Ephesians 5 (BOTLNT)

1 Ke gone etsang Modimo mo go sengwe le sengwe se lo se dirang fela jaaka ngwana yo o ratwang thata a etsa rraagwe. 2 Ratanang thata, lo etse Keresete yo o lo ratileng a bo a ineela Modimo go nna setlhabelo se se tlosang dibe tsa lona. Mme Modimo o ne wa itumela, gonne lorato lo Keresete o lo ratileng ka lone, lo ne lo tshwana le setlolo se se nkgang monate mo go one. 3 A go se nne sebe sa boaka, boitshekologo kgotsa bohula mo go lona. A go se nne le ope yo o umakang dilo tse mo go lona. 4 Dipolelo tse di maswe, dikgang tse di leswafatsang, le dinyao tse di sa siamang, tse ga se tsa lona. Mo boemong jwa tsone, gakologelwang kaga bomolemo jwa Modimo lo bo lo leboge. 5 Lokatlhomamisa selose: Bogosi jwa ga Keresete le Modimo ga bo kitla bo tshwanela le fa e le mang yo o itshekologileng kgotsa yo o bohula gonne motho yo o bohula ke moobamedi wa me-dimoya disetwa, o rata dilo tse dintle tsa lefatshe leno ebile o a di obamela go na le Modimo. 6 Se tsiediweng ke ba ba lekang go itlhokomolosa dibe tse, gonne bogale jwa Modimo jo bo tukang bo mo go botlhe ba ba di dirang. 7 Lo seka lwa ba lwa nna le bokopano le batho bao. 8 Gonne le fa dipelo tsa lona di kile tsa ne di tletse lefifi, jaanong di tletse lesedi le le tswang kwa Moreneng, mme maitseo a lona a tshwanetse go le supa. 9 Mme ka ntlha ya lesedi le, le le mo go lona, lo tshwanetse go dira fela se se molemo, se siame ebile gape se le boammaaruri. 10 Ithuteng se se itumedisang Morena fa lo ntse lo tsweletse. 11 Lo seka lwa nna le seabe mo tlhape-ding tsa boleo le tsa lefifi tse di sa thuseng ka sepe, mme mo boemongjwa go dira jalo, di kgalemeleng lo bo lo di senole. 12 Go ka tlhabisa ditlhong go umaka fano dilo tseo tsa lefifi tse ba ba sa boifeng Modimo ba di dirang. 13 Mme fa lo ba senola, lesedi le tlaa bonesa dibe tsa bone le bo le di baya mo pontsheng, mme fa ba bona tota ka fa ba leng molato ka teng, bangwe ba bone ba ka nna bana ba lesedi! 14 Ke sone se Modimo mo Dikwalong o reng, “Kubuga, wena morobadi, mme o tsoge mo baswing; mme Keresete o tlaa go naya lesedi.” 15 15-16 Jalo he, elang tlhoko ka fa lo itsayang ka teng; malatsi a, ke a a bosula. Se nneng dieleele; nnang botlhale: dirisang lobaka longwe le longwe lo lo nang nalo go dira tshiamo. 17 Se direng sepe lo sa akanya, mme lekang go tlhotlhomisa pele ke gone lo itse go dira le fa e le eng se Morena o batlang lo se dira. 18 Se nweng mofine o le montsi, gonne maleo a le mantsi a mo go yone tsela eo; mo boemong jwa moo, tlalang ka Mowa O O Boitshepo, lo bo lo laolwe ke one. 19 Itlwaetseng thata go buisanya ka Morena, lo buisanya ka dipesalema le difela lo bo lo opela dipina tsa semowa, lo opelela Morena mo dipelong tsa lona. 20 Malatsi otlhe lebogang Modimo Rraa rona mo go sengwe le sengwe ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete. 21 Tlotlang Keresete ka go ikobelana. 22 Lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela go gogwa ke banna ba lona fela jaaka lo ikobela Morena. 23 Gonne monna ke motlhokomedi wa mosadi wa gagwe fela jaaka Keresete e le motlhokomedi wa mmele wa gagwe ebong phuthego. (O ntshitse botshelojwa gagwe setlhabelo go e tlhokomela le go nna Mmoloki wa yone). 24 Jalo lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela banna ba lona ka lorato mo go sengwe le sengwe, fela jaaka phuthego e ikobela Keresete. 25 Mme lona banna ba lo nyetseng, supang lone lorato lo mo basading ba lona jaaka Keresete a lo supile mo phuthegong fa a e swela, 26 go e dira boitshepo le bophepa, e tlhatswitswe ka kolobetso le Lefoko la Modimo; 27 gore a tle a ineye phuthego ka sebele e le phuthego e e galalelang e e senang selabe kgotsa go sosobagana kgotsa bogole, e le boitshepo ebile e sena le fa e le phoso epe. 28 Ke yone tsela e banna ba ba nyetseng ba tshwanetseng go tshola basadi ba bone ka yone, ba ba rata jaaka ditokololo tsa mebele ya bone. Gonne ka monna le mosadi wa gagwe jaanong ba le motho a le mongwe fela, monna o itirela tlotlo ebile o a ithata fa a rata mosadi wa gagwe. 29 29-30 Ga go ope yo o ilang mmele wa gagwe mme o o tlhokomela ka lorato, fela jaaka Keresete a tlhokomela mmele wa gagwe ebong phuthego, e re leng ditokololo tsa yone. 31 Boammaaruri jwa gore monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe ba mmele o le mongwe fela bo supiwa ke Lokwalo lo lo reng, “Monna o tshwanetse go tlogela rraagwe le mmaagwe fa a nyala, gore a tle a lomagane sentle le mosadi wa gagwe, mme bobedi jo e tlaa nna bongwe fela.” 32 Ke itse gore se se thata go tlhaloganngwa, mme ke setshwantsho sa ka fa re leng ditokololo tsa mmele wa ga Keresete ka teng. 33 Jalo gape ka re, monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka tokololo ya gagwe; mme mosadi o tshwanetse go bona tota gore o tlotla monna wa gagwe ka pelo yotlhe, a mo ikobela, a mo galaletsa ebile a mo tlotla.

