John 19 (BOTLNT)

1 Mme Pilatwe a fatola mokwatla wa ga Jesu ka thupa, 2 mme masole a loga serwalo sa mitlwa a se mo rwesa mo tlhogong a bo a mo apesa seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. 3 Ba mo sotla ba re, “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba bo ba mo itaya ka mabole. 4 Pilatwe tswela kwa ntle gape mme a raya Bajuta a re, “Ke ya go mo ntshetsa kwa ntle kwa go lona jaanong, mme legale tlhaloganyang sentle gore nna ga ke mmone molato.” 5 Mme Jesu a tswela kwa ntle a rwele serwalo sa mitlwa a bile a apere seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilatwe a re, “Bonang monna yo!” 6 Erile fela fa ba mmona, ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuta ba simolola go goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!” Pilatwe a re, “Mmapoleng lona, nna ga ke mmone molato.” 7 Mme ba mo fetola ba re, “Ka melao ya rona o tshwanetse go swa gonne o ipiditse Morwa Modimo.” 8 Erile fa Pilatwe a utlwa ba bua jalo, a tshoga thata go gaisa malatsi otlhe. 9 A busetsa Jesu kwa kgotleng ya tshekelo a mmotsa a re, “O tswa kae?” Mme Jesu a seka a ntsha karabo epe. 10 Mme Pilatwe a re, “A ga o batle go bua le nna? A ga o lemoge gore ke na le nonofo ya go go golola kgotsa go go bapola?” 11 Mme Jesu a re, “O ka bo o sena nonofo epe gotlhelele mo go nna fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo. Mme ba ba ntlisitseng kwa go wena ba na le sebe se segolo.” 12 Mme Pilatwe a leka go mo golola, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesara. Le fa e le mang yo o ipitsang gore ke Kgosi o tlhabana le Kaesara.” 13 Erile Pilatwe a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle gape kwa go bone mme a nna mo setilong sa tshekelo mo bonnong jo bo dirilweng ka matlapa. 14 E ne jaanong e ka nna motshegare wa sethoboloko pele ga letsatsi la Tlolaganyo. Mme Pilatwe a raya Bajuta a re, “Kgosi ya lona ke e!” 15 Mme ba goa ba re, “A a ye koo, A a ye koo, mmapole!” Pilatwe a re, “Lwa reng? Ke bapole Kgosi ya lona? Baperesiti ba bagolo ba goa ba re, Ga re na kgosi epe fa se Kaesara.” 16 Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore a bapolwe. 17 Jalo Jesu lwa bofelo a tsenngwa mo diatleng tsa bone, mme a tseelwa kwa ntle ga motse, a itshikaretse mokgoro a isiwa kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka Sehebera le bidiwa “Gologotha.” 18 Ba feta ba mmapola le ba bangwe teng koo ba le babedi, yo mongwe a bapolwa ka fa letsogong la gagwe la molema, yo mongwe ka fa go la moja, Jesu a le fa gare ga bone. 19 Mme Pilatwe a baya sesupo fa godimo ga ga Jesu se se balegang jaana, “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.” 20 Lefelo le Jesu a bapoletsweng mo go lone le ne le le gaufi le motse; mme sesupo se ne se kwadilwe ka Selatina le Segerika, gore batho ba le bantsi ba tle ba kgone go se bala. 21 Mme baperesiti ba bagolo ba raya Pilatwe ba re, “Fetola sesupo mo go reng, ‘Kgosi ya Bajuta’ o se fetolele mo go reng, ‘A re ke Kgosi ya Bajuta’.” 