John 11 (BOTLNT)

1 1-2 Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri. 3 Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.” 4 Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, “Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo.” 5 Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata, 6 o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa. 7 Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, “A re yeng kwa Judea.” 8 Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, “Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?” 9 Jesu a fetola a re, “Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe. 10 Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi.” 11 Mme a bua a re, “Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!” 12 12-13 Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, “Moo go raya gore o nna botoka!” Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule. 14 Mme a ba bolelela sentle a re, “Lasaro o sule. 15 Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene.” 16 Thomase yo o bidiwang “Lewelana” a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, “A re tsamaeng le rona re ye go swa nae.” 17 Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane. 18 Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema, 19 mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso. 20 Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng. 21 Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa. 22 Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo.” 23 Jesu a mo raya a re, “Kgaitsadio o tlaa rula.” 24 Maratha a re, “Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo.” 25 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape. 26 O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?” 27 Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.” 28 Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, “Jesu o fano o batla go go bona.” 29 Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene. 30 Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng. 31 Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago. 32 Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, “Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela.” 33 Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega. 34 Mme a ba botsa a re, “O fitlhilwe kae?”, “Tla o bone.” 35 Jesu a lela. 36 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang.” 37 37-38 Mme bangwe ba re, “Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?” Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata. 39 Jesu a ba raya a re, “Pitikololelang lentswe kwa thoko.” Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, “Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule.” 40 Jesu a mmotsa a re, “A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?” 41 Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago. 42 (O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile).” 43 Mme a goa a re, “Lasaro, tswela kwa ntle!” 44 Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!” 45 Mme jalo lwa bofelo fa baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba na le Marea ba bona tiragalo eo, ba dumela ene! 46 Mme bangwe ba ya kwa Bafarasaing go ba bolelela ka ga gone. 47 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa bitsa lekgotla go buisanya ka ga tiragalo e. Mme ba botsanya ba re, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso? 48 Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.” 49 Mme mongwe wa bone ebong Kaeafase, yo a neng a le Moperesiti yo Mogolo mo ngwageng eo, a re, “Dieleele ke lona, 50 tlogelang monna yo a swele batho botlhe, ke eng fa sechaba sotlhe se ka nyelela ka ntlha ya motho a le nosi?” 51 Seporofeto se sa gore Jesu o tshwanetse go swela Sechaba sotlhe, se dule mo go Kaefase a le mo maemong a gagwe jaaka a ne a le Moperesiti yo mogolo, e ne e se ene a se ikakanyeditseng mme o ne a tlhotlhelediwa ke mowa go bua jalo. 52 E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe. 53 Jalo go simolola nako eo baeteledipele ba Sejuta ba simolola go tsoma Jesu. 54 Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe. 55 Tlolaganyo, e e leng letsatsi la Sejuta la boitapoloso, e ne e le gaufi, mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong ba goroga mo Jerusalema malatsinyana a sa le kwa pele gore ba tle ba tsene mo modirong wa bontlafatso pele ga Tlolaganyo e simolola. 56 Ba ne ba batla go bona Jesu, mme ka ba ne ba sebaseba mo Tempeleng, ba be ba botsanya ba re, “Lo akanya jang? A o tlaa tla kwa Tlolaganyong?” 57 Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware.

