Romans 11 (BOTLNT)

1 Jaanong ke a botsa, A Modimo o ganne ebile o latlhile batho ba one Bajuta? Nnyaa, le goka! Gakologelwang gore nna ke Mojuta, wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine. 2 2-3 Nnyaa, Modimo ga o a latlha batho ba e leng ba one ba o saleng o ba itlhophela go tsweng tshimologong. A lo gakologelwa se Dikwalo di se buang ka ga se? Elija moporofiti o ne a ngongorega mo Modimong kaga Bajuta, a bolelela Modimo ka fa ba bolaileng baporofiti ka teng ba bo ba rutlolola dibeso tsa Modimo; Elija o ne a bua gore e ne e le ene fela yo o setseng mo lefatsheng lotlhe a santse a rata Modimo, mme le ene ba ne ba leka go mmolaya. 4 A mme lo gakologelwa ka fa Modimo o neng wa mo fetola ka teng? Modimo o ne wa re, “Nnyaa, ga se wena o le nosi yo o setseng. Ke na le ba bangwe ba le dikete tse di supang kwa ntle ga gago, ba ba santseng ba nthata le gone ga ba ise ba ke ba obamele medimo ya disetwa.” 5 Go ntse jalo le gompieno. Ga se Bajuta botlhe ba ba furaletseng Modimo; go na le ba se kae ba ba bolailweng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Modimo ka go ba itshenkela. 6 Mme fa e le gore ke ka kutlwelo-botlhoko ya Modimo, mme ga se ka ntlha ya tshiamo ya bone. Gonne ka lebaka leo, neo ya mahala e ne e tlaa bo e sa tlhole e le mahala. Fa e direlwa ga e tlhole e le mahala. 7 Jalo, he, seemo ke se: Bajuta ba le bantsi ga ba a bona kutlwelobotlhoko ya Modimo e ba e batlang. Ba se kae ba e bonye, bone ba Modimo o ba itlhophetseng, mme matlho a ba bangwe a foufaditswe. 8 Ke sone se Dikwalo tsa rona di se rayang fa di re Modimo o ba robaditse, o tswetse matlho le ditsebe tsa bone gore ba seka ba tlhaloganya se re se buang fa re ba bolelela Keresete. Nako kgolo ke eno ba ntse ba ntse fela jalo. 9 Kgosi Dafide o ne a bua kaga sone selo se fa a re, “A dijo tsa bone tse di monate le masego a mangwe e nne seru mo go bone mo go itheyeng ga bone ba re gotlhe go siame fa gare ga bone le Modimo. A dilo tse di siameng tse di boele mo go bone di bo di ba wele mo ditlhogong go ba ripitla kwa ntle ga patiko. 10 A matlho a bone a fifale gore ba seka ba bona, o bo o ba obe mekwatla ka mokgweleo o o bokete ka bosakhutleng.” 11 A mo go raya gore Modimo o latlhetse ruri batho ba one Bajuta? Nnyaa, ga go a nna jalo! Maikaelelo a one e ne e le go dira gore poloko ya one e bonwe ke Badichaba, gonne Bajuta ba ne ba tlaa fufega ba bo ba simolola go ipatlela poloko ya Modimo ka bo bone. 12 Jaanong fa e le gore lefatshe lotlhe le humisitswe ka ntlha ya neo ya Modimo ya poloko, erile fa Bajuta ba kgotswa mo go yone ba bo ba e itatola, akanyang gore lefatshe le le tlaa nna le seabe sa lesego le legolo thata jang motlhang Bajuta le bone ba tlang kwa go Keresete. 13 Jaaka lo itse, Modimo o ntlhophetse go nna morongwa wa botlhokwa mo go lona badichaba. Ke gatelela selo se, ebile ke gakolola Bajuta kaga sone gangwe le gape fela ka fa ke ka kgonang ka teng, 14 gore e re fa go kgonega ke tle ke ba ratise se lona Badichaba lo nang naso mme ka yone tsela eo ke boloke bangwe ba bone. 15 Mme go tlaa nna go ntle thata jang fa ba nna Bakeresete! Erile fa Modimo o ba furalela go bo go raya gore o retologetse kwa go Badichaba go ba naya poloko ya one; mme jaanong ebile go go ntle thata fa Bajuta ba tla mo go Keresete. Go tlaa bo go tshwana le batho ba ba suleng ba boela mo botshelong. 16 Mme ka Aberahame le baporofiti e le batho ba Modimo, le bana ba bone e tlaa nna bana ba Modimo. Gonne fa medi ya setlhare e le boitshepo, dikala le tsone di tlaa nna fela jalo. 17 Mme dingwe tsa dikala tse, tse di tswang mo setlhareng sa ga Aberahame, dingwe tsa Bajuta, di kgaotswe. Mme lona Badichaba ba lo foo lo le dikala, a re re kgotsa, lo ditlhare tse di neng di kgaotswe mo motlhwareng wa naga, lwa lomelelwa mo go one. Jaanong le lona, lo amogela lesego le Modimo o le solofeditseng Aberahame le bana ba gagwe, lo tlhakanela go ja dikotla tsa Modimo. 