Matthew 5 (BOTLNT)

1 1-2 Mme ya re ka letsatsi lengwe fa bontsintsi jwa batho bo kokoana, a tlhatlogela le barutwa ba gagwe mo mhapheng wa thaba, mme a nna fa fatshe le bone a ba ruta. 3 A ba raya a re, “Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone. 4 Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa. 5 “Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone. 6 “Go sego ba ba nyoretsweng tshiamo gonne ba tlaa e bona. 7 “Go sego ba ba pelontle le kutlwelobotlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko. 8 “Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo. 9 Go sego ba ba huhulelang kagiso, gonne ba tlaa bidiwa barwa Modimo. 10 “Go sego ba ba bogisediwang tshiamo, gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone. 11 “Fa lo kgobiwa lo bogisiwa, lo akelwa ka ntlha ya gore lo barutwa ba me, lo sego jang! 12 Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa. 13 “Ke lona letswai la lefatshe, mme fa lona lo latlhegelwa ke molodi go tlaa nna jang ka lefatshe? Le lona lo tlaa latlhelwa kwa ntle lo gatakwa ka dinao lo sena molemo. 14 Lo lesedi la lefatshe, motse o o mo thabeng, o o phatsimang bosigo gore botlhe ba o bone. 15 15-16 Se fitlheng lesedi la lona! A le phatsimele botlhe; a ditiro tsa lona tse di molemo di phatsimele botlhe go di bona, gore ba tle ba galaletse Rra lona wa Legodimo. 17 “Se tlhokeng go tlhaloganya se ke se tletseng. Ga se go senya melao ya ga Moshe le ditlhagiso tsa baporofiti. Nnyaa ke tletse go di tlhomamisa le gore di diragale jaaka go boletswe. 18 “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ka re: molao mongwe le mongwe o o mo Lokwalong o tlaa tswelela pele go fitlhelela maikaelelo a one a diragala. 19 Jalo he, fa mongwe a tlola molao o mmotlanyana, a ba a ruta ba bangwe go dira jalo, o tlaa nna mmotlana mo Bogosing jwa Legodimo. Mme ba ba rutang melao ya Modimo ba e reetsa ba tlaa nna batona mo Bogosing jwa Legodimo. 20 “Mme ke a lo tlhagisa ga lo ka ke lwa tsena mo Bogosing jwa Legodimo fa e se tshiamo ya lona e feta ya Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba Bajuda. 21 “Mo melaong ya ga Moshe e ne e le gore, ‘Fa o bolaya motho, o tshwanetse wa swa le wena.’ 22 Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo. 23 “Mme ke gone fa o eme fa pele ga sebeso (aletara) mo Tempeleng, o ntshetsa Modimo setlhabelo, mme ka tshoganetso o bo o gakologelwa gore wa ga eno o na le sekgopi nao, 24 Tlogela setlhabelo sa gago gone foo fa pele ga sebeso (aletara) go ikopa maitshwarelo o bo o letlane nae. 25 Akofa outlwane le mmaba wa gago nako e ise e tsamaye thata e se re kgotsa a go gogele kwa tshekong, o bo o latlhelwa mo tlung ya kgolegelo. 