Mark 3 (BOTLNT)

1 Erile Jesu a sa ntse a le mo Kaperanama a ya kwa Tempeleng gape, mme a bona teng monna yo o neng a omeletse letsogo. 2 Ka e ne e le letsatsi la Sabata, baba ba ga Jesu ba mo tlhoma matlho thata gore a o tlaa fodisa letsogo la monna yo? Fa a ne a ka dira jalo, ba ne ba ikaeletse go mo tshwara! 3 Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego. 4 Mme a retologela kwa babeng ba gagwe a ba botsa a re, “A go siame go dira ditiro tse di molemo ka malatsi a Sabata? Kgotsa a ke letsatsi la go utlwisa botlhoko? A ke letsatsi la go boloka matshelo kgotsa go a senya?” Mme ga ba ise ba ke ba mo arabe. 5 Erile a ba leba ka kgalefo gonne o ne a tshwentswe ke go tlhoka kelotlhoko ga bone mo ditlhokong tsa batho, a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago.” A le otlolola mme ka bofefo letsogo la gagwe la fola. 6 Mme e rile fela ka yone nako eo Bafarasai ba tsamaya ba ya go kopana le Baherodia ba loga maano a go mmolaya. 7 7-8 Erile ka lobakanyana, Jesu, le barutwa ba gagwe ba ya kwa lotshitshing lwa lewatle, ba setswe morago ke bontsintsi jwa batho go tswa mo tikologong yotlhe ya Galalea, Judea Jerusalema, Idumea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane, le go tswa bokgakala jo bo kanang ka Ture le Sidona. Gonne dikgang ka ga dikgakgamatso tsa gagwe di ne di utlwetse kwa kgakala le ka bophara mme batho ba le bantsi ba tla go iponela ka matlho. 9 Mme a laela barutwa ba gagwe go tlisa mokoro le go o baakanyetsa gore o tle o mo namole fa a ka pitlaganyediwa ke batho mo lotshitshing. 10 Gonne go ne ga diragala diphodiso di le dintsi ka letsatsi leo, mme ya re ka ntlha ya moo balwetse ba le bantsi ba mo dikaganyetsa, ba leka go mo ama. 11 E ne e tle e re ka dinako tsotlhe fa ba ba tsenweng ke mewa e e maswe ba mmona ba wele fa fatshe fa pele ga gagwe ba goele kwa godimo ba re, “O Morwa Modimo!” 12 Mme a ba laya thata gore ba seka ba mo utlwatsa. 13 Erile morago ga moo a tlhatlogela kwa godimo ga dithaba mme a bitsa bangwe ba ene o ba tlhophileng, a ba laletsa go tsamaya nae; mme ba dira jalo. 14 14-15 Hong a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna bapati ba gagwe ba malatsi otlhe le go tswela kwa ntle nae go ya go rera le go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. 16 16-19 A ke maina a ba ba lesome le bobedi ba o ba tlhophileng: Simone (yo o neng a mmitsa Petere) Jakobe le Johane (bomorwa Sebede, Jesu a ba bitsa barwa Tumo ya Maru). Anterea, Filipo, Baretholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (Morwa Alefaio) Thadaeo, Simone (yo o neng e le wa leloko la lekgotla la dipolotiki le le neng le ikemiseditse go menola puso ya Roma.) Judase Isekariota, (yo e leng ene yo o mo okileng). 20 Mme e rile a boela kwa ntlung e o neng a nna mo go yone, boidiidi jwa batho jwa simolola go phuthega gape, mme ya re ka bofefo ntlo ya tlala baeng ba le bantsi mo o neng a tlhoka le yone nako ya go ja. 21 Erile fa ditsala tsa gagwe di utlwa se se neng se diragala tsa tla go leka go mo tsaya tsa mo isa kwa di nnang teng. “Tsa re, O tlhakanye tlhogo.” 22 Mme baruti ba tumelo ya Sejuta ba ba neng ba tsile ba tswa Jerusalema ba re, “Molato wa gagwe ke gore o tsenwe ke Satane kgosi ya Mewa e e maswe. Ke ka moo mewa e e maswe e mo reetsang.” 23 Hong Jesu a bitsa banna ba, mme a ba botsa (A dirisa diane tse botlhe ba neng ba di tlhaloganya), a re, “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang? 24 Bogosi jo bo ikgaogantseng ka bo jone bo tlaa swa. 25 Lolwapa lo lo tletseng dikgogakgogano le dikgaogano lo inyeletsa ka bo lone. 26 Mme fa Satane a itwantsha, o ka dira eng? Ga a kitla a ema. 27 [Satane o tshwanetse go golegwa pele ga mewa e e maswe e kgoromelediwa ntle]. Fela jaaka monna yo o nonofileng a tshwanetse go golegwa pele ga ntlo ya gagwe e ka thujwa a ba a gapelwa dilwana. 28 “Mme ke lo tlhomamisetsa gore boleo bongwe le bongwe jwa motho bo ka itshwarelwa, le e leng go ntlhapatsa tota. 29 Mme go tlhapatsa Mowa o o Boitshepo ga go kake ga itshwarelwa, ke sebe sa bosakhutleng.” 30 O ne a ba raya jalo ka ntlha ya gore ba ne ba re o dira dikgakgamatso ka nonofo ya ga Satane. (Mo boemong jwa gore ba dumele gore e ne e le ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo). 31 31-32 Hong mmaagwe le bomonnawe ba tla mo ntlung e bontsi jwa batho bo neng bo kgobokanetse mo go yone, fa a neng a rutela teng, ba romela mongwe gore a ba mmiletse. Ba mo raya ba re, “Mmago le bomonnao ba kwa ntle ba batla go go bona.” 33 Hong Jesu a araba a re, “Mme ke mang? Bonnake ke bo mang?” 34 A leba ba ba mo dikologileng a re, “Mme le bonnake ke ba! 35 Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Modimo ke nnake, ke kgaitsadiake, ke mme.”

