Matthew 18 (BOTLNT)

1 Mme erile ka nako eo barutwa ba tla kwa go Jesu go mmotsa gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo mo Bogosing jwa Legodimo. 2 Jesu a bitsa ngwana yo monnyennyane a mmaya fa fatshe fa gare ga bone, 3 mme a re, “Fa e se fela lo boela Modimong lo latlha dibe tsa lona lo bo lo nna jaaka bana ba bannyennyane, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa Legodimo. 4 Jalo he, le fa e le mang yo o ingotlang jaaka ngwananyana yo monnyennyane yo, o mogolo bogolo mo Bogosing jwa Legodimo. 5 Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela. 6 Mme le fa e le mang yo o dirang gore mongwe wa ba ba botlana ba, ba ba dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe, go ka nna botoka mo go ene go golegelelwa lefika mo thamung a ba a latlhelwa mo lewatleng. 7 “A bo go latlhega lefatshe ka ntlha ya masula otlhe a jone. Gonne thaelo e na le go tla fela, mme a bo go latlhega motho yo thaelo e tlang ka ene. 8 Jalo fa seatla sa gago kgotsa lonao lo go leofisa, lo kgaole o lo latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong o golafetse go na le go tsena mo moleting ka mabogo le maoto a le mmogo. 9 Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye o le latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong ka leitlho le le lengwe go na le go tsena mo moleting ka a le mabedi. 10 “Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe. 11 Mme nna, Morwa Motho, ke tletse go boloka ba ba latlhegileng. 12 “Fa motho a na le dinku di le lekgolo, mme e nngwe e tsamaya e bo e timela, o tlaa dira eng? A ga a na go tlogela tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe a ba a ya kwa dithabeng go ya go batla e e latlhegileng? 13 Mme fa a e bona, o tlaa e itumelela go gaisa tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe tse di babalesegileng kwa gae! 14 Fela jalo, ga se go rata ga ga Rre gore le fa e le mang wa ba bannye ba a nyelele. 15 “Fa wa gaeno a go leofela, ya kwa go ene ka sephiri go mo kaela molato o. Fa a reetsa a ba a ipona phoso, o gapile wa gaeno. 16 Fa a gana, ke gone tsaya mongwe kgotsa ba le babedi lo boele go ene gape, go tlhomamisa sengwe le sengwe se o se buang ka bone basupi ba. 17 Mme fa a sa ntse a gana go reetsa, isa ngongorego ya gago kwa phuthegong, mme fa katlholo ya phuthego e dumalana nao mo kgannyeng e, mme ene a sa dumalane, phuthego e tshwanetse go mo kgaola. 18 Mme ke lo bolelela se, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng se bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se lo se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bofololwa kwa legodimong. 19 “Gape ke lo bolelela se, fa ba le babedi ba lona fano mo lefatsheng ba dumalana kaga sengwe se lo se kopang, Rara yo o kwa legodimong o tlaa se lo direla. 20 “Gonne kwa bobedi kgotsa kwa boraro bo phuthegelang teng ka ntlha ya gore ke ba me, ke tlaa bo ke le gone tota fa gare ga bone.” 21 Mme ga tla Petere a mmotsa a re, “Morena, ke tshwanetse go itshwarela wa gaetsho ga kae fa a nteofela? Ga supa?” 22 Mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa, masome a supa a ntsifaditshwe ga supa! 23 “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le Kgosi e e neng e ikaeletse go gakolola batho go mo duela melato ya bone. 24 Fa go ntse go tsweletswe, mongwe wa ba ba nang le molato nae yo e neng a mo kolota didikadike di le lesome tsa dipula! (P10,000,000) a tlisiswa kwa go ene. 25 A se ka a kgona go duela, jalo Kgosi ya laola gore a rekisiwe ka ntlha ya sekoloto le mosadi wa gagwe le banna le sengwe le sengwe se a neng a na naso. 26 “Mme monna a wela fa fatshe fa pele ga kgosi ka sefatlhogo a re, ‘Ao Morena, nna pelotelele mo go nna mme ke tlaa duela sekoloto sotlhe’. 27 “Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato. 28 “Mme erile fa monna a tlogela kgosi a ya kwa monneng yo o mo kolotang dipula di le dikete tse pedi, a mo tshwara ka mometso a batla tuelo ya gagwe ka nako eo. 29 “Monna a wela fa fatshe fa pele ga gagwe mme a mo kopa go mo fa lobakanyana. A mo rapela a re nna pelotelele mme ‘ke tlaa duela’. 30 Mme yo o kolotwang a se ka a dumela go mo letela. A laola gore a tshwarwe a ba a tlhatlhelwe mo tlung ya kgolegelo go fitlhelela molato o duelwa otlhe. 31 “Mme ditsala tsa monna yo o mo tlung ya kgolegelo tsa ya kgosing go e bolelela se se diragetseng. 32 Mme kgosi ya bitsa monna yo e neng e mo itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang ya re, ‘Molotsana ke wena yo o pelo e maswe! Ke go itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang, fela ka ntlha ya gore o nkopile, 33 a ga o a tshwanela go nna le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, fela jaaka ke ne ka nna le kutlwelobotlhoko mo go wena?’ 34 Mme kgosi e e kgopegileng ya romela monna yo kwa tlung ya kgolegelo go fitlhelela a duela thebe ya bofelo ya madi a a a kolotang. 35 Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri.”