In Other Versions

John 11 in the ANGEFD

John 11 in the ANTPNG2D

John 11 in the AS21

John 11 in the BAGH

John 11 in the BBPNG

John 11 in the BBT1E

John 11 in the BDS

John 11 in the BEV

John 11 in the BHAD

John 11 in the BIB

John 11 in the BLPT

John 11 in the BNT

John 11 in the BNTABOOT

John 11 in the BNTLV

John 11 in the BOATCB

John 11 in the BOATCB2

John 11 in the BOBCV

John 11 in the BOCNT

John 11 in the BOECS

John 11 in the BOGWICC

John 11 in the BOHCB

John 11 in the BOHCV

John 11 in the BOHLNT

John 11 in the BOHNTLTAL

John 11 in the BOICB

John 11 in the BOILNTAP

John 11 in the BOITCV

John 11 in the BOKCV

John 11 in the BOKCV2

John 11 in the BOKHWOG

John 11 in the BOKSSV

John 11 in the BOLCB

John 11 in the BOLCB2

John 11 in the BOMCV

John 11 in the BONAV

John 11 in the BONCB

John 11 in the BONLT

John 11 in the BONUT2

John 11 in the BOPLNT

John 11 in the BOSCB

John 11 in the BOSNC

John 11 in the BOVCB

John 11 in the BOYCB

John 11 in the BPBB

John 11 in the BPH

John 11 in the BSB

John 11 in the CCB

John 11 in the CUV

John 11 in the CUVS

John 11 in the DBT

John 11 in the DGDNT

John 11 in the DHNT

John 11 in the DNT

John 11 in the ELBE

John 11 in the EMTV

John 11 in the ESV

John 11 in the FBV

John 11 in the FEB

John 11 in the GGMNT

John 11 in the GNT

John 11 in the HARY

John 11 in the HNT

John 11 in the IRVA

John 11 in the IRVB

John 11 in the IRVG

John 11 in the IRVH

John 11 in the IRVK

John 11 in the IRVM

John 11 in the IRVM2

John 11 in the IRVO

John 11 in the IRVP

John 11 in the IRVT

John 11 in the IRVT2

John 11 in the IRVU

John 11 in the ISVN

John 11 in the JSNT

John 11 in the KAPI

John 11 in the KBT1ETNIK

John 11 in the KBV

John 11 in the KJV

John 11 in the KNFD

John 11 in the LBA

John 11 in the LBLA

John 11 in the LNT

John 11 in the LSV

John 11 in the MAAL

John 11 in the MBV

John 11 in the MBV2

John 11 in the MHNT

John 11 in the MKNFD

John 11 in the MNG

John 11 in the MNT

John 11 in the MNT2

John 11 in the MRS1T

John 11 in the NAA

John 11 in the NASB

John 11 in the NBLA

John 11 in the NBS

John 11 in the NBVTP

John 11 in the NET2

John 11 in the NIV11

John 11 in the NNT

John 11 in the NNT2

John 11 in the NNT3

John 11 in the PDDPT

John 11 in the PFNT

John 11 in the RMNT

John 11 in the SBIAS

John 11 in the SBIBS

John 11 in the SBIBS2

John 11 in the SBICS

John 11 in the SBIDS

John 11 in the SBIGS

John 11 in the SBIHS

John 11 in the SBIIS

John 11 in the SBIIS2

John 11 in the SBIIS3

John 11 in the SBIKS

John 11 in the SBIKS2

John 11 in the SBIMS

John 11 in the SBIOS

John 11 in the SBIPS

John 11 in the SBISS

John 11 in the SBITS

John 11 in the SBITS2

John 11 in the SBITS3

John 11 in the SBITS4

John 11 in the SBIUS

John 11 in the SBIVS

John 11 in the SBT

John 11 in the SBT1E

John 11 in the SCHL

John 11 in the SNT

John 11 in the SUSU

John 11 in the SUSU2

John 11 in the SYNO

John 11 in the TBIAOTANT

John 11 in the TBT1E

John 11 in the TBT1E2

John 11 in the TFTIP

John 11 in the TFTU

John 11 in the TGNTATF3T

John 11 in the THAI

John 11 in the TNFD

John 11 in the TNT

John 11 in the TNTIK

John 11 in the TNTIL

John 11 in the TNTIN

John 11 in the TNTIP

John 11 in the TNTIZ

John 11 in the TOMA

John 11 in the TTENT

John 11 in the UBG

John 11 in the UGV

John 11 in the UGV2

John 11 in the UGV3

John 11 in the VBL

John 11 in the VDCC

John 11 in the YALU

John 11 in the YAPE

John 11 in the YBVTP

John 11 in the ZBP