Mark 8 (BOTLNT)

1 1-2 Ka letsatsi lengwe jaaka bontsi bo phuthega, batho ba felelwa ke dijo gape, Jesu a bitsa barutwa ba gagwe go tla go bua ka seemo seo. A re, “Ke utlwela batho ba botlhoko, gonne ga ba bolo go nna fano malatsi a le mararo, mme ga ba a salelwa ke sepe go se ja. 3 Mme fa ke ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone ke sa ba fa dijo ba tlaa idibalela mo tseleng! Gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.” 4 Mme ba mo fetola ka tshotlo ba re, “A re tshwanetse go ba senkela dijo fano mo sekakeng?” 5 A botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?” Mme bone ba re, “Di supa”. 6 Hong a raya bontsi jwa batho a re bo nne fa fatshe. Mme a tsaya dinkgwe di supa, a di lebogela, a di ngathoganya dikapetlana a di fetisetsa kwa barutweng, mme barutwa ba di abela batho. 7 Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, hong Jesu a di segofatsa a raya barutwa a re ba fe batho. 8 8-9 Hong bontsi jwa batho jwa a ja jotlhe go fitlhelela bo kgora, mme morago ga moo a ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone. Go ne go na le batho ba ka nna dikete tse nne ka letsatsi leo. Mme ya re masalela a sena go kokoanngwa morago ga dijo ga sala diroto di supa tse di tona di tletse! 10 Ka bonako morago ga moo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha. 11 E rile baeteledipele ba Sejuta ba kgaolo eo ba utlwa gore o gorogile ba tla go tatalalana nae ba re, “Re direle kgakgamatso, dira gore sengwe se diragale mo loaping. Ke gone re tlaa dumelang mo go wena.” 12 Mme a utlwa botlhoko fa a utlwa kafa ba buang ka teng mme a re, “Nnyaa bathong. Lo ntse lo batla dikgakgamatso dife?” 13 Hong a boela mo mokorong a ba tlogela, a tshelela ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. 14 Mme barutwa ba bo ba lebetse go tsaya dijo pele ga ba tsamaya, mme ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong. 15 Ya re ba kgabaganya, Jesu a ba tlhagisa ka tlhoafalo a re, “Itlhokomeleng mo sebidisong sa ga Kgosi Herode le mo sebidisong sa Bafarasai.” 16 Mme barutwa ba botsanya ba re, “O rayang?” Ya re kwa bofelong ba akanya gore o tshwanetse a ba a bua ka go lebala ga bone go tla le senkgwe. 17 Jesu a lemoga se ba neng ba se bua mme a re, “Nnyaa, ga go a nna jalo gotlhelele! A ga lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di thata go ka lemoga? 18 Fela jaaka Isaia a boletse, ‘Matlho a lona ke a go re lo bone ka one--ke ka ntlha yang fa lo sa lebe? Ke ka ntlha yang fa lo sa bule ditsebe tsa lona mme lwa reetsa’ A ga lo gakologelwe sepe gotlhelele? 19 “Lwa reng ka batho ba ba dikete tse tlhano ba ke neng ka ba fepha ka dinkgwe tse tlhano? Go ne go na le diroto di le kae tse di neng di tletse masalela ba sena go ja?” Ba re, “Lesome le bobedi.” 