Matthew 12 (BOTLNT)

1 Mme erile ka lobaka loo, ka letsatsi le-ngwe Jesu a tsamaya a raletse masimo a mabele le barutwa ba gagwe. Go ne go le letsatsi la Sabata, letsatsi la Sejuta la kobamelo-Modimo, barutwa ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala, jalo ba simolola go roba diako tsa mabele ba a ja. 2 Mme Bafarasai bangwe ba ba bona ba dira jalo mme ba go tlhabantsha ba re, “Barutwa ba gago ba tlola molao. Ba roba go le Sabata.” 3 Mme Jesu a ba raya a re, “A ga lo ise nke lo bo lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa a bolailwe ke tlala le ditsala tsa gagwe? 4 O na a tsena mo Tempeleng mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se letleletsweng baperesiti fela. Moo le gone e ne e le go tlola molao! 5 Gape a ga lo ise nke lo bo lo bale mo molaong wa ga Moshe ka fa baperesiti ba ba mo tirong mo Tempeleng, ba ka dirang ka teng go le Sabata? 6 Mme ammaaruri, mongwe o fano yo o mogolo go Tempele! 7 Mme fa lo ka bo lo itsile tlhaloso ya temana ya lokwalo lo lo reng, ‘Ke batla gore lo nne kutlwelobotlhoko go feta jaaka ke batla dimpho tsa lona,’ lo ka bo lo sa sekisa ba ba senang molato. 8 Gonne Morwa Motho, ke Morena le wa Sabata tota.” 9 Mme ka nako eo a ya kwa ntlung ya thuto, 10 Mme teng koo a bona monna yo o golafetseng seatla. Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?” (Tota ba ne ba solofetse gore o tlaa re, “Ee”, gore ba tle ba mo tshware). 11 Hong Jesu a fetola a re; “Fa o ne o na le nku e le yosi fela, ya be e wela mo sedibeng go le Sabata, a o no o ka dira gore o e falotshe ka letsatsi leo? Ee tota o no o ka dira jalo. 12 Mme motho o tlhwatlhwa-kgolo thata jang go feta nku! Ee go siame go dira tshiamo ka Sabata!” 13 Mme a raya monna yoo a re, “Otlolola lebogo la gago.” Mme ya re a le otlolola, seatla sa gagwe sa itekanela, fela jaaka se sengwe! 14 Mme, Bafarasai ba bitsa phuthego go loga maano a ka fa ba ka tshwarang le go bolaya Jesu ka teng. 15 Mme a itse leano le ba neng ba le loga, mme a tswa mo ntlung ya thuto a setswe morago ke bontsi. A fodisa botlhe ba ba lwalang mo go bone, 16 mme a ba tlhagisa gore ba seka ba anamisa mafoko kaga dikgakgamatso tsa gagwe. 17 Se se diragaditse seporofeso sa ga Isaia se se buang ka ga Jesu se re. 18 “Bonang motlhanka wa me. Bonang yo ke mo itshenketseng. Ke moratwi wa me, yo mowa wa me o itumelang mo go ene, ke tlaa tsenya mowa wa me mo go ene o tlaa atlhola dichaba. 19 Ga a lwe e bile ga a goe; ga a tlhatlose lentswe la gagwe! 20 Ga a repitletse ba ba bokoa, kgotsa go timola tsholofelo e potlana; o tlaa wetsa ntwa ya gagwe yotlhe ka phenyo, 21 mme leina la gagwe le tlaa nna tsholofelo ya lefatshe lotlhe.” 22 Mme ga leriwe kwa go Jesu monna yo o tsenyweng ke badimo, a le sefofu a bile a le semumu, mme Jesu a mo fodisa gore a bue a ba a bone. 23 Bontsintsi jwa batho ba gakgamala ba re, “Kgotsa Jesu ke Mesia.” 24 Mme e rile fa Bafarasai ba utlwa kaga kgakgamatso e ba re, “O ka kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka gore ke Satane, kgosi ya mewa e e maswe.” 25 Jesu a itse megopolo ya bone mme a fetola a re, “Bogosi jo bo kgaoganyeng bo felela ka go pheretlhana. Motse kgotsa lolwapa lo lo ikgaoganyang ga lo ka ke lwa ema. 26 Mme fa Satane a kgoromeletsa Satane ntle, o a itwantsha o bile o senya bogosi jwa gagwe. 