Acts 20 (BOTLNT)

1 Mme erile mo gotlhe go fela, Paulo a laetsa gore barutwa ba ye go bidiwa, a ba rerela molaetsa wa go ba sadisa sentle, mme a ya Masedonia, 2 a tsamaya a rerela badumedi mo tseleng, mo metseng yotlhe e o neng a feta ka yone. 3 O ne a nna mo Gerika dikgwedi di le tharo mme o ne a ipaakanyetsa go ya kwa Siria fa a lemoga leano la Bajuta la go mmolaya, jalo a ikaelela go ya kwa borwa jwa Masedonia pele. 4 Banna ba le bantsinyana ba ne ba tsamaya nae, ba ya kwa Asia; e ne e le bo Sopatere wa Berea, morwa Pirilia, Arisetareko le Sekundo wa Mothesalonia, Gaio wa Moderebe le Timotheo; le Tukiko le Terofimo, ba ba neng ba boela kwa magaeng a bone kwa Asia, 5 mme ba ne ba tsamaetse pele ebile ba ne ba re letetse kwa Teroase. 6 Erile fela fa modiro wa Tlolaganyo o fela, ra palama sekepe kwa Filipi, borwa jwa Gerika mme morago ga malatsi a matlhano ra goroga mo Teroase, kwa re neng ra nna teng beke. 7 Mme ka Sontaga ra phuthega ra a ja selalelo, Paulo a rera. Mme ka a ne a tsamaya letsatsi le le latelang, o ne a bua go fitlhelela bosigogare! 8 Ntlwana e e kwa godimo e re neng re phuthaganetse mo go yone e ne e na le dipone di le dintsi tse di tshubilweng. 9 Mme erile Paulo a ntse a tsweletse a bua, lekau lengwe le le neng le bidiwa Eutiko, a nnetse fa fensetereng, a thulamela mme a wa a tswa kwa ntlwaneng ya boraro e e kwa godimo a swa. 10 10-12 Paulo o ne a tswela kwa ntle mme a mo tsaya ka diatla a re, “Se tshwenyegeng, o siame fela!” Mme ka boammaaruri o ne a siame! Mme ga nna boitumelo jwa kgakgamalo jang mo bathong! Botlhe ba boela kwa ntlwaneng e e kwa godimo mme ba a ja selalelo sa Morena mmogo; Paulo a rera gape thero e telele go fitlhelela phakela fa a ba tlogela lwa bofelo! 13 Paulo o ne a tsamaya ka dinao go ya kwa Asoso, mme rona re ne ra tsamaela pele ka sekepe. 14 O ne a re fitlhela teng kwa Asoso mme ra tsena mo sekepeng rotlhe ra ya Mitilene; 15 mme ka letsatsi le le latelang ra feta Kioso; le le latelang ra tsena mo Samosa; mme morago ga letsatsi leo ra goroga mo Mileto. 16 Paulo o ne a feditse mogopolo gore ga a kake a ema mo Efeso ka nako e, gonne o ne a itlhaganeletse go tsena kwa Jerusalema, gore fa go kgonega, a ye go kopanela modiro wa Pentekosete le bone. 17 Mme erile fa re goroga kwa Mileto, a romela molaetsa kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Efeso a ba kopa gore ba ye go kopana nae kwa mokorong. 