26 Gonne o tlaa nna moo go fitlhelela o bo o duela ledinyana la bofelo. 27 “Melao ya ga Moshe e ne e re, ‘O seka wa dira boaka’. 28 Mme ka re: Le fa e le mang yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong. 29 “Mme fa leitlho la gago, le fa e ka ne e le leitlho le le itekanetseng le tsosolosa keletso, le gonye o le latlhe. Go botoka gore tokololo e e go leofisang e senngwe go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo moleting wa molelo. 30 Mme fa seatla sa gago le fa e le sa moja se go leofisa, se kgaole o se latlhe. Gonne go botoka go se kgaola go na le go iphitlhela o le mo moleting ka ntlha ya sone. 31 “Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa mongwe a batla go kgaogana le mosadi wa gagwe, o ka mo tlhala fela ka go mo neela lokwalo lwa tlhalo’. 32 Mme nna ka re monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dirisa boaka. Mme yo o mo nyalang le ene o dira boaka. 33 “Gape molao wa ga Moshe wa re, ‘Ga o a tshwanela go dirolola maikano a gago le Modimo, o tshwanetse go a diragatsa otlhe.’ 34 “Mme ka re: o se ka wa dira maikano ape! Lefa e le go ikana ka ‘Magodimo!’ Ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka magodimo ke setulo sa Bogosi jwa Modimo. 35 Gape fa o ikana ka ‘Lefatshe’ ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka gore lefatshe ke sebeo sa dinao tsa one. Gape o se ka wa ikana ka Jerusalema ka gore Jerusalema ke motse-mogolo wa Kgosi e kgolo. 36 “Gape o se ka wa ikana ka ‘phogwana’! Ka gore ga o kake wa fetola thiri nngwe go nna tshweu kgotsa ntsho. 37 Mme go bua ga lona e nne Ee, ke tlaa, kgotsa Nnyaa ga nkake, lefoko la lona le lekanye. Tiisa tsholofetso ya gago ka go ikana, go supa gore sengwe ga se a siama. 38 “Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa motho a gonya leitlho la yo mongwe, le ene o tshwanetse go gonngwa leitlho. Fa mongwe a go itaya a go kgola leino, a leino la motho yoo le ene le kgolwe.’ 39 Mme nna ka re: Se emelelaneng le bosula! Fa o phanngwa mo lerameng, retolola le lengwe. 40 Fa o isiwa tshekong, o bo o tseelwa hempe, ntsha le baki ya gago. 41 Fa masole a batla gore o rwale dithoto tsa bone sekgala sa mmaele e le nngwe di rwale di mmaele tse pedi. 42 Naya ba ba kopang, o se ka wa hularela yo o batlang go adima mo go wena. 43 “Go na le puo e e reng, ‘Rata ditsala tsa gago mme o ile baba ba gago.’ 44 Mme nna ka re: ‘Rata baba ba gago! Rapelela ba ba go bogisang!’ 45 “Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana. 46 “Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo. 47 Fa o siametse ditsala tsa gago fela, o farologanye jang le batho ba bangwe? Le baheitane tota ba dira fela jalo. 48 Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.

