Acts 1 (BOTLNT)

1 1-2 Tsala e e rategang e e ratang Modimo: mo lokwalong lwa me lwa ntlha, ke lo boleletse kaga botshelo le dithuto tsa ga Morena Jesu le ka fa a neng a boela legodimong ka teng fa a sena go fa barutwa ba gagwe ditaelo tse di tswang kwa Moweng O O Boitshepo. 3 Mo malatsing a le masome mane morago ga papolo ya gagwe, o ne a ntse a ipontsha barutwa ba gagwe a le mo sebopegong sa setho, gape a ba lemotsha ka ditsela tse dintsi gore ke ene tota yo ba mmonang. Mme mo dinakong tse o ne a buisanya le bone kaga Bogosi jwa Modimo. 4 Mo go nngwe ya diphuthego tse, o ne a ba bolelela gore ba seka ba tloga mo Jerusalema go fitlhelela Mowa O O Boitshepo o ba apesa e le go diragatsa tsholofetso ya ga Rara, puo e a neng a kile a buisanya le bone ka yone. 5 Mme a ba gakolola gore “Johane o kolobeditse ka metsi, mme jaanong lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo mo malatsing a se kae a a tlang”. 6 Mme ka lobaka longwe fa a bonala kwa go bone, ba mmotsa ba re, “Morena a o ya go golola Iseraele [mo go Roma] jaanong o bo o re dira chaba e e gololesegileng?” 7 Mme a fetola a re, “Rara ke ene a rulaganyang dipaka tsa go nna jalo. Mme ga se ga lona gore lo itse kaga tsone. 8 Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.” 9 Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo. 10 Fa ba sa ntse ba mo tsepegile matlho go mmona lwa bofelo, ka tshoganetso banna ba babedi ba apere dipurapura tse di tshweu ba bo ba eme fa thoko ga bone, 11 mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!” 12 Ba ne ba le kwa Thabeng Lotlhware fa se se diragala, jaanong ba boela kwa morago ba tsamaya sephatlo sa mmaele go boela kwa Jerusalema. 13 13-14 Mme ba tshwara thapelo mo ntlwanenge e kwa godimo e ba neng ba nna mo go yone. A ke maina a ba ba neng ba le teng mo phuthegong ya thapelo. Petere, Johane, Jakobe Anderea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe, le bomorwa rraagwe Jesu, ba le setlhophanyana le mmaagwe Jesu, ba ne ba le teng. 15 Phuthego e ya thapelo e ne ya tswelela ka malatsi a le mantsi. Mme ya re ka nako eo, mo letsatsing leo fa go ne go na le batho ba ka nna lekgolo le masome a mabedi, Petere o ne a ema ka dinao mme a ba raya a re: 16 “Bakaulengwe, go ne go tlhokega gore dikwalo di diragadiwe mabapi le Jutase yo o okileng Jesu ka go supegetsa bontsintsi jwa batho kwa a leng teng, gonne selo se, se sale se boletswe pele bogologolo ka Mowa O O Boitshepo o bua ka Kgosi Dafide. 17 “Jutase e ne e le mongwe wa rona a tlhophilwe go nna morutwa fela jaaka rona. 18 O ne a reka setsha sa lefatshe ka madi a o a amogetseng ka go loga maano a boithamako mme a wela fa fatshe a phanyega ka bogare mme mala a gagwe a gorometsegela kwa ntle. 19 Dikgang tsa loso lwa gagwe di ne tsa anama ka bofefo mo bathong ba Jerusalema, jalo ba bitsa setsha seo Lefatshe la Madi.! 20 “Polelelo-pele ya ga Kgosi Dafide ka ga se, e bonwa mo lokwalong lwa Dipesalema mo a reng, ‘A motse wa gagwe o senngwe o seka wa nnwa ke ope.’ Gape, ‘A tiro ya gagwe e neelwe o sele go e dira.’ 21 21-22 “Mme jaanong re tshwanetse go tlhopha mongwe yo o ka tsayang maemo a ga Jutase, le go re tlatsa re le basupi ba tsogo ya ga Jesu. A re tlhopheng mongwe yo o saleng a nna le rona go simolola fa re tsalana le Morena, go tloga ka nako e o neng a kolobediwa ke Johane go fitlhelela a tseelwa kwa legodimong.” 23 Phuthego e ne ya tlhopha maina a banna ba le babedi: Jusefa Justiso (yo gape a itsegeng ka leina la Barenabase) le Mathiase. 24 24-25 Jalo ba rapela gore ba tlhope monna yo o tshwanetseng, ba re, “O! Morena, o itse pelo nngwe le nngwe re bontshe gore ke ofe wa banna ba yo wena o mo kgethileng gore a nne moaposetoloi, yo o ileng kwa mannong a a mo tshwanetseng.”. 26 Jalo ba laola ka bola mme ya re ba gasa bola jwa supa Mathiase, jalo a kgethwa go nna mongwe wa ba ba lesome le motso.

