Mark 12 (BOTLNT)

1 Tse ke ditshwantsho dingwe tsa dipolelo tse Jesu o kileng a di bolelela batho ka nako eo. Monna o kile a jala tshimo, mme a e agelela ka logora a ba a epa lehuti la go gamolela matute a moretlwa, a aga ntlo ya molebeledi. Hong a naya balemi tshimo go e thapa ka tuelo, mme a ya kwa lefatshing le le kgakala. 2 Ka motlha wa thobo a romela mongwe wa badiri ba gagwe go tla go tsaya seabe sa gagwe sa thobo. 3 Mme balemi ba itaya morongwa ba mmusetsa morago a sa tsaya sepe. 4 Mme mong wa tshimo a romela mongwe gape wa badiri ba gagwe, yo le ene o neng a itewa fela jalo, ba mo itaya go gaisa wa pele, gonne o ne a ntshitswe dintho tse di boitshegang mo tlhogong. 5 Monna yo mongwe yo o neng a mo romile o ne a bolawa; mme morago, ba bangwe ba ne ba itewa kgotsa ba bolawa, 6 go fitlhela go sala a le mongwe fela, ebong morwawe yo o tsetsweng a le esi. La bofelo a romela ene, a gopola gore ba tlaa mo tlotla. 7 “Mme e rile fa balemi ba mmona a tla ba re, ‘Ke ene yo o tlaa tsayang tshimo fa rraagwe a a swa. Tlang re mmolayeng. Hong tshimo e tlaa nna ya rona!’ 8 Hong ba mo tshwara ba mmolaya ba latlhela setopo sa gagwe kwa ntle ga tshimo. 9 “O akanya gore mong wa tshimo o tlaa dirang fa a utlwa ka se se diragetseng? O tlaa tla a ba bolaya botlhe, mme a neela ba bangwe tshimo eo. 10 A ga lo ga kologelwe gore lo badile temana mo dikwalong? e e reng, ‘Lentswe le baagi ba neng ba le latlha le ne la nna lentswe la kgokgotsho, lentswe le le tlotlegang thata mo kagong! 11 Se ke tiro ya Modimo e bile ke selo se se gakgamatsang go bonwa.’ ” 12 Baeteledipele ba Bajuta ba ne ba batla go mo tshwara teng foo, ka ntlha ya go dirisa setshwantsho se, gonne ba ne ba itse gore o raya bone, e ne e le balemi ba ba bosula mo polelong ya gagwe. 13 Mme ba romela bangwe ba baeteledipele ba tumelo le ba dipolotiki go bua le ene le go leka go mo lalela gore a tle a bue sengwe se ba ka lekang go mo tshwara ka sone. 14 Mme ditlhola tse tsa re, “Moruti, re itse gore o bolela boammaaruri le fa go ntse jang! Ga o tlhotlhelediwe ke dikakanyo le dikeletso tsa batho, mme o ruta ditsela tsa Modimo sentle. Jaanong re bole lele, a go siame go duela lekgetho la Roma, kgotsa nnyaa?” 15 Jesu a bona leano la bone mme a re, “Ntshupegetsang ledi mme ke tlaa lo bolelela.” 16 E rile fa ba le mo naya a re, “Setshwantsho se le mokwalo ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re, “Ke tsa ga Kaesara.” 17 Mme Jesu a ba raya a re, “Go siame, fa e le gore ke tsa gagwe, mo neyeng ditsa gagwe. Mme tse eleng tsa Modimo di tshwanetse go newa Modimo!” Mme ba simolola go ingwaya ditlhogo ka ntlha ya go palelwa ke karabo ya gagwe. 18 Hong Basadukai ba tla kwa go ene, e le setlhopha sengwe sa banna se se reng ga go na tsogo ya baswi. Potso ya bone ke e: 19 “Moruti, Moshe o re neile molao gore fa motho a a swa a sena bana, a monnawe a tseye mosadi wa gagwe mme a nne le bana le ene mo leineng la ga mogolowe. 20 20-22 Go kile ga bo go le bomorwa motho ba supa mme yo mo tona a nyala, a swa a sena bana. Jalo monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene a akofa a swa a sena bana. Mme yo mongwe a mo nyala le ene a swa a sena bana ga tswelela jalo go fitlhelela ba a swa botlhe. Mme le gona go ne go sena bana; morago ga moo mosadi le ene a swa. 23 “Se re batlang go se itse ke se—Mo tsogong ya baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang gonne e ne e le mosadi wa bone botlhe?” 