Matthew 22 (BOTLNT)

1 1-2 Jesu a bolela dipolelo tse dingwe tse dintsi go supa gore Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le eng. Sekai, bo ka tshwantshiwa ka polelo ya Kgosi e e kileng ya baakanyetsa morwaa yone mokete o mogolo wa lenyalo. 3 Baeng ba le bantsi ba lalediwa, mme e rile fa dijo di setse di siame a roma batho go itsise mongwe le mongwe gore ke nako ya gore ba tle. Mme batho ba ba laleditsweng ba gana! 4 Jalo a roma batlhanka ba bangwe go ba bolelela gore, “Sengwe le sengwe se siame le dinama tse di besiwang di setse di le mo isong. Itlhaganeleng!” 5 Mme baeng ba a neng a ba laleditse ba tshega fela ba tswelela pele le ditiro tsa bone, mongwe kwa morakeng wa gagwe yo mongwe kwa madirelong a gagwe; 6 ba bangwe ba itaya batlhanka ba gagwe ba ba tshwara setlhogo mo go tlhabisang ditlhong, ba bo ba bolaya bangwe ba bone. 7 Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone. 8 Mme ya raya batlhanka ba yone ya re, “Modiro wa lenyalo o siame, mme baeng ba ke ba laleditseng ga ba a tshwanelwa ke tlotlo. 9 Jaanong tsamayang mo mebileng ya motse lo laletse mongwe le mongwe yo lo mmonang.” 10 Mme batlhanka ba dira fela jalo, ba lere batho botlhe, basiami le baleofi ka go tshwana; mme ntlo ya tlala balalediwa. 11 Mme e rile fa Kgosi e tla go rakana le balalediwa, ya bona monna yo a neng a sa apara seaparo sa lenyalo (se a neng a se neetswe). 12 Kgosi ya botsa ya re, “Tsala, go diragetse jang gore o bo o le fano o sena seaparo sa lenyalo?” Mme monna a tlhoka karabo. 13 Hong Kgosi ya raya bathusi ba yone ya re, “Mo golegeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle mo lefifing kwa go nang le selelo le khuranyo ya meno gone.” 14 Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba se kae ba itshenketswe! 15 Bafarasai ba kopana go leka go akanya tsela e ba ka mo tshwarang mo puong ka yone. 16 Ba ikaelela go roma bangwe ba banna ba bone le Baheroda go mmotsa potso e: “Rra, re itse gore o ikanyega thata le gore o ruta boammaaruri kwa ntleng ga go tlhokomela tse di ka go diragalelang, e bile o sa boife bomang-mang jwa ga ope. 17 Jaanong re bolelele, a go siame go ntshetsa mmuso wa Roma lekgetho kgotsa nnyaa?” 18 Mme Jesu a bona se ba neng ba se ikaeletse. A re, “Baitimokanyi ke lona! Lo leka go tsietsa mang ka dipotso tsa lona tsa bolotsana? 19 Ntshupegetsang ledi,” Mme ba le mo naya. 20 A ba botsa a re, “Le tshwantshitswe mang? Gape leina le le ka fa tlase ga setshwantsho se ke la ga mang”? 21 Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.” 22 Mme phetolo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa ya ba ya ba palela ba mo tlogela ba tsamaya. 23 Mme ka letsatsi leo bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi morago ga loso, ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re 24 “Morena, Moshe o rile fa motho a a swa a sena bana, monnawe a nyale motlholagadi yoo, mme bana ba bone ba tlaa ja boswa. 25 Go kile ga bo go na le monna mongwe mo motseng wa rona a na le bana ba basimane ba supa. Mme wa ntlha a nyala mme a swa a sena bana, jalo motlholagadi wa gagwe a nna mosadi wa ga monnawe yo o mo tlhomaganelang. 26 Mme le ene monnawe yo, a swa a sena bana, mme mosadi a nyalwa ke monnawe yo mongwe. Ga direga fela jalo go fitlhelela a nna mosadi wa mongwe le mongwe wa bone ka bosupa! 27 Mme mosadi le ene a swa. 28 Jalo o tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi? Gonne e ne e le mosadi wa bone ka bosupa.” 29 Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo. 30 Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong. 31 Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re, 32 ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.” 33 Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe. 34 34-35 Mme e seng Bafarasai! E rile ba utlwa gore o didimaditse Basadukai ka phetolo ya gagwe, ba akanya sesha potso e bone ba ka e mmotsang. Mongwe wa bone yo e neng e le mmueledi (Agente), a bua a re: 36 “Morena, taolo ya botlhokwa mo melaong ya ga Moshe ke efe?” 37 Jesu a fetola a re, “ ‘Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa le tlhaloganyo.’ 38 38-39 E ke taolo ya ntlha ebile e le e kgolo. Ya bobedi ya botlhokwa thata e e tshwanang le yone ke e e reng: ‘Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.’ 40 Ditaolo tse dingwe tsotlhe le se se batlwang ke baporofiti di tswa mo melaong e mebedi e, mme e diragadiwa fa e tshegediwa. Tshegetsa yone e mebedi e fela, mme o tlaa bona gore o tshegeditse e mengwe yotlhe.” 41 Mme ya re a farafarilwe ke Bafarasai, a ba botsa potso a re: 42 “Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?” Ba araba ba re “Ke Morwa Dafide.” 43 Mme Jesu a botsa a re, “Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re ‘Morena’ Ka gore Dafide o rile, 44 ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!’ 45 Mme fa Dafide a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?” 46 Ba tlhoka karabo. Mme morago ga moo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.