In Other Versions

Acts 1 in the ANGEFD

Acts 1 in the ANTPNG2D

Acts 1 in the AS21

Acts 1 in the BAGH

Acts 1 in the BBPNG

Acts 1 in the BBT1E

Acts 1 in the BDS

Acts 1 in the BEV

Acts 1 in the BHAD

Acts 1 in the BIB

Acts 1 in the BLPT

Acts 1 in the BNT

Acts 1 in the BNTABOOT

Acts 1 in the BNTLV

Acts 1 in the BOATCB

Acts 1 in the BOATCB2

Acts 1 in the BOBCV

Acts 1 in the BOCNT

Acts 1 in the BOECS

Acts 1 in the BOGWICC

Acts 1 in the BOHCB

Acts 1 in the BOHCV

Acts 1 in the BOHLNT

Acts 1 in the BOHNTLTAL

Acts 1 in the BOICB

Acts 1 in the BOILNTAP

Acts 1 in the BOITCV

Acts 1 in the BOKCV

Acts 1 in the BOKCV2

Acts 1 in the BOKHWOG

Acts 1 in the BOKSSV

Acts 1 in the BOLCB

Acts 1 in the BOLCB2

Acts 1 in the BOMCV

Acts 1 in the BONAV

Acts 1 in the BONCB

Acts 1 in the BONLT

Acts 1 in the BONUT2

Acts 1 in the BOPLNT

Acts 1 in the BOSCB

Acts 1 in the BOSNC

Acts 1 in the BOVCB

Acts 1 in the BOYCB

Acts 1 in the BPBB

Acts 1 in the BPH

Acts 1 in the BSB

Acts 1 in the CCB

Acts 1 in the CUV

Acts 1 in the CUVS

Acts 1 in the DBT

Acts 1 in the DGDNT

Acts 1 in the DHNT

Acts 1 in the DNT

Acts 1 in the ELBE

Acts 1 in the EMTV

Acts 1 in the ESV

Acts 1 in the FBV

Acts 1 in the FEB

Acts 1 in the GGMNT

Acts 1 in the GNT

Acts 1 in the HARY

Acts 1 in the HNT

Acts 1 in the IRVA

Acts 1 in the IRVB

Acts 1 in the IRVG

Acts 1 in the IRVH

Acts 1 in the IRVK

Acts 1 in the IRVM

Acts 1 in the IRVM2

Acts 1 in the IRVO

Acts 1 in the IRVP

Acts 1 in the IRVT

Acts 1 in the IRVT2

Acts 1 in the IRVU

Acts 1 in the ISVN

Acts 1 in the JSNT

Acts 1 in the KAPI

Acts 1 in the KBT1ETNIK

Acts 1 in the KBV

Acts 1 in the KJV

Acts 1 in the KNFD

Acts 1 in the LBA

Acts 1 in the LBLA

Acts 1 in the LNT

Acts 1 in the LSV

Acts 1 in the MAAL

Acts 1 in the MBV

Acts 1 in the MBV2

Acts 1 in the MHNT

Acts 1 in the MKNFD

Acts 1 in the MNG

Acts 1 in the MNT

Acts 1 in the MNT2

Acts 1 in the MRS1T

Acts 1 in the NAA

Acts 1 in the NASB

Acts 1 in the NBLA

Acts 1 in the NBS

Acts 1 in the NBVTP

Acts 1 in the NET2

Acts 1 in the NIV11

Acts 1 in the NNT

Acts 1 in the NNT2

Acts 1 in the NNT3

Acts 1 in the PDDPT

Acts 1 in the PFNT

Acts 1 in the RMNT

Acts 1 in the SBIAS

Acts 1 in the SBIBS

Acts 1 in the SBIBS2

Acts 1 in the SBICS

Acts 1 in the SBIDS

Acts 1 in the SBIGS

Acts 1 in the SBIHS

Acts 1 in the SBIIS

Acts 1 in the SBIIS2

Acts 1 in the SBIIS3

Acts 1 in the SBIKS

Acts 1 in the SBIKS2

Acts 1 in the SBIMS

Acts 1 in the SBIOS

Acts 1 in the SBIPS

Acts 1 in the SBISS

Acts 1 in the SBITS

Acts 1 in the SBITS2

Acts 1 in the SBITS3

Acts 1 in the SBITS4

Acts 1 in the SBIUS

Acts 1 in the SBIVS

Acts 1 in the SBT

Acts 1 in the SBT1E

Acts 1 in the SCHL

Acts 1 in the SNT

Acts 1 in the SUSU

Acts 1 in the SUSU2

Acts 1 in the SYNO

Acts 1 in the TBIAOTANT

Acts 1 in the TBT1E

Acts 1 in the TBT1E2

Acts 1 in the TFTIP

Acts 1 in the TFTU

Acts 1 in the TGNTATF3T

Acts 1 in the THAI

Acts 1 in the TNFD

Acts 1 in the TNT

Acts 1 in the TNTIK

Acts 1 in the TNTIL

Acts 1 in the TNTIN

Acts 1 in the TNTIP

Acts 1 in the TNTIZ

Acts 1 in the TOMA

Acts 1 in the TTENT

Acts 1 in the UBG

Acts 1 in the UGV

Acts 1 in the UGV2

Acts 1 in the UGV3

Acts 1 in the VBL

Acts 1 in the VDCC

Acts 1 in the YALU

Acts 1 in the YAPE

Acts 1 in the YBVTP

Acts 1 in the ZBP