27 Mme fa e le gore lwa re, ke goromeletsa mewa e e maswe ntle, ka go dirisa dinonofo tsa ga Satane, jaanong batho ba lona ba dirisa nonofo efe go e kgoromeletsa ntle? A ba arabele ka fa lo mpegang molato ka teng. 28 Mme fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, hong bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona. 29 Motho ga a ka ke a thopa bogosi jwa ga Satane kwa ntleng ga gore a golege Satane pele. Ke gone fela mewa ya gagwe e e maswe e ka kgoromelediwang ntle a sena go golegwa. 30 Le fa e le mang yo o sa nthuseng o nkutlwisa botlhoko. 31 31-32 “Mme le fa e le mang yo o ntlhapatsang kgotsa a bua sebe sengwe fela, o tlaa itshwarelwa tsotlhe, fa e se se sengwe fela: go bua bosula kgatlhanong le Mowa o o Boitshepo ga go na go itshwarelwa mo lefatshing leno, le fa e le mo lefatshing le le tlang. 33 “Setlhare se lemogwa ka loungo lwa sone. Setlhare se se tlhophilweng mo mofuteng o o faphegileng se ungwa loungo lo lo siameng; mefuta e e seng yone ga e ungwe loungo lo lo siameng. 34 Losika lwa dinoga ke lona! Batho ba ba bosula jaaka lona ba ka bua se se molemo le tshiamo jang? Gonne pelo ya motho e laola puo ya gagwe. 35 Puo e e molemo ya motho e senola mahumo a a mo go ene. Motho yo o pelo e bosula o tletse botlhole le puo ya gagwe e a bo supa. 36 Mme ke lo bolelela se, gore lo tlamega go arabela lefoko lengwe le lengwe le lo le buang la boithamako ka letsatsi la katlholo. 37 “Mafoko a lona a supa se se tlaa lo diragalelang ka nako eo: lo ka nna lwa siamisiwa kgotsa lwa sekisiwa ka one.” 38 Letsatsi lengwe baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai bangwe, ba tla kwa go Jesu ba mo kopa go bona kgakgamatso go supa gore a ke ene Mesia tota. 39 39-40 Mme Jesu a fetola a re, “Sechaba se se bosula se se senang tumelo ke sone fela se ne se ka kopa bosupi bongwe gape; mme bope ga bo kitla bo dirwa fa e se fela se se neng sa diragalela moporofiti Jona! Gonne fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya leruarua malatsi a le mararo le masigo a le mararo, jalo he, nna Morwa Motho, ke tlaa nna mo mpeng ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo. 41 Banna ba Ninefe ba tlaa ema kgatlhanong le chaba e kwa tshekong ba lo bona molato. Gonne e rile fa Jona a ba rerela ba ne ba sokologa mo ditseleng tsa bone tsotlhe tse di bosula ba boela mo Modimong. Mme jaanong yo mogolo go feta Jona o fano mme lo gana go mo dumela. 42 “Kgosigadi ya Sheba e tlaa emelana le chaba e, e e bona molato; gonne o dule kwa lefatshing le le kgakala go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme jaanong yo mogolo go feta Solomone o fano; mme lo gana go mo dumela. 43 43-45 “Chaba e e bosula e, e tshwana le motho a tsenywe ke mowa o o maswe. Gonne fa mowa o o maswe o tswa mo go ene, o ya mo dikakeng ka lobakanyana, o senka boikhutso mme o seke o bo bone. Mme o re, ‘Ke tlaa boela kwa mothong yo ke neng ke tswa mo go ene’ o boe o fitlhele pelo ya motho yoo e le phepa e bile e sena sepe mo teng! Mme mowa o o maswe o bone mewa e mengwe e supa e e bosula go o gaisa, mme yotlhe e tsene motho yoo e nne mo go ene. Mme a bife go gaisa pele.” 46 46-47 Ka Jesu a na a bua mo ntlung e e tletseng batho, mmaagwe le bomonnawe ba ne, ba le kwa ntle kwa, ba batla go bua nae. Mme erile mongwe a mmolelela gore ba foo, 48 a fetola a re, “Mme ke Mang? Bonnake ke bomang?” 49 A supa barutwa ba gagwe a re, “Bonang! Mme le bonnake ke ba.” 50 Mme a oketsa ka gore, “Le fa ele mang yo o reetsang Rre kwa Legodimong ke nnake, kgaitsadiake le mme.”