20 “Mme e rile fa ke abela batho ba le dikete di le nne dinkgwe di supa, go ne ga sala di le kae?” Ba re, “Go ne ga sala diroto tse di tletseng di supa.” 21 “Mme a lo gopola gore ke a tshwenyega fa go sena senkgwe?” 22 Ya re ba fitlha mo Bethesaida, batho bangwe ba tlisa kwa go ene monna yo o foufetseng mme ba mo kopa gore a mo ame gore a fole. 23 Jesu a tshwara monna yo o foufetseng ka letsogo a mo gogela kwa ntle ga motse, a mo kgwela mathe mo matlhong a bo a mmaya diatla. Jesu a mmotsa a re, “A o bona sengwe jaanong?” 24 Mme monna a leba mo tikologong a re, “Ee, ke bona batho. Mme ga ke ba bone sentle; ba lebega e ka re ke dithito tsa ditlhare di a tsamaya?” 25 Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe. 26 Jesu a mo romela kwa gae kwa go ba ntlo ya gagwe. A mo raya a re, “O seka wa ya mo motseng pele.” 27 Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Galalea ba tswela kwa ntle kwa metseng ya Kaesarea Filipo. Mme ya re ba ntse ba tsamaya a ba botsa a re, “Ana batho ba re ke mang? Ba reng ka ga me?” 28 Barutwa ba araba ba re, “Bangwe ba bone ba gopola gore o Johane wa Mokolobetsi, mme bangwe ba re o Elija kgotsa o mongwe wa baporofiti ba bogologolo o rudile.” 29 Hong a ba botsa a re, “Mme lona lo gopola gore ke mang?” Petere a araba a re, “O Mesia.” 30 Hong Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope! 31 A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape. 32 Mme o ne a bua le bone ka tlhamalalo, hong Petere a mo tseela kwa thoko a ya go mo kgalemela a re, “O seka wa bua dilo tse di ntseng jalo.” 33 Hong Jesu a retologa a leba barutwa ba gagwe a gakalela Petere a re, “Satane, tloga fa morago ga me! O leba dilo tse ka tebo ya senama fela, e seng kafa ntlheng ya bo-Modimo.” 34 Hong a bitsa barutwa ba gagwe le bontsi jwa batho go tla go mo reetsa, a ba raya a re, “Fa mongwe wa lona a rata go nna molatedi wa me, o tshwanetse go beela mahumo a gagwe fa thoko a itshikarele mokgoro, mme a ntshale morago. 35 Fa lo tsweletse go boloka botshelo jwa lona, bo tlaa lo latlhegela. Fela ba ba latlhegelwang ke matshelo a bone ka ntlha ya me le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, ba tlaa itse gore tota botshelo bo rayang. 36 “Mme motho o boelwa ke eng fa a fenya lefatshe lotlhe mme a lathegelwa ke botshelo jwa gagwe? 37 Gonne a go na le sengwe sa botlhokwa go gaisa mowa wa gagwe? 38 Le, fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong le molaetsa wa me mo malatsing ano a go tlhoka go dumela le a boleo, Nna Mesia, ke tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong fa ke boa ke le mo kgalalelong ya ga Rre, le baengele ba ba boitshepo.”