In Other Versions

Mark 3 in the ANGEFD

Mark 3 in the ANTPNG2D

Mark 3 in the AS21

Mark 3 in the BAGH

Mark 3 in the BBPNG

Mark 3 in the BBT1E

Mark 3 in the BDS

Mark 3 in the BEV

Mark 3 in the BHAD

Mark 3 in the BIB

Mark 3 in the BLPT

Mark 3 in the BNT

Mark 3 in the BNTABOOT

Mark 3 in the BNTLV

Mark 3 in the BOATCB

Mark 3 in the BOATCB2

Mark 3 in the BOBCV

Mark 3 in the BOCNT

Mark 3 in the BOECS

Mark 3 in the BOGWICC

Mark 3 in the BOHCB

Mark 3 in the BOHCV

Mark 3 in the BOHLNT

Mark 3 in the BOHNTLTAL

Mark 3 in the BOICB

Mark 3 in the BOILNTAP

Mark 3 in the BOITCV

Mark 3 in the BOKCV

Mark 3 in the BOKCV2

Mark 3 in the BOKHWOG

Mark 3 in the BOKSSV

Mark 3 in the BOLCB

Mark 3 in the BOLCB2

Mark 3 in the BOMCV

Mark 3 in the BONAV

Mark 3 in the BONCB

Mark 3 in the BONLT

Mark 3 in the BONUT2

Mark 3 in the BOPLNT

Mark 3 in the BOSCB

Mark 3 in the BOSNC

Mark 3 in the BOVCB

Mark 3 in the BOYCB

Mark 3 in the BPBB

Mark 3 in the BPH

Mark 3 in the BSB

Mark 3 in the CCB

Mark 3 in the CUV

Mark 3 in the CUVS

Mark 3 in the DBT

Mark 3 in the DGDNT

Mark 3 in the DHNT

Mark 3 in the DNT

Mark 3 in the ELBE

Mark 3 in the EMTV

Mark 3 in the ESV

Mark 3 in the FBV

Mark 3 in the FEB

Mark 3 in the GGMNT

Mark 3 in the GNT

Mark 3 in the HARY

Mark 3 in the HNT

Mark 3 in the IRVA

Mark 3 in the IRVB

Mark 3 in the IRVG

Mark 3 in the IRVH

Mark 3 in the IRVK

Mark 3 in the IRVM

Mark 3 in the IRVM2

Mark 3 in the IRVO

Mark 3 in the IRVP

Mark 3 in the IRVT

Mark 3 in the IRVT2

Mark 3 in the IRVU

Mark 3 in the ISVN

Mark 3 in the JSNT

Mark 3 in the KAPI

Mark 3 in the KBT1ETNIK

Mark 3 in the KBV

Mark 3 in the KJV

Mark 3 in the KNFD

Mark 3 in the LBA

Mark 3 in the LBLA

Mark 3 in the LNT

Mark 3 in the LSV

Mark 3 in the MAAL

Mark 3 in the MBV

Mark 3 in the MBV2

Mark 3 in the MHNT

Mark 3 in the MKNFD

Mark 3 in the MNG

Mark 3 in the MNT

Mark 3 in the MNT2

Mark 3 in the MRS1T

Mark 3 in the NAA

Mark 3 in the NASB

Mark 3 in the NBLA

Mark 3 in the NBS

Mark 3 in the NBVTP

Mark 3 in the NET2

Mark 3 in the NIV11

Mark 3 in the NNT

Mark 3 in the NNT2

Mark 3 in the NNT3

Mark 3 in the PDDPT

Mark 3 in the PFNT

Mark 3 in the RMNT

Mark 3 in the SBIAS

Mark 3 in the SBIBS

Mark 3 in the SBIBS2

Mark 3 in the SBICS

Mark 3 in the SBIDS

Mark 3 in the SBIGS

Mark 3 in the SBIHS

Mark 3 in the SBIIS

Mark 3 in the SBIIS2

Mark 3 in the SBIIS3

Mark 3 in the SBIKS

Mark 3 in the SBIKS2

Mark 3 in the SBIMS

Mark 3 in the SBIOS

Mark 3 in the SBIPS

Mark 3 in the SBISS

Mark 3 in the SBITS

Mark 3 in the SBITS2

Mark 3 in the SBITS3

Mark 3 in the SBITS4

Mark 3 in the SBIUS

Mark 3 in the SBIVS

Mark 3 in the SBT

Mark 3 in the SBT1E

Mark 3 in the SCHL

Mark 3 in the SNT

Mark 3 in the SUSU

Mark 3 in the SUSU2

Mark 3 in the SYNO

Mark 3 in the TBIAOTANT

Mark 3 in the TBT1E

Mark 3 in the TBT1E2

Mark 3 in the TFTIP

Mark 3 in the TFTU

Mark 3 in the TGNTATF3T

Mark 3 in the THAI

Mark 3 in the TNFD

Mark 3 in the TNT

Mark 3 in the TNTIK

Mark 3 in the TNTIL

Mark 3 in the TNTIN

Mark 3 in the TNTIP

Mark 3 in the TNTIZ

Mark 3 in the TOMA

Mark 3 in the TTENT

Mark 3 in the UBG

Mark 3 in the UGV

Mark 3 in the UGV2

Mark 3 in the UGV3

Mark 3 in the VBL

Mark 3 in the VDCC

Mark 3 in the YALU

Mark 3 in the YAPE

Mark 3 in the YBVTP

Mark 3 in the ZBP