In Other Versions

Matthew 5 in the ANGEFD

Matthew 5 in the ANTPNG2D

Matthew 5 in the AS21

Matthew 5 in the BAGH

Matthew 5 in the BBPNG

Matthew 5 in the BBT1E

Matthew 5 in the BDS

Matthew 5 in the BEV

Matthew 5 in the BHAD

Matthew 5 in the BIB

Matthew 5 in the BLPT

Matthew 5 in the BNT

Matthew 5 in the BNTABOOT

Matthew 5 in the BNTLV

Matthew 5 in the BOATCB

Matthew 5 in the BOATCB2

Matthew 5 in the BOBCV

Matthew 5 in the BOCNT

Matthew 5 in the BOECS

Matthew 5 in the BOGWICC

Matthew 5 in the BOHCB

Matthew 5 in the BOHCV

Matthew 5 in the BOHLNT

Matthew 5 in the BOHNTLTAL

Matthew 5 in the BOICB

Matthew 5 in the BOILNTAP

Matthew 5 in the BOITCV

Matthew 5 in the BOKCV

Matthew 5 in the BOKCV2

Matthew 5 in the BOKHWOG

Matthew 5 in the BOKSSV

Matthew 5 in the BOLCB

Matthew 5 in the BOLCB2

Matthew 5 in the BOMCV

Matthew 5 in the BONAV

Matthew 5 in the BONCB

Matthew 5 in the BONLT

Matthew 5 in the BONUT2

Matthew 5 in the BOPLNT

Matthew 5 in the BOSCB

Matthew 5 in the BOSNC

Matthew 5 in the BOVCB

Matthew 5 in the BOYCB

Matthew 5 in the BPBB

Matthew 5 in the BPH

Matthew 5 in the BSB

Matthew 5 in the CCB

Matthew 5 in the CUV

Matthew 5 in the CUVS

Matthew 5 in the DBT

Matthew 5 in the DGDNT

Matthew 5 in the DHNT

Matthew 5 in the DNT

Matthew 5 in the ELBE

Matthew 5 in the EMTV

Matthew 5 in the ESV

Matthew 5 in the FBV

Matthew 5 in the FEB

Matthew 5 in the GGMNT

Matthew 5 in the GNT

Matthew 5 in the HARY

Matthew 5 in the HNT

Matthew 5 in the IRVA

Matthew 5 in the IRVB

Matthew 5 in the IRVG

Matthew 5 in the IRVH

Matthew 5 in the IRVK

Matthew 5 in the IRVM

Matthew 5 in the IRVM2

Matthew 5 in the IRVO

Matthew 5 in the IRVP

Matthew 5 in the IRVT

Matthew 5 in the IRVT2

Matthew 5 in the IRVU

Matthew 5 in the ISVN

Matthew 5 in the JSNT

Matthew 5 in the KAPI

Matthew 5 in the KBT1ETNIK

Matthew 5 in the KBV

Matthew 5 in the KJV

Matthew 5 in the KNFD

Matthew 5 in the LBA

Matthew 5 in the LBLA

Matthew 5 in the LNT

Matthew 5 in the LSV

Matthew 5 in the MAAL

Matthew 5 in the MBV

Matthew 5 in the MBV2

Matthew 5 in the MHNT

Matthew 5 in the MKNFD

Matthew 5 in the MNG

Matthew 5 in the MNT

Matthew 5 in the MNT2

Matthew 5 in the MRS1T

Matthew 5 in the NAA

Matthew 5 in the NASB

Matthew 5 in the NBLA

Matthew 5 in the NBS

Matthew 5 in the NBVTP

Matthew 5 in the NET2

Matthew 5 in the NIV11

Matthew 5 in the NNT

Matthew 5 in the NNT2

Matthew 5 in the NNT3

Matthew 5 in the PDDPT

Matthew 5 in the PFNT

Matthew 5 in the RMNT

Matthew 5 in the SBIAS

Matthew 5 in the SBIBS

Matthew 5 in the SBIBS2

Matthew 5 in the SBICS

Matthew 5 in the SBIDS

Matthew 5 in the SBIGS

Matthew 5 in the SBIHS

Matthew 5 in the SBIIS

Matthew 5 in the SBIIS2

Matthew 5 in the SBIIS3

Matthew 5 in the SBIKS

Matthew 5 in the SBIKS2

Matthew 5 in the SBIMS

Matthew 5 in the SBIOS

Matthew 5 in the SBIPS

Matthew 5 in the SBISS

Matthew 5 in the SBITS

Matthew 5 in the SBITS2

Matthew 5 in the SBITS3

Matthew 5 in the SBITS4

Matthew 5 in the SBIUS

Matthew 5 in the SBIVS

Matthew 5 in the SBT

Matthew 5 in the SBT1E

Matthew 5 in the SCHL

Matthew 5 in the SNT

Matthew 5 in the SUSU

Matthew 5 in the SUSU2

Matthew 5 in the SYNO

Matthew 5 in the TBIAOTANT

Matthew 5 in the TBT1E

Matthew 5 in the TBT1E2

Matthew 5 in the TFTIP

Matthew 5 in the TFTU

Matthew 5 in the TGNTATF3T

Matthew 5 in the THAI

Matthew 5 in the TNFD

Matthew 5 in the TNT

Matthew 5 in the TNTIK

Matthew 5 in the TNTIL

Matthew 5 in the TNTIN

Matthew 5 in the TNTIP

Matthew 5 in the TNTIZ

Matthew 5 in the TOMA

Matthew 5 in the TTENT

Matthew 5 in the UBG

Matthew 5 in the UGV

Matthew 5 in the UGV2

Matthew 5 in the UGV3

Matthew 5 in the VBL

Matthew 5 in the VDCC

Matthew 5 in the YALU

Matthew 5 in the YAPE

Matthew 5 in the YBVTP

Matthew 5 in the ZBP