Romans 6 (BOTLNT)

1 Jalo he, a re tlaa nna re tswelela re dira dibe gore Modimo o tle o nne o re kaele tshiamo le boitshwarelo. 2 2-3 Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe. 4 Nonofo ya tlholego ya lona e kgologolo e e ratang go leofa e tsentswe le ene mo phupung ka kolobetso fa a a swa, mme erile fa Modimo Rara, ka nonofo e e galalelang o mo rudisa, lo ne lwa neelwa botshelo jwa gagwe jo bontle jo bosha go itumela ka jone. 5 Gonne lo fetogile tokololo ya gagwe, jalo he lo sule nae, go bua jalo ke raya ka nako e a neng a a swa ka yone; mme jaanong lo na le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha mme lo tlaa tsoga fela jaaka a ne a tsoga. 6 Dikeletso tsa lona tse di bosula tsa bogologolo di ne tsa kokotelwa mo mokgorong nae, tokololo eo ya lona e e ratang go leofa e ne ya ripitliwa ya ba ya ntshiwa dintho mo go bolayang, gore mmele wa gago o o ratang go leofa o seka wa tlhola o nna ka fa tlase ga taolo ya sebe, o sa tlhole o tlhoka go nna motlhanka wa boleo; 7 gonne fa o sa tlhole o dira sebe o golotswe mo thaelong ya sone le nonofo ya sone go go laola. 8 Mme ka tlholego ya lona e kgologolo ya go rata boleo e “sule” le Keresete, re itse gore lo tlaa nna le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha. 9 Keresete o tsogile mo baswing mme ga a kitla a tlhola a a swa gape. Loso ga lo sa tlhole lo na le nonofo mo go ene. 10 O swetse ruri gangwe fela go fedisa nonofo ya sebe, mme jaanong o tshela ka metlha yotlhe mo botsalanong go ya bosakhutleng. 11 Jalo he, tsaya tlholego ya gago e kgologolo ya sebe jaaka e ka bo e sule e sa tsaalane molelo le sebe, mme mo boemong jwa go utlwana le sebe tshelela Modimo, o tlhomame mo go one, ka Jesu Keresete Morena wa rona. 12 Se tlhole o letlelela sebe go laola mmele wa gago o o kgobaletseng; se ineele mo dithatong tsa one tse di leofang. 13 Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng. 14 Sebe ga se sa tlhole se tshwanetse go nna monnga lona, gonne jaanong ga lo sa tlhole lo golegeletswe mo molaong mo sebe se lo dirang makgoba teng, mme lo gololesegile ka fa tlase ga thato ya Modimo le kutlwelo-botlhoko ya one. 15 A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo! 16 A ga o lemoge gore o ka itlhophela mong wa gago? O ka tlhopha sebe (le loso) kgotsa theetso (le kgololo). Yo o mo ineelang, o tlaa go tsaya a bo a nna mong wa gago mme o tlaa nna motlhanka wa gagwe. 17 A go lebogwe Modimo ka gore le fa lo kile lwa itlhophela go nna batlhanka ba boleo; jaanong lo tshegeditse thuto e Modimo o e lo neileng ka pelo yotlhe ya lona. 18 Mme jaanong lo gololesegile mo go mong wa lona yo mogologolo, (sebe); jaanong lo batlhanka ba mong wa lona yo mosha, ebong tshiamo. 19 Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile. 20 Mo malatsing ale fa lo ne lo sa ntse lo le batlhanka ba boleo, lo ne lo sa tshwenyege ka tshiamo ya Modimo. 21 Mme maduo e ne ya nna eng? Go bonala sentle gore ga e aka ya nna tshiamo, ka jaanong lo tlhabiwa ke ditlhong go akanya kaga dilo tse lo kileng lwa bo lo di dira, gonne tsotlhe di felela mo tatlhegong ya bosakhutleng. 22 Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng. 23 Gonne maduo a boleo ke loso, mme neo ya Mo-dimo e e sa rekweng ke botshelo jo bosakhutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona.