In Other Versions

Ephesians 5 in the ANGEFD

Ephesians 5 in the ANTPNG2D

Ephesians 5 in the AS21

Ephesians 5 in the BAGH

Ephesians 5 in the BBPNG

Ephesians 5 in the BBT1E

Ephesians 5 in the BDS

Ephesians 5 in the BEV

Ephesians 5 in the BHAD

Ephesians 5 in the BIB

Ephesians 5 in the BLPT

Ephesians 5 in the BNT

Ephesians 5 in the BNTABOOT

Ephesians 5 in the BNTLV

Ephesians 5 in the BOATCB

Ephesians 5 in the BOATCB2

Ephesians 5 in the BOBCV

Ephesians 5 in the BOCNT

Ephesians 5 in the BOECS

Ephesians 5 in the BOGWICC

Ephesians 5 in the BOHCB

Ephesians 5 in the BOHCV

Ephesians 5 in the BOHLNT

Ephesians 5 in the BOHNTLTAL

Ephesians 5 in the BOICB

Ephesians 5 in the BOILNTAP

Ephesians 5 in the BOITCV

Ephesians 5 in the BOKCV

Ephesians 5 in the BOKCV2

Ephesians 5 in the BOKHWOG

Ephesians 5 in the BOKSSV

Ephesians 5 in the BOLCB

Ephesians 5 in the BOLCB2

Ephesians 5 in the BOMCV

Ephesians 5 in the BONAV

Ephesians 5 in the BONCB

Ephesians 5 in the BONLT

Ephesians 5 in the BONUT2

Ephesians 5 in the BOPLNT

Ephesians 5 in the BOSCB

Ephesians 5 in the BOSNC

Ephesians 5 in the BOVCB

Ephesians 5 in the BOYCB

Ephesians 5 in the BPBB

Ephesians 5 in the BPH

Ephesians 5 in the BSB

Ephesians 5 in the CCB

Ephesians 5 in the CUV

Ephesians 5 in the CUVS

Ephesians 5 in the DBT

Ephesians 5 in the DGDNT

Ephesians 5 in the DHNT

Ephesians 5 in the DNT

Ephesians 5 in the ELBE

Ephesians 5 in the EMTV

Ephesians 5 in the ESV

Ephesians 5 in the FBV

Ephesians 5 in the FEB

Ephesians 5 in the GGMNT

Ephesians 5 in the GNT

Ephesians 5 in the HARY

Ephesians 5 in the HNT

Ephesians 5 in the IRVA

Ephesians 5 in the IRVB

Ephesians 5 in the IRVG

Ephesians 5 in the IRVH

Ephesians 5 in the IRVK

Ephesians 5 in the IRVM

Ephesians 5 in the IRVM2

Ephesians 5 in the IRVO

Ephesians 5 in the IRVP

Ephesians 5 in the IRVT

Ephesians 5 in the IRVT2

Ephesians 5 in the IRVU

Ephesians 5 in the ISVN

Ephesians 5 in the JSNT

Ephesians 5 in the KAPI

Ephesians 5 in the KBT1ETNIK

Ephesians 5 in the KBV

Ephesians 5 in the KJV