18 Mme erile ba goroga, a ba raya a re, “Lona banna ke lona lo itse gore go simologa ka letsatsi le ke gorogileng ka lone mo Asia go fitlhelela gompieno, 19 ke dirile tiro ya Morena ka boikokobetso, ee, le ka dikeledi, mme ke kopane le mathata a a boitshegang a maano a Bajuta a go mpolaya. 20 Mme ke ne ke sa etsaetsege go lo bolelela boammaaruri, mo bathong kgotsa mo magaeng a lona. 21 Ke ne ka nna le molaetsa o o tshwanang mo Bajuteng le mo go Badichaba ebong tlhokego ya gore ba sokologe mo sebeng ba ye kwa Modimong ka tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete. 22 “Mme jaanong ke ya Jerusalema, ke gogelwa teng ke Mowa O O Boitshepo o ke se ka keng ka o ganetsa, ke sa itse se se nkemetseng kwa pele, 23 fa e se fela gore Mowa O O Boitshepo o mpoleletse gore fa ke sena go tsena motse le motse kgolegelo le tshotlego di ntetetse kwa pele. 24 Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo. 25 Mme jaanong ke a itse gore ga go ope wa lona mo go ba ke ba rutileng kaga Bogosi yo o tlaa mponang gape. 26 Mmang ke bue phatlalatsa fela ke re ga go na madi a ga ope a a tlaa lopiwang mo tlhogong ya me, 27 gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela molaetsa wa Modimo otlhe. 28 “Mme jaanong itlhokomeleng! Tlhomamisang gore lo otle lo bo lo dise letsomane la Modimo, ebong phuthego, e e rekolotsweng ka madi a gagwe, gonne Mowa O O Boitshepo o lo tlhomile go nna baokamedi. 29 Ke itse sentle gore morago ga ke tsamaya, go tlaa tla mo go lona baruti ba ba maaka, jaaka diphiri tse di gagolakang, tse di sa rekegeleng letsomane. 30 Bangwe ba lona ba tlaa fetola boammaaruri gore ba salwe morago. 31 Itlhokomeleng! Gakologelwang dingwaga tse tharo tse ke di ntseng le lona, tlhokomelo ya me mo go lona ka metlha yotlhe le dikeledi tsa me tse dintsi ke lo lelela. 32 “Mme jaanong ke lo neela Modimo le mo tlhokomelong ya one le mo mafokong a one a a hakgamatsang a a kgonang go aga tumelo ya lona le go lo fa boswa jotlhe jwa ba ba itshenketsweng ke one. 33 “Ga ke ise ke be ke eletse madi kgotsa diaparo tse dintle, 34 lo itse gore diatla tse tsa me di diretse tse ke neng ke di tlhoka le go thusa ba ke neng ke na nabo. 35 Mme ke ne ka nna sekao sa nako tsotlhe mo go lona mo go thuseng bahumanegi; gonne ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Morena Jesu a a reng; ‘Go lesego go aba go na le go amogela.’ ” 36 Erile fa a sena go bua a khubama a rapela nabo, 37 mme ba lelela kwa godimo fa ba mo tlamparela ba mo tsamaisa sentle, 38 ba utlwa botlhoko go feta ka gore o ne a re ga a kitla a tlhola a tla gape. Hong ba tsamaya nae go ya kwa sekepeng.