In Other Versions

Matthew 18 in the ANGEFD

Matthew 18 in the ANTPNG2D

Matthew 18 in the AS21

Matthew 18 in the BAGH

Matthew 18 in the BBPNG

Matthew 18 in the BBT1E

Matthew 18 in the BDS

Matthew 18 in the BEV

Matthew 18 in the BHAD

Matthew 18 in the BIB

Matthew 18 in the BLPT

Matthew 18 in the BNT

Matthew 18 in the BNTABOOT

Matthew 18 in the BNTLV

Matthew 18 in the BOATCB

Matthew 18 in the BOATCB2

Matthew 18 in the BOBCV

Matthew 18 in the BOCNT

Matthew 18 in the BOECS

Matthew 18 in the BOGWICC

Matthew 18 in the BOHCB

Matthew 18 in the BOHCV

Matthew 18 in the BOHLNT

Matthew 18 in the BOHNTLTAL

Matthew 18 in the BOICB

Matthew 18 in the BOILNTAP

Matthew 18 in the BOITCV

Matthew 18 in the BOKCV

Matthew 18 in the BOKCV2

Matthew 18 in the BOKHWOG

Matthew 18 in the BOKSSV

Matthew 18 in the BOLCB

Matthew 18 in the BOLCB2

Matthew 18 in the BOMCV

Matthew 18 in the BONAV

Matthew 18 in the BONCB

Matthew 18 in the BONLT

Matthew 18 in the BONUT2

Matthew 18 in the BOPLNT

Matthew 18 in the BOSCB

Matthew 18 in the BOSNC

Matthew 18 in the BOVCB

Matthew 18 in the BOYCB

Matthew 18 in the BPBB

Matthew 18 in the BPH

Matthew 18 in the BSB

Matthew 18 in the CCB

Matthew 18 in the CUV

Matthew 18 in the CUVS

Matthew 18 in the DBT

Matthew 18 in the DGDNT

Matthew 18 in the DHNT

Matthew 18 in the DNT

Matthew 18 in the ELBE

Matthew 18 in the EMTV

Matthew 18 in the ESV

Matthew 18 in the FBV

Matthew 18 in the FEB

Matthew 18 in the GGMNT

Matthew 18 in the GNT

Matthew 18 in the HARY

Matthew 18 in the HNT

Matthew 18 in the IRVA

Matthew 18 in the IRVB

Matthew 18 in the IRVG

Matthew 18 in the IRVH

Matthew 18 in the IRVK

Matthew 18 in the IRVM

Matthew 18 in the IRVM2

Matthew 18 in the IRVO

Matthew 18 in the IRVP

Matthew 18 in the IRVT

Matthew 18 in the IRVT2

Matthew 18 in the IRVU

Matthew 18 in the ISVN

Matthew 18 in the JSNT

Matthew 18 in the KAPI

Matthew 18 in the KBT1ETNIK

Matthew 18 in the KBV

Matthew 18 in the KJV

Matthew 18 in the KNFD

Matthew 18 in the LBA

Matthew 18 in the LBLA

Matthew 18 in the LNT

Matthew 18 in the LSV

Matthew 18 in the MAAL

Matthew 18 in the MBV

Matthew 18 in the MBV2

Matthew 18 in the MHNT

Matthew 18 in the MKNFD

Matthew 18 in the MNG

Matthew 18 in the MNT

Matthew 18 in the MNT2

Matthew 18 in the MRS1T

Matthew 18 in the NAA

Matthew 18 in the NASB

Matthew 18 in the NBLA

Matthew 18 in the NBS

Matthew 18 in the NBVTP

Matthew 18 in the NET2

Matthew 18 in the NIV11

Matthew 18 in the NNT

Matthew 18 in the NNT2

Matthew 18 in the NNT3

Matthew 18 in the PDDPT

Matthew 18 in the PFNT

Matthew 18 in the RMNT

Matthew 18 in the SBIAS

Matthew 18 in the SBIBS

Matthew 18 in the SBIBS2

Matthew 18 in the SBICS

Matthew 18 in the SBIDS

Matthew 18 in the SBIGS

Matthew 18 in the SBIHS

Matthew 18 in the SBIIS

Matthew 18 in the SBIIS2

Matthew 18 in the SBIIS3

Matthew 18 in the SBIKS

Matthew 18 in the SBIKS2

Matthew 18 in the SBIMS

Matthew 18 in the SBIOS

Matthew 18 in the SBIPS

Matthew 18 in the SBISS

Matthew 18 in the SBITS

Matthew 18 in the SBITS2

Matthew 18 in the SBITS3

Matthew 18 in the SBITS4

Matthew 18 in the SBIUS

Matthew 18 in the SBIVS

Matthew 18 in the SBT

Matthew 18 in the SBT1E

Matthew 18 in the SCHL

Matthew 18 in the SNT

Matthew 18 in the SUSU

Matthew 18 in the SUSU2

Matthew 18 in the SYNO

Matthew 18 in the TBIAOTANT

Matthew 18 in the TBT1E

Matthew 18 in the TBT1E2

Matthew 18 in the TFTIP

Matthew 18 in the TFTU

Matthew 18 in the TGNTATF3T

Matthew 18 in the THAI

Matthew 18 in the TNFD

Matthew 18 in the TNT

Matthew 18 in the TNTIK

Matthew 18 in the TNTIL

Matthew 18 in the TNTIN

Matthew 18 in the TNTIP

Matthew 18 in the TNTIZ

Matthew 18 in the TOMA

Matthew 18 in the TTENT

Matthew 18 in the UBG

Matthew 18 in the UGV

Matthew 18 in the UGV2

Matthew 18 in the UGV3

Matthew 18 in the VBL

Matthew 18 in the VDCC

Matthew 18 in the YALU

Matthew 18 in the YAPE

Matthew 18 in the YBVTP

Matthew 18 in the ZBP