Ephesians 5 in the KNFD

Ephesians 5 in the LBA

Ephesians 5 in the LBLA

Ephesians 5 in the LNT

Ephesians 5 in the LSV

Ephesians 5 in the MAAL

Ephesians 5 in the MBV

Ephesians 5 in the MBV2

Ephesians 5 in the MHNT

Ephesians 5 in the MKNFD

Ephesians 5 in the MNG

Ephesians 5 in the MNT

Ephesians 5 in the MNT2

Ephesians 5 in the MRS1T

Ephesians 5 in the NAA

Ephesians 5 in the NASB

Ephesians 5 in the NBLA

Ephesians 5 in the NBS

Ephesians 5 in the NBVTP

Ephesians 5 in the NET2

Ephesians 5 in the NIV11

Ephesians 5 in the NNT

Ephesians 5 in the NNT2

Ephesians 5 in the NNT3

Ephesians 5 in the PDDPT

Ephesians 5 in the PFNT

Ephesians 5 in the RMNT

Ephesians 5 in the SBIAS

Ephesians 5 in the SBIBS

Ephesians 5 in the SBIBS2

Ephesians 5 in the SBICS

Ephesians 5 in the SBIDS

Ephesians 5 in the SBIGS

Ephesians 5 in the SBIHS

Ephesians 5 in the SBIIS

Ephesians 5 in the SBIIS2

Ephesians 5 in the SBIIS3

Ephesians 5 in the SBIKS

Ephesians 5 in the SBIKS2

Ephesians 5 in the SBIMS

Ephesians 5 in the SBIOS

Ephesians 5 in the SBIPS

Ephesians 5 in the SBISS

Ephesians 5 in the SBITS

Ephesians 5 in the SBITS2

Ephesians 5 in the SBITS3

Ephesians 5 in the SBITS4

Ephesians 5 in the SBIUS

Ephesians 5 in the SBIVS

Ephesians 5 in the SBT

Ephesians 5 in the SBT1E

Ephesians 5 in the SCHL

Ephesians 5 in the SNT

Ephesians 5 in the SUSU

Ephesians 5 in the SUSU2

Ephesians 5 in the SYNO

Ephesians 5 in the TBIAOTANT

Ephesians 5 in the TBT1E

Ephesians 5 in the TBT1E2

Ephesians 5 in the TFTIP

Ephesians 5 in the TFTU

Ephesians 5 in the TGNTATF3T

Ephesians 5 in the THAI

Ephesians 5 in the TNFD

Ephesians 5 in the TNT

Ephesians 5 in the TNTIK

Ephesians 5 in the TNTIL

Ephesians 5 in the TNTIN

Ephesians 5 in the TNTIP

Ephesians 5 in the TNTIZ

Ephesians 5 in the TOMA

Ephesians 5 in the TTENT

Ephesians 5 in the UBG

Ephesians 5 in the UGV

Ephesians 5 in the UGV2

Ephesians 5 in the UGV3

Ephesians 5 in the VBL

Ephesians 5 in the VDCC

Ephesians 5 in the YALU

Ephesians 5 in the YAPE

Ephesians 5 in the YBVTP

Ephesians 5 in the ZBP