1 John 4 (BOTLNT)

1 Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri, 2 mme tsela ya go bona gore a molaetsa wa bone o tswa mo Moweng O O Boitshepo ke go botsa potso e e reng, “A go dumelesega tota gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a nna motho a le mo mmeleng wa setho fela jaaka rona?” Fa e le gore go ntse jalo, mme molaetsa o tswa kwa Modimong. 3 Fa e le gore ga go a nna jalo, molaetsa ga o tswe kwa Modimong, o tswa kwa go yo o tlhabantshang Keresete, jaaka “Moganetsa-Keresete” yo lo utlwileng ka ga gagwe yo o tlaa tlang mme mokgwa wa gagwe wa bobaba o o tlhabantshang ba ba kgatlhanong le Keresete, 4 gonne go na le mongwe mo dipelong tsa lona yo o nonofileng go gaisa moruti mongwe le mongwe yo o bosula mo lefatsheng leno la boikepo. 5 Batho ba ke ba lefatshe leno, jalo ka tlholego ba beile megopolo fela mo dilong tsa lefatshe ebile lefatshe le a ba reetsa. 6 Mme rona re bana ba Modimo; ke sone se e leng gore ba ba tsamayang le Modimo ba bo ba bua le One ke bone fela ba ba tlaa re reetsang. Ba bangwe ga ba kitla ba re reetsa, ke yone tsela e nngwe ya go itse gore a molaetsa o tswa kwa Modimong tota; gonne fa e le gore go ntse jalo, lefatshe ga le na go o reetsa. 7 Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka. 8 Mme fa motho a sena lorato le bopelonomi, go supa gore ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato. 9 Modimo o supile ka fa o re ratang ka teng ka go roma Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng leno la boikepo go re leretse botshelo ja bosakhutleng ka loso lwa gagwe. 10 Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona. 11 Ditsala tse di rategang, ere ka Modimo o re ratile mo go kalo, re tshwanetse go ratana le rona. 12 Gonne le fa re ise re ke re bone Modimo, fa re ratana Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa One mo go rona lo a nonofa. 13 Ebile o tsentse Mowa wa One O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo mo go rona gore re nna le One mme le One o nna le rona. 14 Ebile gape, re bonye ka matlho a rona mme jaanong re bolelela lefatshe lotlhe gore Modimo o romile Morwaone go nna Mmoloki wa bone. 15 Le fa e le mang yo o dumelang gore Jesu ke Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo go One. 16 Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene. 17 Mme ka re nna le Keresete, lorato lwa rona lo gola sentle thata ka boitekanelo; jalo he ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re swaba ka letsatsi la tshekiso, mme re tlaa lebagana nae ka tshepo le ka boitumelo, gonne o a re rata mme le rona re a mo rata. 18 Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri. 19 Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele. 20 Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone? 21 Mme Modimo ka sebele o rile motho a seka a rata Modimo fela, mme a rate le mogagabo.