In Other Versions

Mark 8 in the ANGEFD

Mark 8 in the ANTPNG2D

Mark 8 in the AS21

Mark 8 in the BAGH

Mark 8 in the BBPNG

Mark 8 in the BBT1E

Mark 8 in the BDS

Mark 8 in the BEV

Mark 8 in the BHAD

Mark 8 in the BIB

Mark 8 in the BLPT

Mark 8 in the BNT

Mark 8 in the BNTABOOT

Mark 8 in the BNTLV

Mark 8 in the BOATCB

Mark 8 in the BOATCB2

Mark 8 in the BOBCV

Mark 8 in the BOCNT

Mark 8 in the BOECS

Mark 8 in the BOGWICC

Mark 8 in the BOHCB

Mark 8 in the BOHCV

Mark 8 in the BOHLNT

Mark 8 in the BOHNTLTAL

Mark 8 in the BOICB

Mark 8 in the BOILNTAP

Mark 8 in the BOITCV

Mark 8 in the BOKCV

Mark 8 in the BOKCV2

Mark 8 in the BOKHWOG

Mark 8 in the BOKSSV

Mark 8 in the BOLCB

Mark 8 in the BOLCB2

Mark 8 in the BOMCV

Mark 8 in the BONAV

Mark 8 in the BONCB

Mark 8 in the BONLT

Mark 8 in the BONUT2

Mark 8 in the BOPLNT

Mark 8 in the BOSCB

Mark 8 in the BOSNC

Mark 8 in the BOVCB

Mark 8 in the BOYCB

Mark 8 in the BPBB

Mark 8 in the BPH

Mark 8 in the BSB

Mark 8 in the CCB

Mark 8 in the CUV

Mark 8 in the CUVS

Mark 8 in the DBT

Mark 8 in the DGDNT

Mark 8 in the DHNT

Mark 8 in the DNT

Mark 8 in the ELBE

Mark 8 in the EMTV

Mark 8 in the ESV

Mark 8 in the FBV

Mark 8 in the FEB

Mark 8 in the GGMNT

Mark 8 in the GNT

Mark 8 in the HARY

Mark 8 in the HNT

Mark 8 in the IRVA

Mark 8 in the IRVB

Mark 8 in the IRVG

Mark 8 in the IRVH

Mark 8 in the IRVK

Mark 8 in the IRVM

Mark 8 in the IRVM2

Mark 8 in the IRVO

Mark 8 in the IRVP

Mark 8 in the IRVT

Mark 8 in the IRVT2

Mark 8 in the IRVU

Mark 8 in the ISVN

Mark 8 in the JSNT

Mark 8 in the KAPI

Mark 8 in the KBT1ETNIK

Mark 8 in the KBV

Mark 8 in the KJV

Mark 8 in the KNFD

Mark 8 in the LBA

Mark 8 in the LBLA

Mark 8 in the LNT

Mark 8 in the LSV

Mark 8 in the MAAL

Mark 8 in the MBV

Mark 8 in the MBV2

Mark 8 in the MHNT

Mark 8 in the MKNFD

Mark 8 in the MNG

Mark 8 in the MNT

Mark 8 in the MNT2

Mark 8 in the MRS1T

Mark 8 in the NAA

Mark 8 in the NASB

Mark 8 in the NBLA

Mark 8 in the NBS

Mark 8 in the NBVTP

Mark 8 in the NET2

Mark 8 in the NIV11

Mark 8 in the NNT

Mark 8 in the NNT2

Mark 8 in the NNT3

Mark 8 in the PDDPT

Mark 8 in the PFNT

Mark 8 in the RMNT

Mark 8 in the SBIAS

Mark 8 in the SBIBS

Mark 8 in the SBIBS2

Mark 8 in the SBICS

Mark 8 in the SBIDS

Mark 8 in the SBIGS

Mark 8 in the SBIHS

Mark 8 in the SBIIS

Mark 8 in the SBIIS2

Mark 8 in the SBIIS3

Mark 8 in the SBIKS

Mark 8 in the SBIKS2

Mark 8 in the SBIMS

Mark 8 in the SBIOS

Mark 8 in the SBIPS

Mark 8 in the SBISS

Mark 8 in the SBITS

Mark 8 in the SBITS2

Mark 8 in the SBITS3

Mark 8 in the SBITS4

Mark 8 in the SBIUS

Mark 8 in the SBIVS

Mark 8 in the SBT

Mark 8 in the SBT1E

Mark 8 in the SCHL

Mark 8 in the SNT

Mark 8 in the SUSU

Mark 8 in the SUSU2

Mark 8 in the SYNO

Mark 8 in the TBIAOTANT

Mark 8 in the TBT1E

Mark 8 in the TBT1E2

Mark 8 in the TFTIP

Mark 8 in the TFTU

Mark 8 in the TGNTATF3T

Mark 8 in the THAI

Mark 8 in the TNFD

Mark 8 in the TNT

Mark 8 in the TNTIK

Mark 8 in the TNTIL

Mark 8 in the TNTIN

Mark 8 in the TNTIP

Mark 8 in the TNTIZ

Mark 8 in the TOMA

Mark 8 in the TTENT

Mark 8 in the UBG

Mark 8 in the UGV

Mark 8 in the UGV2

Mark 8 in the UGV3

Mark 8 in the VBL

Mark 8 in the VDCC

Mark 8 in the YALU

Mark 8 in the YAPE

Mark 8 in the YBVTP

Mark 8 in the ZBP