In Other Versions

Matthew 22 in the ANGEFD

Matthew 22 in the ANTPNG2D

Matthew 22 in the AS21

Matthew 22 in the BAGH

Matthew 22 in the BBPNG

Matthew 22 in the BBT1E

Matthew 22 in the BDS

Matthew 22 in the BEV

Matthew 22 in the BHAD

Matthew 22 in the BIB

Matthew 22 in the BLPT

Matthew 22 in the BNT

Matthew 22 in the BNTABOOT

Matthew 22 in the BNTLV

Matthew 22 in the BOATCB

Matthew 22 in the BOATCB2

Matthew 22 in the BOBCV

Matthew 22 in the BOCNT

Matthew 22 in the BOECS

Matthew 22 in the BOGWICC

Matthew 22 in the BOHCB

Matthew 22 in the BOHCV

Matthew 22 in the BOHLNT

Matthew 22 in the BOHNTLTAL

Matthew 22 in the BOICB

Matthew 22 in the BOILNTAP

Matthew 22 in the BOITCV

Matthew 22 in the BOKCV

Matthew 22 in the BOKCV2

Matthew 22 in the BOKHWOG

Matthew 22 in the BOKSSV

Matthew 22 in the BOLCB

Matthew 22 in the BOLCB2

Matthew 22 in the BOMCV

Matthew 22 in the BONAV

Matthew 22 in the BONCB

Matthew 22 in the BONLT

Matthew 22 in the BONUT2

Matthew 22 in the BOPLNT

Matthew 22 in the BOSCB

Matthew 22 in the BOSNC

Matthew 22 in the BOVCB

Matthew 22 in the BOYCB

Matthew 22 in the BPBB

Matthew 22 in the BPH

Matthew 22 in the BSB

Matthew 22 in the CCB

Matthew 22 in the CUV

Matthew 22 in the CUVS

Matthew 22 in the DBT

Matthew 22 in the DGDNT

Matthew 22 in the DHNT

Matthew 22 in the DNT

Matthew 22 in the ELBE

Matthew 22 in the EMTV

Matthew 22 in the ESV

Matthew 22 in the FBV

Matthew 22 in the FEB

Matthew 22 in the GGMNT

Matthew 22 in the GNT

Matthew 22 in the HARY

Matthew 22 in the HNT

Matthew 22 in the IRVA

Matthew 22 in the IRVB

Matthew 22 in the IRVG

Matthew 22 in the IRVH

Matthew 22 in the IRVK

Matthew 22 in the IRVM

Matthew 22 in the IRVM2

Matthew 22 in the IRVO

Matthew 22 in the IRVP

Matthew 22 in the IRVT

Matthew 22 in the IRVT2

Matthew 22 in the IRVU

Matthew 22 in the ISVN

Matthew 22 in the JSNT

Matthew 22 in the KAPI

Matthew 22 in the KBT1ETNIK

Matthew 22 in the KBV

Matthew 22 in the KJV

Matthew 22 in the KNFD

Matthew 22 in the LBA

Matthew 22 in the LBLA

Matthew 22 in the LNT

Matthew 22 in the LSV

Matthew 22 in the MAAL

Matthew 22 in the MBV

Matthew 22 in the MBV2

Matthew 22 in the MHNT

Matthew 22 in the MKNFD

Matthew 22 in the MNG

Matthew 22 in the MNT

Matthew 22 in the MNT2

Matthew 22 in the MRS1T

Matthew 22 in the NAA

Matthew 22 in the NASB

Matthew 22 in the NBLA

Matthew 22 in the NBS

Matthew 22 in the NBVTP

Matthew 22 in the NET2

Matthew 22 in the NIV11

Matthew 22 in the NNT

Matthew 22 in the NNT2

Matthew 22 in the NNT3

Matthew 22 in the PDDPT

Matthew 22 in the PFNT

Matthew 22 in the RMNT

Matthew 22 in the SBIAS

Matthew 22 in the SBIBS

Matthew 22 in the SBIBS2

Matthew 22 in the SBICS

Matthew 22 in the SBIDS

Matthew 22 in the SBIGS

Matthew 22 in the SBIHS

Matthew 22 in the SBIIS

Matthew 22 in the SBIIS2

Matthew 22 in the SBIIS3

Matthew 22 in the SBIKS

Matthew 22 in the SBIKS2

Matthew 22 in the SBIMS

Matthew 22 in the SBIOS

Matthew 22 in the SBIPS

Matthew 22 in the SBISS

Matthew 22 in the SBITS

Matthew 22 in the SBITS2

Matthew 22 in the SBITS3

Matthew 22 in the SBITS4

Matthew 22 in the SBIUS

Matthew 22 in the SBIVS

Matthew 22 in the SBT

Matthew 22 in the SBT1E

Matthew 22 in the SCHL

Matthew 22 in the SNT

Matthew 22 in the SUSU

Matthew 22 in the SUSU2

Matthew 22 in the SYNO

Matthew 22 in the TBIAOTANT

Matthew 22 in the TBT1E

Matthew 22 in the TBT1E2

Matthew 22 in the TFTIP

Matthew 22 in the TFTU

Matthew 22 in the TGNTATF3T

Matthew 22 in the THAI

Matthew 22 in the TNFD

Matthew 22 in the TNT

Matthew 22 in the TNTIK

Matthew 22 in the TNTIL

Matthew 22 in the TNTIN

Matthew 22 in the TNTIP

Matthew 22 in the TNTIZ

Matthew 22 in the TOMA

Matthew 22 in the TTENT

Matthew 22 in the UBG

Matthew 22 in the UGV

Matthew 22 in the UGV2

Matthew 22 in the UGV3

Matthew 22 in the VBL

Matthew 22 in the VDCC

Matthew 22 in the YALU

Matthew 22 in the YAPE

Matthew 22 in the YBVTP

Matthew 22 in the ZBP