24 Jesu a araba a re, “Molato wa lona ke gore ga lo itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo. 25 Gonne e tlaa re fa batho ba ba supang ba, le mosadi ba tsoga mo baswing, ba tlaa bo ba sa nyala mme ba tlaa bo ba tshwana le baengele. 26 “Mme kaga tsogo ya baswi a ga lo ise lo ke lo bale mo lokwalong lwa ga Ekesodo ka ga Moshe le setlhare se se tukang? Modimo o ne wa raya Moshe wa re, ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe’. 27 “Modimo o ne o bolelela Moshe gore batho ba, le fa ba sule mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng, ba ne ba sa ntse ba tshela, gonne o ka bo o se ka wa re, ‘Ke Modimo wa ba ba seong!’ Lo dirile phoso e tona.” 28 Mme mongwe wa baruti ba tumelo yo o neng a eme foo a reeditse puisanyo ya bone a lemoga gore Jesu o arabile sentle. Hong a botsa a re, “Mo melaong yotlhe, ke ofe wa botlhokwa?” 29 Jesu a araba a re, “Ke o o reng, ‘Utlwa wena Iseraele! Morena Modimo wa rona ke ene Modimo a le nosi. 30 Mme o tshwanetse go mo rata ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa le ka tlhaloganyo le ka thata yotlhe ya gago.’ 31 “Wa bobedi wa re, ‘O tshwanetse go rata ba bangwe fela jaaka o ithata;’ ga go na melao epe e e fetang e.” 32 Mme Moruti wa tumelo a araba a re, “Morena o buile boammaaruri fa o re go na le Modimo o le mongwe fela mme ga go na ope gape. 33 Mme ke itse gore go tlhokega thata go mo rata ka pelo yotlhe ya me le ka kitso, le go rata ba bangwe jaaka ke ithata, go na le go ntsha mehuta yotlhe ya ditlhabelo mo aletareng ya Tempele.” 34 Mme e rile Jesu a lemoga go tlhaloganya ga monna yo a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.” Mme morago ga moo ga seka ga tlhola ga nna le ope yo o pelokgale go mmotsa dipotso. 35 Ya re morago Jesu a ntse a ruta batho mo tikologong ya Tempele, a ba botsa potso e: “Ke eng fa baruti ba tumelo ya lona ba re, Mesia o tshwanetse a bo a le wa lotso lwa ga Kgosi Dafide? 36 Dafide ka esi o buile ka Mowa o o Boitshepo a re, ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong ja me je legolo, ke be ke tle ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ 37 E re ka Dafide a ne a mmitsa Morena wa gagwe, o ka nna morwawe jang?” (Kakanyo e ya itumedisa bontsintsi jwa batho, mme ba mo reetsa ka kgatlhego e kgolo thata.) 38 Dilo dingwe tse a di ba rutileng ka nako eo ke tse: “Itlhokomeleng mo baruting ba tumelo! Gonne ba rata go apara diaparo tsa bahumi le tsa barutegi, le gore batho botlhe ba ba ikobele fa ba tsamaya mo marekisetsong. 39 Ba rata go nna mo ditilong tse di kwa pele mo ditempeleng le manno a tlotlo mo medirong, 40 mme ga ba tlhabiwe ke ditlhong go tsietsa batlholagadi mo matlung a bone, tota ba fitlha gore ke batho ba mekgwa e e ntseng jang, ba dira jaaka o ka re ba obamela Modimo ka go rapela dithapelo tse di telele mo ponong ya batho. Ka ntlha ya go dira jalo katlholo ya bone e tlaa nna e kgolo.” 41 Hong a ya fa letloleng la madi a Tempele a nna fa fatshe a lebelela fa bontsi jwa batho bo ntse bo latlhela madi. Bangwe ba ba neng ba humile ba ne ba latlhela a magolo. 42 Hong ga tla mosadi wa motlholagadi wa mohumanegi a tla a latlhela dithebe di le pedi. 43 43-44 A biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Mohumanegi yole wa motlholagadi o ntshitse mo go golo go feta gotlhe ga bahumi go kopantswe! Gonne bone ba ntshitse mo go botlana, ga dikhumo tsa bone, fa ene a ntshitse thebe ya gagwe ya bofelo.”