In Other Versions

Matthew 12 in the ANGEFD

Matthew 12 in the ANTPNG2D

Matthew 12 in the AS21

Matthew 12 in the BAGH

Matthew 12 in the BBPNG

Matthew 12 in the BBT1E

Matthew 12 in the BDS

Matthew 12 in the BEV

Matthew 12 in the BHAD

Matthew 12 in the BIB

Matthew 12 in the BLPT

Matthew 12 in the BNT

Matthew 12 in the BNTABOOT

Matthew 12 in the BNTLV

Matthew 12 in the BOATCB

Matthew 12 in the BOATCB2

Matthew 12 in the BOBCV

Matthew 12 in the BOCNT

Matthew 12 in the BOECS

Matthew 12 in the BOGWICC

Matthew 12 in the BOHCB

Matthew 12 in the BOHCV

Matthew 12 in the BOHLNT

Matthew 12 in the BOHNTLTAL

Matthew 12 in the BOICB

Matthew 12 in the BOILNTAP

Matthew 12 in the BOITCV

Matthew 12 in the BOKCV

Matthew 12 in the BOKCV2

Matthew 12 in the BOKHWOG

Matthew 12 in the BOKSSV

Matthew 12 in the BOLCB

Matthew 12 in the BOLCB2

Matthew 12 in the BOMCV

Matthew 12 in the BONAV

Matthew 12 in the BONCB

Matthew 12 in the BONLT

Matthew 12 in the BONUT2

Matthew 12 in the BOPLNT

Matthew 12 in the BOSCB

Matthew 12 in the BOSNC

Matthew 12 in the BOVCB

Matthew 12 in the BOYCB

Matthew 12 in the BPBB

Matthew 12 in the BPH

Matthew 12 in the BSB

Matthew 12 in the CCB

Matthew 12 in the CUV

Matthew 12 in the CUVS

Matthew 12 in the DBT

Matthew 12 in the DGDNT

Matthew 12 in the DHNT

Matthew 12 in the DNT

Matthew 12 in the ELBE

Matthew 12 in the EMTV

Matthew 12 in the ESV

Matthew 12 in the FBV

Matthew 12 in the FEB

Matthew 12 in the GGMNT

Matthew 12 in the GNT

Matthew 12 in the HARY

Matthew 12 in the HNT

Matthew 12 in the IRVA

Matthew 12 in the IRVB

Matthew 12 in the IRVG

Matthew 12 in the IRVH

Matthew 12 in the IRVK

Matthew 12 in the IRVM

Matthew 12 in the IRVM2

Matthew 12 in the IRVO

Matthew 12 in the IRVP

Matthew 12 in the IRVT

Matthew 12 in the IRVT2

Matthew 12 in the IRVU

Matthew 12 in the ISVN

Matthew 12 in the JSNT

Matthew 12 in the KAPI

Matthew 12 in the KBT1ETNIK

Matthew 12 in the KBV

Matthew 12 in the KJV

Matthew 12 in the KNFD

Matthew 12 in the LBA

Matthew 12 in the LBLA

Matthew 12 in the LNT

Matthew 12 in the LSV

Matthew 12 in the MAAL

Matthew 12 in the MBV

Matthew 12 in the MBV2

Matthew 12 in the MHNT

Matthew 12 in the MKNFD

Matthew 12 in the MNG

Matthew 12 in the MNT

Matthew 12 in the MNT2

Matthew 12 in the MRS1T

Matthew 12 in the NAA

Matthew 12 in the NASB

Matthew 12 in the NBLA

Matthew 12 in the NBS

Matthew 12 in the NBVTP

Matthew 12 in the NET2

Matthew 12 in the NIV11

Matthew 12 in the NNT

Matthew 12 in the NNT2

Matthew 12 in the NNT3

Matthew 12 in the PDDPT

Matthew 12 in the PFNT

Matthew 12 in the RMNT

Matthew 12 in the SBIAS

Matthew 12 in the SBIBS

Matthew 12 in the SBIBS2

Matthew 12 in the SBICS

Matthew 12 in the SBIDS

Matthew 12 in the SBIGS

Matthew 12 in the SBIHS

Matthew 12 in the SBIIS

Matthew 12 in the SBIIS2

Matthew 12 in the SBIIS3

Matthew 12 in the SBIKS

Matthew 12 in the SBIKS2

Matthew 12 in the SBIMS

Matthew 12 in the SBIOS

Matthew 12 in the SBIPS

Matthew 12 in the SBISS

Matthew 12 in the SBITS

Matthew 12 in the SBITS2

Matthew 12 in the SBITS3

Matthew 12 in the SBITS4

Matthew 12 in the SBIUS

Matthew 12 in the SBIVS

Matthew 12 in the SBT

Matthew 12 in the SBT1E

Matthew 12 in the SCHL

Matthew 12 in the SNT

Matthew 12 in the SUSU

Matthew 12 in the SUSU2

Matthew 12 in the SYNO

Matthew 12 in the TBIAOTANT

Matthew 12 in the TBT1E

Matthew 12 in the TBT1E2

Matthew 12 in the TFTIP

Matthew 12 in the TFTU

Matthew 12 in the TGNTATF3T

Matthew 12 in the THAI

Matthew 12 in the TNFD

Matthew 12 in the TNT

Matthew 12 in the TNTIK

Matthew 12 in the TNTIL

Matthew 12 in the TNTIN

Matthew 12 in the TNTIP

Matthew 12 in the TNTIZ

Matthew 12 in the TOMA

Matthew 12 in the TTENT

Matthew 12 in the UBG

Matthew 12 in the UGV

Matthew 12 in the UGV2

Matthew 12 in the UGV3

Matthew 12 in the VBL

Matthew 12 in the VDCC

Matthew 12 in the YALU

Matthew 12 in the YAPE

Matthew 12 in the YBVTP

Matthew 12 in the ZBP