Romans 7 (BOTLNT)

1 A ga lo ise lo bo lo tlhaloganye, bakaulengwe ba Sejuta ba ba rategang mo go Keresete, gore fa motho a a swa, molao ga o sa tlhole o mo tlama? 2 Mmang ke tshwantshe: Fa mosadi a nyalwa, molao o mo golegelela mo monneng wa gagwe fela fa a sa ntse a tshela. Mme fa monna a a swa, mosadi ga a sa tlhole a golegeletswe mo go ene; melao ya lonyalo ga e sa tlhole e mo ama. 3 Mme o ka nna a nyalwa ke monna o sele fa a rata. Moo go ne go tlaa bo go sa siama fa monna a ne a sa ntse a tshela, mme go siame sentle fela fa monna a sule. 4 “Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo. 5 Erile fa tlholego ya lona e kgologolo e sa ntse e dira mo nameng, dithato tsa boleo di ne di dira mo go lona, di lo batlisa go dira sengwe le sengwe se Modimo o neng o re lo seka lwa se dira, lo ungwa ditiro tsa boleo, loungo lo lo bolayang lwa loso. 6 Mme jaanong ga lo sa tlhole lo tlhokana le go tshwenyega ka melao ya Sejuta le ngwao gonne lo ne lwa “swa” lo sa ntse lo le mo botshwarongjwa yone, mme jaanong lo ka direla Modimo tota; eseng ka tsela e kgologolo e ka yone lo neng lo obamela melao ka fa go batlwang ka teng, mme e leng ka tsela e ncha, (lo o obamela ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le maikutlo). 7 Mme jalo, a ke raya gore melao e ya Modimo e bosula? Nnyaa ga ke rialo! Molao ga o boleo gonne ke one molao o o mpontshiteng sebe sa me. Nkabo ke ile ka seka ka itse sebe se se mo pelong ya me, dithato tse di bosula tse di fitlhegileng mo go yone fa molao o ne o sa re, “O seka wa nna le dithato tse di bosula mo pelong ya gago.” 8 Mme sebe se dirisitse molao o kgatlhanong le dithato tse di bosula ka go nkgakolola gore dithato tse di ntseng jalo ga di a siama ebile di tsosa mefuta yotlhe ya dithato tse di sa letlelelweng mo go nna! Fela fa go ne go sena melao e e ka rojwang go ka bo go sena boleo. 9 Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa. 10 Mme ka fa ke lemogileng ka teng, molao o o molemo o o neng o tshwanetse go ntshupegetsa tsela ya botshelo o ne wa dira gore ke atlholelwe loso. 11 Sebe sa ntsietsa ka go tsaya melao e e molemo ya Modimo se e dirisa go nkatlholela loso. 12 Le fa go ntse jalo, lemoga gore molao ka bo one o ne o siame ebile o le molemo. 13 Mme moo go ka diragala jang? A molao ga se one o o dirileng gore ke atlholelwe loso? Mme jaanong molao o ka nna molemo jang? Nnyaa, e ne e le sebe, ke selo sa bo-Satane, se se dirisitseng se se neng se le molemo go lere katlholo ya me. Jalo o ka bona ka fa maikaelelong a sone a a bosula go bolaya le go atlholela loso. 14 Molao o molemo, jalo he, molato ga o mo molaong o mo go nna, gonne ke rekisitswe mo botlhankeng jwa sebe jaaka monngake. 15 Ga ke itlhaloganye gotlhelele, gonne tota ke batla go dira se se molemo, mme ga ke kgone. Ke dira se ke sa se rateng go se dira, se ke se ilang. 16 Ke itse sentle gore se ke se dirang ga se a siama, le letswalo la me le le sa siamang le supa gore ke dumalana le melao e ke e robang. 17 Mme ga ke kgone go ithusa, gonne ga se nna ke se dirang. Ke sebe se se mo go nna ke sone se nonofileng go mpheta, ke sone se ntirisang dilo tse di bosula tse. 18 Ke itse gore ke bodile e le ruri ka ntlha ya tlholego ya me e kgologolo ya boleo. Le fa ke re ke leka go tilela kae, ga ke kgone go itira gore ke dire tshiamo. Ke a rata mme ga ke kgone. 19 Fa ke batla go dira molemo ga ke o dire; mme fa ke leka gore ke se ka ka dira bosula, ke a bo dira. 20 Jaanong fa ke dira se ke sa rateng go se dira, go bonala sentle kwa molato o leng teng: Sebe se santse se nngaparetse ka bosula jwa sone. 21 Go bonala e le boammaaruri jo bo leng teng mo botshelong gore fa ke batla go dira se se siameng, ke hekeetsega go dira se se sa siamang. 22 Ke rata go dira go rata ga Modimo fela kafa tlholegong yame e ncha e ntseng ka teng; 23 23-25 mme go na le selo sengwe mo botennye jwa me, mo tlholegong ya me e kgologolo, se se tlhabanang le tlhaloganyo ya me, mme se ntira motlhanka wa boleo jo bo sa ntseng bo le mo go nna. Mo tlhaloganyong ya me ke batla go nna motlhanka wa Modimo yo o ikemise-ditseng go dira go rata ga one mme mo boemong jwa moo ke iphitlhela ke sa ntse ke le motlhanka wa boleo. Jalo lo bona ka fa go ntseng ka teng: Botshelo jwa me jo bosha bo mpolelela gore ke dire molemo, mme tlholego e kgologolo e e sa ntseng e le mo go nna e rata go leofa. Oo, ke mo bothateng jo bo boitshegang jang! Emang yo o tlaa nkgololang mo botlhankeng jo jwa tlholego e ya loso. Ke leboga Modimo! Gonne go setse go dirilwe ke Keresete Morena wa rona. O nkgolotse.