In Other Versions

Mark 12 in the ANGEFD

Mark 12 in the ANTPNG2D

Mark 12 in the AS21

Mark 12 in the BAGH

Mark 12 in the BBPNG

Mark 12 in the BBT1E

Mark 12 in the BDS

Mark 12 in the BEV

Mark 12 in the BHAD

Mark 12 in the BIB

Mark 12 in the BLPT

Mark 12 in the BNT

Mark 12 in the BNTABOOT

Mark 12 in the BNTLV

Mark 12 in the BOATCB

Mark 12 in the BOATCB2

Mark 12 in the BOBCV

Mark 12 in the BOCNT

Mark 12 in the BOECS

Mark 12 in the BOGWICC

Mark 12 in the BOHCB

Mark 12 in the BOHCV

Mark 12 in the BOHLNT

Mark 12 in the BOHNTLTAL

Mark 12 in the BOICB

Mark 12 in the BOILNTAP

Mark 12 in the BOITCV

Mark 12 in the BOKCV

Mark 12 in the BOKCV2

Mark 12 in the BOKHWOG

Mark 12 in the BOKSSV

Mark 12 in the BOLCB

Mark 12 in the BOLCB2

Mark 12 in the BOMCV

Mark 12 in the BONAV

Mark 12 in the BONCB

Mark 12 in the BONLT

Mark 12 in the BONUT2

Mark 12 in the BOPLNT

Mark 12 in the BOSCB

Mark 12 in the BOSNC

Mark 12 in the BOVCB

Mark 12 in the BOYCB

Mark 12 in the BPBB

Mark 12 in the BPH

Mark 12 in the BSB

Mark 12 in the CCB

Mark 12 in the CUV

Mark 12 in the CUVS

Mark 12 in the DBT

Mark 12 in the DGDNT

Mark 12 in the DHNT

Mark 12 in the DNT

Mark 12 in the ELBE

Mark 12 in the EMTV

Mark 12 in the ESV

Mark 12 in the FBV

Mark 12 in the FEB

Mark 12 in the GGMNT

Mark 12 in the GNT

Mark 12 in the HARY

Mark 12 in the HNT

Mark 12 in the IRVA

Mark 12 in the IRVB

Mark 12 in the IRVG

Mark 12 in the IRVH

Mark 12 in the IRVK

Mark 12 in the IRVM

Mark 12 in the IRVM2

Mark 12 in the IRVO

Mark 12 in the IRVP

Mark 12 in the IRVT

Mark 12 in the IRVT2

Mark 12 in the IRVU

Mark 12 in the ISVN

Mark 12 in the JSNT

Mark 12 in the KAPI

Mark 12 in the KBT1ETNIK

Mark 12 in the KBV

Mark 12 in the KJV

Mark 12 in the KNFD

Mark 12 in the LBA

Mark 12 in the LBLA

Mark 12 in the LNT

Mark 12 in the LSV

Mark 12 in the MAAL

Mark 12 in the MBV

Mark 12 in the MBV2

Mark 12 in the MHNT

Mark 12 in the MKNFD

Mark 12 in the MNG

Mark 12 in the MNT

Mark 12 in the MNT2

Mark 12 in the MRS1T

Mark 12 in the NAA

Mark 12 in the NASB

Mark 12 in the NBLA

Mark 12 in the NBS

Mark 12 in the NBVTP

Mark 12 in the NET2

Mark 12 in the NIV11

Mark 12 in the NNT

Mark 12 in the NNT2

Mark 12 in the NNT3

Mark 12 in the PDDPT

Mark 12 in the PFNT

Mark 12 in the RMNT

Mark 12 in the SBIAS

Mark 12 in the SBIBS

Mark 12 in the SBIBS2

Mark 12 in the SBICS

Mark 12 in the SBIDS

Mark 12 in the SBIGS

Mark 12 in the SBIHS

Mark 12 in the SBIIS

Mark 12 in the SBIIS2

Mark 12 in the SBIIS3

Mark 12 in the SBIKS

Mark 12 in the SBIKS2

Mark 12 in the SBIMS

Mark 12 in the SBIOS

Mark 12 in the SBIPS

Mark 12 in the SBISS

Mark 12 in the SBITS

Mark 12 in the SBITS2

Mark 12 in the SBITS3

Mark 12 in the SBITS4

Mark 12 in the SBIUS

Mark 12 in the SBIVS

Mark 12 in the SBT

Mark 12 in the SBT1E

Mark 12 in the SCHL

Mark 12 in the SNT

Mark 12 in the SUSU

Mark 12 in the SUSU2

Mark 12 in the SYNO

Mark 12 in the TBIAOTANT

Mark 12 in the TBT1E

Mark 12 in the TBT1E2

Mark 12 in the TFTIP

Mark 12 in the TFTU

Mark 12 in the TGNTATF3T

Mark 12 in the THAI

Mark 12 in the TNFD

Mark 12 in the TNT

Mark 12 in the TNTIK

Mark 12 in the TNTIL

Mark 12 in the TNTIN

Mark 12 in the TNTIP

Mark 12 in the TNTIZ

Mark 12 in the TOMA

Mark 12 in the TTENT

Mark 12 in the UBG

Mark 12 in the UGV

Mark 12 in the UGV2

Mark 12 in the UGV3

Mark 12 in the VBL

Mark 12 in the VDCC

Mark 12 in the YALU

Mark 12 in the YAPE

Mark 12 in the YBVTP

Mark 12 in the ZBP