22 Pilatwe a fetola a re, “Se ke se kwadileng ke se kwadile. Se nna fela jaaka se ntse.” 23 23-24 Erile masole a sena go bapola Jesu, a baya diaparo tsa gagwe ka mekoanyana e le mene, mongwe le mongwe wa one masole ao a nna le seabe mo mekoanyaneng eo. Mme ba re, “Re seka ra kgagola seaparo sa gagwe,” gonne se ne se sena momeno, “A re se tsheleleng bola (mataese) gore re tle re bone gore se tsewa e mang.” Mo ga diragatsa polelo ya dikwalo e e reng, “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme ba tshelela hempe ya me bola.” 25 Se ke sone se ba se dirileng. Gaufi le mokgoro go ne go eme Marea Mma Jesu le mmangwanaagwe ebong mosadi wa ga Kelopase le Marea Magatalena. 26 Erile fa Jesu a bona mmaagwe a eme foo fa thoko ga me, nna tsala ya gagwe e kgolo, a raya mmaagwe a re, “Ke morwao.” 27 Nna a nthaya a re, “Ke mmago.” Mme go simolola foo ka mo tseela kwa lwapeng lwa me. 28 Jesu a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe, mme go diragatsa dikwalo a bua a re, “Ke nyorilwe.” 29 Nkgwana ya mofine o o botsarara e ne e le foo, mme ngami ya inwa mo go yone ya ba ya tlhomelwa ka thupa ya mosiama mme ya tsholelediwa kwa molomong wa gagwe. 30 Erile fa Jesu a sena go leka mofine ka legano, a re, “Go fedile,” mme a lepeletsa tlhogo a golola mowa wa gagwe. 31 Baeteledipele ba Sejuta ba ne ba sa rate gore batho ba ba bapotsweng ba nne foo go fitlhelela letsatsi le le latelang, le e neng e le Sabata (le gone e le Sabata yo mogolo thata, gonne e ne e le Tlolaganyo) mme ba kopa Pilatwe go laola gore maoto a banna bao a rojwe go re ba swe ka bonako, le gore mebele ya bone e tle e folosiwe. 32 Mme masole a tla a roba maoto a banna ba babedi ba ba bapotsweng le Jesu; 33 mme erile fa ba tla kwa go ene, ba bona gore o setse a sule, mme ba seka ba roba a gagwe. 34 Le fa go ntse jalo, mongwe wa masole a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka segai, mme madi le metsi a elela. 35 Ke iponetse selo se ka matlho mme ke ntshitse polelo ya boammaaruri gore le lona lo dumele. 36 36-37 Masole a dira jaana a diragatsa seporofeso sa dikwalo se se reng, “Le fa e le lengwe la marapo a gagwe ga le na go rojwa, mme ba tlaa leba kwa go ene yo ba mo tlhabileng.” 38 Moragonyana Josefa wa Arimathea, yo a neng a le morutwa wa ga Jesu ka sephiri ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, a kopa Pilatwe ka bopelokgale go mo fa tetlelelo ya go tsaya mmele wa ga Jesu; mme Pilatwe a mo raya a re o ka tswelela pele wa ya go o tsaya. Mme a ya teng a ya go o tsaya a tsamaya ka one. 39 Nikodemo, monna yo a neng a kile a ya kwa go Jesu go le bosigo, a tla le ene a lere lookwane lo lo dirilweng ka mera le aloe lo lo tlhwatlhwa ya makgolo a le mabedi a dipula. 40 Botlhe ka bobedi ba phutha mmele wa ga Jesu ka leloba le le telele le innwe mo ditlolong tse di nkgang monate, ka e le mokgwa wa Sejuta wa phitlho. 41 Lefelo la Papolelo le ne le le gaufi le sekgwa sa ditlhare, kwa go neng go na le lebitla le lesha le le neng le ise le ke le dirisiwe. 42 Mme jalo, ka ntlha ya iketleetso pele ga Sabata, le ka ntlha ya gore lebitla le ne le le gautshwane, ba mo robatsa mo go lone.