In Other Versions

Romans 7 in the ANGEFD

Romans 7 in the ANTPNG2D

Romans 7 in the AS21

Romans 7 in the BAGH

Romans 7 in the BBPNG

Romans 7 in the BBT1E

Romans 7 in the BDS

Romans 7 in the BEV

Romans 7 in the BHAD

Romans 7 in the BIB

Romans 7 in the BLPT

Romans 7 in the BNT

Romans 7 in the BNTABOOT

Romans 7 in the BNTLV

Romans 7 in the BOATCB

Romans 7 in the BOATCB2

Romans 7 in the BOBCV

Romans 7 in the BOCNT

Romans 7 in the BOECS

Romans 7 in the BOGWICC

Romans 7 in the BOHCB

Romans 7 in the BOHCV

Romans 7 in the BOHLNT

Romans 7 in the BOHNTLTAL

Romans 7 in the BOICB

Romans 7 in the BOILNTAP

Romans 7 in the BOITCV

Romans 7 in the BOKCV

Romans 7 in the BOKCV2

Romans 7 in the BOKHWOG

Romans 7 in the BOKSSV

Romans 7 in the BOLCB

Romans 7 in the BOLCB2

Romans 7 in the BOMCV

Romans 7 in the BONAV

Romans 7 in the BONCB

Romans 7 in the BONLT

Romans 7 in the BONUT2

Romans 7 in the BOPLNT

Romans 7 in the BOSCB

Romans 7 in the BOSNC

Romans 7 in the BOVCB

Romans 7 in the BOYCB

Romans 7 in the BPBB

Romans 7 in the BPH

Romans 7 in the BSB

Romans 7 in the CCB

Romans 7 in the CUV

Romans 7 in the CUVS

Romans 7 in the DBT

Romans 7 in the DGDNT

Romans 7 in the DHNT

Romans 7 in the DNT

Romans 7 in the ELBE

Romans 7 in the EMTV

Romans 7 in the ESV

Romans 7 in the FBV

Romans 7 in the FEB

Romans 7 in the GGMNT

Romans 7 in the GNT

Romans 7 in the HARY

Romans 7 in the HNT

Romans 7 in the IRVA

Romans 7 in the IRVB

Romans 7 in the IRVG

Romans 7 in the IRVH

Romans 7 in the IRVK

Romans 7 in the IRVM

Romans 7 in the IRVM2

Romans 7 in the IRVO

Romans 7 in the IRVP

Romans 7 in the IRVT

Romans 7 in the IRVT2

Romans 7 in the IRVU

Romans 7 in the ISVN

Romans 7 in the JSNT

Romans 7 in the KAPI

Romans 7 in the KBT1ETNIK

Romans 7 in the KBV

Romans 7 in the KJV

Romans 7 in the KNFD

Romans 7 in the LBA

Romans 7 in the LBLA

Romans 7 in the LNT

Romans 7 in the LSV

Romans 7 in the MAAL

Romans 7 in the MBV

Romans 7 in the MBV2

Romans 7 in the MHNT

Romans 7 in the MKNFD

Romans 7 in the MNG

Romans 7 in the MNT

Romans 7 in the MNT2

Romans 7 in the MRS1T

Romans 7 in the NAA

Romans 7 in the NASB

Romans 7 in the NBLA

Romans 7 in the NBS

Romans 7 in the NBVTP

Romans 7 in the NET2

Romans 7 in the NIV11

Romans 7 in the NNT

Romans 7 in the NNT2

Romans 7 in the NNT3

Romans 7 in the PDDPT

Romans 7 in the PFNT

Romans 7 in the RMNT

Romans 7 in the SBIAS

Romans 7 in the SBIBS

Romans 7 in the SBIBS2

Romans 7 in the SBICS

Romans 7 in the SBIDS

Romans 7 in the SBIGS

Romans 7 in the SBIHS

Romans 7 in the SBIIS

Romans 7 in the SBIIS2

Romans 7 in the SBIIS3

Romans 7 in the SBIKS

Romans 7 in the SBIKS2

Romans 7 in the SBIMS

Romans 7 in the SBIOS

Romans 7 in the SBIPS

Romans 7 in the SBISS

Romans 7 in the SBITS

Romans 7 in the SBITS2

Romans 7 in the SBITS3

Romans 7 in the SBITS4

Romans 7 in the SBIUS

Romans 7 in the SBIVS

Romans 7 in the SBT

Romans 7 in the SBT1E

Romans 7 in the SCHL

Romans 7 in the SNT

Romans 7 in the SUSU

Romans 7 in the SUSU2

Romans 7 in the SYNO

Romans 7 in the TBIAOTANT

Romans 7 in the TBT1E

Romans 7 in the TBT1E2

Romans 7 in the TFTIP

Romans 7 in the TFTU

Romans 7 in the TGNTATF3T

Romans 7 in the THAI

Romans 7 in the TNFD

Romans 7 in the TNT

Romans 7 in the TNTIK

Romans 7 in the TNTIL

Romans 7 in the TNTIN

Romans 7 in the TNTIP

Romans 7 in the TNTIZ

Romans 7 in the TOMA

Romans 7 in the TTENT

Romans 7 in the UBG

Romans 7 in the UGV

Romans 7 in the UGV2

Romans 7 in the UGV3

Romans 7 in the VBL

Romans 7 in the VDCC

Romans 7 in the YALU

Romans 7 in the YAPE

Romans 7 in the YBVTP

Romans 7 in the ZBP