In Other Versions

1 John 4 in the ANGEFD

1 John 4 in the ANTPNG2D

1 John 4 in the AS21

1 John 4 in the BAGH

1 John 4 in the BBPNG

1 John 4 in the BBT1E

1 John 4 in the BDS

1 John 4 in the BEV

1 John 4 in the BHAD

1 John 4 in the BIB

1 John 4 in the BLPT

1 John 4 in the BNT

1 John 4 in the BNTABOOT

1 John 4 in the BNTLV

1 John 4 in the BOATCB

1 John 4 in the BOATCB2

1 John 4 in the BOBCV

1 John 4 in the BOCNT

1 John 4 in the BOECS

1 John 4 in the BOGWICC

1 John 4 in the BOHCB

1 John 4 in the BOHCV

1 John 4 in the BOHLNT

1 John 4 in the BOHNTLTAL

1 John 4 in the BOICB

1 John 4 in the BOILNTAP

1 John 4 in the BOITCV

1 John 4 in the BOKCV

1 John 4 in the BOKCV2

1 John 4 in the BOKHWOG

1 John 4 in the BOKSSV

1 John 4 in the BOLCB

1 John 4 in the BOLCB2

1 John 4 in the BOMCV

1 John 4 in the BONAV

1 John 4 in the BONCB

1 John 4 in the BONLT

1 John 4 in the BONUT2

1 John 4 in the BOPLNT

1 John 4 in the BOSCB

1 John 4 in the BOSNC

1 John 4 in the BOVCB

1 John 4 in the BOYCB

1 John 4 in the BPBB

1 John 4 in the BPH

1 John 4 in the BSB

1 John 4 in the CCB

1 John 4 in the CUV

1 John 4 in the CUVS

1 John 4 in the DBT

1 John 4 in the DGDNT

1 John 4 in the DHNT

1 John 4 in the DNT

1 John 4 in the ELBE

1 John 4 in the EMTV

1 John 4 in the ESV

1 John 4 in the FBV

1 John 4 in the FEB

1 John 4 in the GGMNT

1 John 4 in the GNT

1 John 4 in the HARY

1 John 4 in the HNT

1 John 4 in the IRVA

1 John 4 in the IRVB

1 John 4 in the IRVG

1 John 4 in the IRVH

1 John 4 in the IRVK

1 John 4 in the IRVM

1 John 4 in the IRVM2

1 John 4 in the IRVO

1 John 4 in the IRVP

1 John 4 in the IRVT

1 John 4 in the IRVT2

1 John 4 in the IRVU

1 John 4 in the ISVN

1 John 4 in the JSNT

1 John 4 in the KAPI

1 John 4 in the KBT1ETNIK

1 John 4 in the KBV

1 John 4 in the KJV

1 John 4 in the KNFD

1 John 4 in the LBA

1 John 4 in the LBLA

1 John 4 in the LNT

1 John 4 in the LSV

1 John 4 in the MAAL

1 John 4 in the MBV

1 John 4 in the MBV2

1 John 4 in the MHNT

1 John 4 in the MKNFD

1 John 4 in the MNG

1 John 4 in the MNT

1 John 4 in the MNT2

1 John 4 in the MRS1T

1 John 4 in the NAA

1 John 4 in the NASB

1 John 4 in the NBLA

1 John 4 in the NBS

1 John 4 in the NBVTP

1 John 4 in the NET2

1 John 4 in the NIV11

1 John 4 in the NNT

1 John 4 in the NNT2

1 John 4 in the NNT3

1 John 4 in the PDDPT

1 John 4 in the PFNT

1 John 4 in the RMNT

1 John 4 in the SBIAS

1 John 4 in the SBIBS

1 John 4 in the SBIBS2

1 John 4 in the SBICS

1 John 4 in the SBIDS

1 John 4 in the SBIGS

1 John 4 in the SBIHS

1 John 4 in the SBIIS

1 John 4 in the SBIIS2

1 John 4 in the SBIIS3

1 John 4 in the SBIKS

1 John 4 in the SBIKS2

1 John 4 in the SBIMS

1 John 4 in the SBIOS

1 John 4 in the SBIPS

1 John 4 in the SBISS

1 John 4 in the SBITS

1 John 4 in the SBITS2

1 John 4 in the SBITS3

1 John 4 in the SBITS4

1 John 4 in the SBIUS

1 John 4 in the SBIVS

1 John 4 in the SBT

1 John 4 in the SBT1E

1 John 4 in the SCHL

1 John 4 in the SNT

1 John 4 in the SUSU

1 John 4 in the SUSU2

1 John 4 in the SYNO

1 John 4 in the TBIAOTANT

1 John 4 in the TBT1E

1 John 4 in the TBT1E2

1 John 4 in the TFTIP

1 John 4 in the TFTU

1 John 4 in the TGNTATF3T

1 John 4 in the THAI

1 John 4 in the TNFD

1 John 4 in the TNT

1 John 4 in the TNTIK

1 John 4 in the TNTIL

1 John 4 in the TNTIN

1 John 4 in the TNTIP

1 John 4 in the TNTIZ

1 John 4 in the TOMA

1 John 4 in the TTENT

1 John 4 in the UBG

1 John 4 in the UGV

1 John 4 in the UGV2

1 John 4 in the UGV3

1 John 4 in the VBL

1 John 4 in the VDCC

1 John 4 in the YALU

1 John 4 in the YAPE

1 John 4 in the YBVTP

1 John 4 in the ZBP