18 Mme o ikele tlhoko o seka wa ipelafatsa ka go lomelelwa ga gago mo motlhwareng go emisetsa dikala tse di neng di kgaotswe. Gakologelwa gore o botlhokwa fela ka ntlha ya gore jaanong o kala ya setlhare sa Modimo; o kala fela, e seng modi. 19 Mme o ka ne o re, “Hei, dikala tsele di ne di kgaolelwa gore ke tle ke lomelelwe, jalo, he, mo go raya gore ke tshwanetse ka be ke siame tota.” 20 Tlhokomelang Gakologelwang gore dikala tseo, ebong Bajuta ba lomolotswe ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele Modimo, mme wena o foo fela ka gore o a dumela. Se nne le boikgogomoso, nna le boingotlo le go leboga gape o ikele tlhoko. 21 Gonne fa Modimo o ise o ke o rekegele dikala tse o neng wa di tlhogisa pele, le wena ga o na go go rekegela. 22 Lemoga ka fa Modimo o leng pelonomi le pelo-e-thata ka teng. O pelo e thata mo go maswe mo go ba ba sa o reetseng, mme o molemo thata mo go wena fa o tswelela ka go o rata le go o ikanya. Mme fa o sa dire jalo, le wena o tlaa kgaolwa. 23 Gape, fa Bajuta ba kgaogana le go tlhoka go dumela ga bone mme ba boela kwa Modimong, Modimo o tlaa ba lomelela gape mo setlhareng. O na le nonofo go dira jalo. 24 Gonne fa Modimo o ne wa lo tsaya lona ba lo neng lo le kgakala nao, lo le dikala tsa motlhware wa naga, wa ba wa lo lomelela mo setlhareng sa one se se molemo, a ga lo bone gore o tlaa bo o ipaakanyeditse go lomelela Bajuta ba ba neng ba le foo lwa ntlha? 25 Ke batla gore lo itse kaga boammaaruri jo, jo bo tswang kwa Modimong, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tlo lo seka lwa ikgogomosa lwa simolola go belafala. Ee, ke boammaruri gore jaanong bangwe ba Bajuta ba itirile go nna kgatlhano le Mafoko a a Molemo, mme mo go tlaa nna fela jalo go fitlhelela lona Badichaba lo tla mo go Keresete. 26 Mme hong Chaba yotlhe e tlaa bolokwa. A lo gakologelwa se baporofiti ba se buileng kaga se? “Go tlaa tswa Mogolodi mo Siona, mme o tlaa sokolola Bajuta mo boikepong jotlhe. 27 Ka nako eo ke tlaa tlosa dibe tsa bone tsotlhe, fela jaaka ke solofeditse.” 28 Jaanong bontsi jwa Bajuta ke baba ba Mafoko a a Molemo. Ba a a ila. Mme mo go lo solegela molemo, gonne go dirile gore Modimo o lo neye dineo tsa one lona Badichaba. Legale Bajuta ba sa ntse ba ratwa ke Modimo ka ntlha ya ditsholofetso tsa one mo go Aberahame, Isake le Jakoba. 29 Gonne Modimo ga o ke o busetsa morago dineo le pitso ya one; ga o kitla o boela kwa morago mo ditsholofetsong tsa one. 30 Lo kile lwa bo lo le batsuulodi ba Modimo, mme erile fa Bajuta ba gana dineo tsa one, Modimo mo boemong jwa go gana ga bone wa nna kutlwelo botlhoko mo go lona. 31 Mme jaanong Bajuta ke batsuulodi, legale letsatsi lengwe le bone ba tlaa balelwa mo kutlwelong botlhoko ya Modimo fela jaaka lona. 32 Gonne Modimo o ba dirile baleofi botlhe gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe ka go tshwana. 33 Ana re na le Modimo O O molemo jang? Botlhale jwa one le kitso le dikhumo tsa one di dikgolo jang! Ga go kgonege jang mo go rona go tlhaloganya maikaelelo a One le ditsela tsa One. 34 Gonne ke ofe mo go rona yo o ka itseng mogopolo wa Morena? Ke mang yo o ka itseng sentle go ka nna mogakolodi le mogogi wa one? 35 Gape ke ofe yo o ka abelang Morena sengwe se se lekanyeng pele go mo tlhotlheletsa gore le ene a tle a mo direle sengwe? 36 Gonne sengwe le sengwe se ntse ka nonofo ya one. A kgalalelo e nne mo go one ka bosakhutleng.