In Other Versions

Acts 20 in the ANGEFD

Acts 20 in the ANTPNG2D

Acts 20 in the AS21

Acts 20 in the BAGH

Acts 20 in the BBPNG

Acts 20 in the BBT1E

Acts 20 in the BDS

Acts 20 in the BEV

Acts 20 in the BHAD

Acts 20 in the BIB

Acts 20 in the BLPT

Acts 20 in the BNT

Acts 20 in the BNTABOOT

Acts 20 in the BNTLV

Acts 20 in the BOATCB

Acts 20 in the BOATCB2

Acts 20 in the BOBCV

Acts 20 in the BOCNT

Acts 20 in the BOECS

Acts 20 in the BOGWICC

Acts 20 in the BOHCB

Acts 20 in the BOHCV

Acts 20 in the BOHLNT

Acts 20 in the BOHNTLTAL

Acts 20 in the BOICB

Acts 20 in the BOILNTAP

Acts 20 in the BOITCV

Acts 20 in the BOKCV

Acts 20 in the BOKCV2

Acts 20 in the BOKHWOG

Acts 20 in the BOKSSV

Acts 20 in the BOLCB

Acts 20 in the BOLCB2

Acts 20 in the BOMCV

Acts 20 in the BONAV

Acts 20 in the BONCB

Acts 20 in the BONLT

Acts 20 in the BONUT2

Acts 20 in the BOPLNT

Acts 20 in the BOSCB

Acts 20 in the BOSNC

Acts 20 in the BOVCB

Acts 20 in the BOYCB

Acts 20 in the BPBB

Acts 20 in the BPH

Acts 20 in the BSB

Acts 20 in the CCB

Acts 20 in the CUV

Acts 20 in the CUVS

Acts 20 in the DBT

Acts 20 in the DGDNT

Acts 20 in the DHNT

Acts 20 in the DNT

Acts 20 in the ELBE

Acts 20 in the EMTV

Acts 20 in the ESV

Acts 20 in the FBV

Acts 20 in the FEB

Acts 20 in the GGMNT

Acts 20 in the GNT

Acts 20 in the HARY

Acts 20 in the HNT

Acts 20 in the IRVA

Acts 20 in the IRVB

Acts 20 in the IRVG

Acts 20 in the IRVH

Acts 20 in the IRVK

Acts 20 in the IRVM

Acts 20 in the IRVM2

Acts 20 in the IRVO

Acts 20 in the IRVP

Acts 20 in the IRVT

Acts 20 in the IRVT2

Acts 20 in the IRVU

Acts 20 in the ISVN

Acts 20 in the JSNT

Acts 20 in the KAPI

Acts 20 in the KBT1ETNIK

Acts 20 in the KBV

Acts 20 in the KJV

Acts 20 in the KNFD

Acts 20 in the LBA

Acts 20 in the LBLA

Acts 20 in the LNT

Acts 20 in the LSV

Acts 20 in the MAAL

Acts 20 in the MBV

Acts 20 in the MBV2

Acts 20 in the MHNT

Acts 20 in the MKNFD

Acts 20 in the MNG

Acts 20 in the MNT

Acts 20 in the MNT2

Acts 20 in the MRS1T

Acts 20 in the NAA

Acts 20 in the NASB

Acts 20 in the NBLA

Acts 20 in the NBS

Acts 20 in the NBVTP

Acts 20 in the NET2

Acts 20 in the NIV11

Acts 20 in the NNT

Acts 20 in the NNT2

Acts 20 in the NNT3

Acts 20 in the PDDPT

Acts 20 in the PFNT

Acts 20 in the RMNT

Acts 20 in the SBIAS

Acts 20 in the SBIBS

Acts 20 in the SBIBS2

Acts 20 in the SBICS

Acts 20 in the SBIDS

Acts 20 in the SBIGS

Acts 20 in the SBIHS

Acts 20 in the SBIIS

Acts 20 in the SBIIS2

Acts 20 in the SBIIS3

Acts 20 in the SBIKS

Acts 20 in the SBIKS2

Acts 20 in the SBIMS

Acts 20 in the SBIOS

Acts 20 in the SBIPS

Acts 20 in the SBISS

Acts 20 in the SBITS

Acts 20 in the SBITS2

Acts 20 in the SBITS3

Acts 20 in the SBITS4

Acts 20 in the SBIUS

Acts 20 in the SBIVS

Acts 20 in the SBT

Acts 20 in the SBT1E

Acts 20 in the SCHL

Acts 20 in the SNT

Acts 20 in the SUSU

Acts 20 in the SUSU2

Acts 20 in the SYNO

Acts 20 in the TBIAOTANT

Acts 20 in the TBT1E

Acts 20 in the TBT1E2

Acts 20 in the TFTIP

Acts 20 in the TFTU

Acts 20 in the TGNTATF3T

Acts 20 in the THAI

Acts 20 in the TNFD

Acts 20 in the TNT

Acts 20 in the TNTIK

Acts 20 in the TNTIL

Acts 20 in the TNTIN

Acts 20 in the TNTIP

Acts 20 in the TNTIZ

Acts 20 in the TOMA

Acts 20 in the TTENT

Acts 20 in the UBG

Acts 20 in the UGV

Acts 20 in the UGV2

Acts 20 in the UGV3

Acts 20 in the VBL

Acts 20 in the VDCC

Acts 20 in the YALU

Acts 20 in the YAPE

Acts 20 in the YBVTP

Acts 20 in the ZBP