In Other Versions

John 19 in the ANGEFD

John 19 in the ANTPNG2D

John 19 in the AS21

John 19 in the BAGH

John 19 in the BBPNG

John 19 in the BBT1E

John 19 in the BDS

John 19 in the BEV

John 19 in the BHAD

John 19 in the BIB

John 19 in the BLPT

John 19 in the BNT

John 19 in the BNTABOOT

John 19 in the BNTLV

John 19 in the BOATCB

John 19 in the BOATCB2

John 19 in the BOBCV

John 19 in the BOCNT

John 19 in the BOECS

John 19 in the BOGWICC

John 19 in the BOHCB

John 19 in the BOHCV

John 19 in the BOHLNT

John 19 in the BOHNTLTAL

John 19 in the BOICB

John 19 in the BOILNTAP

John 19 in the BOITCV

John 19 in the BOKCV

John 19 in the BOKCV2

John 19 in the BOKHWOG

John 19 in the BOKSSV

John 19 in the BOLCB

John 19 in the BOLCB2

John 19 in the BOMCV

John 19 in the BONAV

John 19 in the BONCB

John 19 in the BONLT

John 19 in the BONUT2

John 19 in the BOPLNT

John 19 in the BOSCB

John 19 in the BOSNC

John 19 in the BOVCB

John 19 in the BOYCB

John 19 in the BPBB

John 19 in the BPH

John 19 in the BSB

John 19 in the CCB

John 19 in the CUV

John 19 in the CUVS

John 19 in the DBT

John 19 in the DGDNT

John 19 in the DHNT

John 19 in the DNT

John 19 in the ELBE

John 19 in the EMTV

John 19 in the ESV

John 19 in the FBV

John 19 in the FEB

John 19 in the GGMNT

John 19 in the GNT

John 19 in the HARY

John 19 in the HNT

John 19 in the IRVA

John 19 in the IRVB

John 19 in the IRVG

John 19 in the IRVH

John 19 in the IRVK

John 19 in the IRVM

John 19 in the IRVM2

John 19 in the IRVO

John 19 in the IRVP

John 19 in the IRVT

John 19 in the IRVT2

John 19 in the IRVU

John 19 in the ISVN

John 19 in the JSNT

John 19 in the KAPI

John 19 in the KBT1ETNIK

John 19 in the KBV

John 19 in the KJV

John 19 in the KNFD

John 19 in the LBA

John 19 in the LBLA

John 19 in the LNT

John 19 in the LSV

John 19 in the MAAL

John 19 in the MBV

John 19 in the MBV2

John 19 in the MHNT

John 19 in the MKNFD

John 19 in the MNG

John 19 in the MNT

John 19 in the MNT2

John 19 in the MRS1T

John 19 in the NAA

John 19 in the NASB

John 19 in the NBLA

John 19 in the NBS

John 19 in the NBVTP

John 19 in the NET2

John 19 in the NIV11

John 19 in the NNT

John 19 in the NNT2

John 19 in the NNT3

John 19 in the PDDPT

John 19 in the PFNT

John 19 in the RMNT

John 19 in the SBIAS

John 19 in the SBIBS

John 19 in the SBIBS2

John 19 in the SBICS

John 19 in the SBIDS

John 19 in the SBIGS

John 19 in the SBIHS

John 19 in the SBIIS

John 19 in the SBIIS2

John 19 in the SBIIS3

John 19 in the SBIKS

John 19 in the SBIKS2

John 19 in the SBIMS

John 19 in the SBIOS

John 19 in the SBIPS

John 19 in the SBISS

John 19 in the SBITS

John 19 in the SBITS2

John 19 in the SBITS3

John 19 in the SBITS4

John 19 in the SBIUS

John 19 in the SBIVS

John 19 in the SBT

John 19 in the SBT1E

John 19 in the SCHL

John 19 in the SNT

John 19 in the SUSU

John 19 in the SUSU2

John 19 in the SYNO

John 19 in the TBIAOTANT

John 19 in the TBT1E

John 19 in the TBT1E2

John 19 in the TFTIP

John 19 in the TFTU

John 19 in the TGNTATF3T

John 19 in the THAI

John 19 in the TNFD

John 19 in the TNT

John 19 in the TNTIK

John 19 in the TNTIL

John 19 in the TNTIN

John 19 in the TNTIP

John 19 in the TNTIZ

John 19 in the TOMA

John 19 in the TTENT

John 19 in the UBG

John 19 in the UGV

John 19 in the UGV2

John 19 in the UGV3

John 19 in the VBL

John 19 in the VDCC

John 19 in the YALU

John 19 in the YAPE

John 19 in the YBVTP

John 19 in the ZBP