In Other Versions

Romans 11 in the ANGEFD

Romans 11 in the ANTPNG2D

Romans 11 in the AS21

Romans 11 in the BAGH

Romans 11 in the BBPNG

Romans 11 in the BBT1E

Romans 11 in the BDS

Romans 11 in the BEV

Romans 11 in the BHAD

Romans 11 in the BIB

Romans 11 in the BLPT

Romans 11 in the BNT

Romans 11 in the BNTABOOT

Romans 11 in the BNTLV

Romans 11 in the BOATCB

Romans 11 in the BOATCB2

Romans 11 in the BOBCV

Romans 11 in the BOCNT

Romans 11 in the BOECS

Romans 11 in the BOGWICC

Romans 11 in the BOHCB

Romans 11 in the BOHCV

Romans 11 in the BOHLNT

Romans 11 in the BOHNTLTAL

Romans 11 in the BOICB

Romans 11 in the BOILNTAP

Romans 11 in the BOITCV

Romans 11 in the BOKCV

Romans 11 in the BOKCV2

Romans 11 in the BOKHWOG

Romans 11 in the BOKSSV

Romans 11 in the BOLCB

Romans 11 in the BOLCB2

Romans 11 in the BOMCV

Romans 11 in the BONAV

Romans 11 in the BONCB

Romans 11 in the BONLT

Romans 11 in the BONUT2

Romans 11 in the BOPLNT

Romans 11 in the BOSCB

Romans 11 in the BOSNC

Romans 11 in the BOVCB

Romans 11 in the BOYCB

Romans 11 in the BPBB

Romans 11 in the BPH

Romans 11 in the BSB

Romans 11 in the CCB

Romans 11 in the CUV

Romans 11 in the CUVS

Romans 11 in the DBT

Romans 11 in the DGDNT

Romans 11 in the DHNT

Romans 11 in the DNT

Romans 11 in the ELBE

Romans 11 in the EMTV

Romans 11 in the ESV

Romans 11 in the FBV

Romans 11 in the FEB

Romans 11 in the GGMNT

Romans 11 in the GNT

Romans 11 in the HARY

Romans 11 in the HNT

Romans 11 in the IRVA

Romans 11 in the IRVB

Romans 11 in the IRVG

Romans 11 in the IRVH

Romans 11 in the IRVK

Romans 11 in the IRVM

Romans 11 in the IRVM2

Romans 11 in the IRVO

Romans 11 in the IRVP

Romans 11 in the IRVT

Romans 11 in the IRVT2

Romans 11 in the IRVU

Romans 11 in the ISVN

Romans 11 in the JSNT

Romans 11 in the KAPI

Romans 11 in the KBT1ETNIK

Romans 11 in the KBV

Romans 11 in the KJV

Romans 11 in the KNFD

Romans 11 in the LBA

Romans 11 in the LBLA

Romans 11 in the LNT

Romans 11 in the LSV

Romans 11 in the MAAL

Romans 11 in the MBV

Romans 11 in the MBV2

Romans 11 in the MHNT

Romans 11 in the MKNFD

Romans 11 in the MNG

Romans 11 in the MNT

Romans 11 in the MNT2

Romans 11 in the MRS1T

Romans 11 in the NAA

Romans 11 in the NASB

Romans 11 in the NBLA

Romans 11 in the NBS

Romans 11 in the NBVTP

Romans 11 in the NET2

Romans 11 in the NIV11

Romans 11 in the NNT

Romans 11 in the NNT2

Romans 11 in the NNT3

Romans 11 in the PDDPT

Romans 11 in the PFNT

Romans 11 in the RMNT

Romans 11 in the SBIAS

Romans 11 in the SBIBS

Romans 11 in the SBIBS2

Romans 11 in the SBICS

Romans 11 in the SBIDS

Romans 11 in the SBIGS

Romans 11 in the SBIHS

Romans 11 in the SBIIS

Romans 11 in the SBIIS2

Romans 11 in the SBIIS3

Romans 11 in the SBIKS

Romans 11 in the SBIKS2

Romans 11 in the SBIMS

Romans 11 in the SBIOS

Romans 11 in the SBIPS

Romans 11 in the SBISS

Romans 11 in the SBITS

Romans 11 in the SBITS2

Romans 11 in the SBITS3

Romans 11 in the SBITS4

Romans 11 in the SBIUS

Romans 11 in the SBIVS

Romans 11 in the SBT

Romans 11 in the SBT1E

Romans 11 in the SCHL

Romans 11 in the SNT

Romans 11 in the SUSU

Romans 11 in the SUSU2

Romans 11 in the SYNO

Romans 11 in the TBIAOTANT

Romans 11 in the TBT1E

Romans 11 in the TBT1E2

Romans 11 in the TFTIP

Romans 11 in the TFTU

Romans 11 in the TGNTATF3T

Romans 11 in the THAI

Romans 11 in the TNFD

Romans 11 in the TNT

Romans 11 in the TNTIK

Romans 11 in the TNTIL

Romans 11 in the TNTIN

Romans 11 in the TNTIP

Romans 11 in the TNTIZ

Romans 11 in the TOMA

Romans 11 in the TTENT

Romans 11 in the UBG

Romans 11 in the UGV

Romans 11 in the UGV2

Romans 11 in the UGV3

Romans 11 in the VBL

Romans 11 in the VDCC

Romans 11 in the YALU

Romans 11 in the YAPE

Romans 11 in the YBVTP

Romans 11 in the ZBP