude 1 in the SBIBS

Jude 1 in the SBIBS2

Jude 1 in the SBICS

Jude 1 in the SBIDS

Jude 1 in the SBIGS

Jude 1 in the SBIHS

Jude 1 in the SBIIS

Jude 1 in the SBIIS2

Jude 1 in the SBIIS3

Jude 1 in the SBIKS

Jude 1 in the SBIKS2

Jude 1 in the SBIMS

Jude 1 in the SBIOS

Jude 1 in the SBIPS

Jude 1 in the SBISS

Jude 1 in the SBITS

Jude 1 in the SBITS2

Jude 1 in the SBITS3

Jude 1 in the SBITS4

Jude 1 in the SBIUS

Jude 1 in the SBIVS

Jude 1 in the SBT

Jude 1 in the SBT1E

Jude 1 in the SCHL

Jude 1 in the SNT

Jude 1 in the SUSU

Jude 1 in the SUSU2

Jude 1 in the SYNO

Jude 1 in the TBIAOTANT

Jude 1 in the TBT1E

Jude 1 in the TBT1E2

Jude 1 in the TFTIP

Jude 1 in the TFTU

Jude 1 in the TGNTATF3T

Jude 1 in the THAI

Jude 1 in the TNFD

Jude 1 in the TNT

Jude 1 in the TNTIK

Jude 1 in the TNTIL

Jude 1 in the TNTIN

Jude 1 in the TNTIP

Jude 1 in the TNTIZ

Jude 1 in the TOMA

Jude 1 in the TTENT

Jude 1 in the UBG

Jude 1 in the UGV

Jude 1 in the UGV2

Jude 1 in the UGV3

Jude 1 in the VBL

Jude 1 in the VDCC

Jude 1 in the YALU

Jude 1 in the YAPE

Jude 1 in the YBVTP

Jude 1 in the ZBP