In Other Versions

Romans 6 in the ANGEFD

Romans 6 in the ANTPNG2D

Romans 6 in the AS21

Romans 6 in the BAGH

Romans 6 in the BBPNG

Romans 6 in the BBT1E

Romans 6 in the BDS

Romans 6 in the BEV

Romans 6 in the BHAD

Romans 6 in the BIB

Romans 6 in the BLPT

Romans 6 in the BNT

Romans 6 in the BNTABOOT

Romans 6 in the BNTLV

Romans 6 in the BOATCB

Romans 6 in the BOATCB2

Romans 6 in the BOBCV

Romans 6 in the BOCNT

Romans 6 in the BOECS

Romans 6 in the BOGWICC

Romans 6 in the BOHCB

Romans 6 in the BOHCV

Romans 6 in the BOHLNT

Romans 6 in the BOHNTLTAL

Romans 6 in the BOICB

Romans 6 in the BOILNTAP

Romans 6 in the BOITCV

Romans 6 in the BOKCV

Romans 6 in the BOKCV2

Romans 6 in the BOKHWOG

Romans 6 in the BOKSSV

Romans 6 in the BOLCB

Romans 6 in the BOLCB2

Romans 6 in the BOMCV

Romans 6 in the BONAV

Romans 6 in the BONCB

Romans 6 in the BONLT

Romans 6 in the BONUT2

Romans 6 in the BOPLNT

Romans 6 in the BOSCB

Romans 6 in the BOSNC

Romans 6 in the BOVCB

Romans 6 in the BOYCB

Romans 6 in the BPBB

Romans 6 in the BPH

Romans 6 in the BSB

Romans 6 in the CCB

Romans 6 in the CUV

Romans 6 in the CUVS

Romans 6 in the DBT

Romans 6 in the DGDNT

Romans 6 in the DHNT

Romans 6 in the DNT

Romans 6 in the ELBE

Romans 6 in the EMTV

Romans 6 in the ESV

Romans 6 in the FBV

Romans 6 in the FEB

Romans 6 in the GGMNT

Romans 6 in the GNT

Romans 6 in the HARY

Romans 6 in the HNT

Romans 6 in the IRVA

Romans 6 in the IRVB

Romans 6 in the IRVG

Romans 6 in the IRVH

Romans 6 in the IRVK

Romans 6 in the IRVM

Romans 6 in the IRVM2

Romans 6 in the IRVO

Romans 6 in the IRVP

Romans 6 in the IRVT

Romans 6 in the IRVT2

Romans 6 in the IRVU

Romans 6 in the ISVN

Romans 6 in the JSNT

Romans 6 in the KAPI

Romans 6 in the KBT1ETNIK

Romans 6 in the KBV

Romans 6 in the KJV

Romans 6 in the KNFD

Romans 6 in the LBA

Romans 6 in the LBLA

Romans 6 in the LNT

Romans 6 in the LSV

Romans 6 in the MAAL

Romans 6 in the MBV

Romans 6 in the MBV2

Romans 6 in the MHNT

Romans 6 in the MKNFD

Romans 6 in the MNG

Romans 6 in the MNT

Romans 6 in the MNT2

Romans 6 in the MRS1T

Romans 6 in the NAA

Romans 6 in the NASB

Romans 6 in the NBLA

Romans 6 in the NBS

Romans 6 in the NBVTP

Romans 6 in the NET2

Romans 6 in the NIV11

Romans 6 in the NNT

Romans 6 in the NNT2

Romans 6 in the NNT3

Romans 6 in the PDDPT

Romans 6 in the PFNT

Romans 6 in the RMNT

Romans 6 in the SBIAS

Romans 6 in the SBIBS

Romans 6 in the SBIBS2

Romans 6 in the SBICS

Romans 6 in the SBIDS

Romans 6 in the SBIGS

Romans 6 in the SBIHS

Romans 6 in the SBIIS

Romans 6 in the SBIIS2

Romans 6 in the SBIIS3

Romans 6 in the SBIKS

Romans 6 in the SBIKS2

Romans 6 in the SBIMS

Romans 6 in the SBIOS

Romans 6 in the SBIPS

Romans 6 in the SBISS

Romans 6 in the SBITS

Romans 6 in the SBITS2

Romans 6 in the SBITS3

Romans 6 in the SBITS4

Romans 6 in the SBIUS

Romans 6 in the SBIVS

Romans 6 in the SBT

Romans 6 in the SBT1E

Romans 6 in the SCHL

Romans 6 in the SNT

Romans 6 in the SUSU

Romans 6 in the SUSU2

Romans 6 in the SYNO

Romans 6 in the TBIAOTANT

Romans 6 in the TBT1E

Romans 6 in the TBT1E2

Romans 6 in the TFTIP

Romans 6 in the TFTU

Romans 6 in the TGNTATF3T

Romans 6 in the THAI

Romans 6 in the TNFD

Romans 6 in the TNT

Romans 6 in the TNTIK

Romans 6 in the TNTIL

Romans 6 in the TNTIN

Romans 6 in the TNTIP

Romans 6 in the TNTIZ

Romans 6 in the TOMA

Romans 6 in the TTENT

Romans 6 in the UBG

Romans 6 in the UGV

Romans 6 in the UGV2

Romans 6 in the UGV3

Romans 6 in the VBL

Romans 6 in the VDCC

Romans 6 in the YALU

Romans 6 in the YAPE

Romans 6 in the YBVTP

Romans 6 in the ZBP