John 20 (BOTLNT)

1 Mme ya re mo mosong wa letsatsi la Tshipi, go sa ntse go le lefifi, Marea Magatalena a tla kwa phupung mme a fitlhela lentswe le pitikolotswe fa kgorong. 2 A siana mme a bona Simone Petere le nna mme a re raya a re, “Ba tsere mmele wa Morena mo phupung, mme ga ke itse kwa ba mmeileng gone!” 3 3-4 Ra sianela kwa phupung go bona, mme ka sia Petere ka goroga pele, 5 mme ka inama ka leba mo teng ka bona letsela la leloba le le moo, mme ka seka ka tsena mo teng. 6 Mme Simone Petere le ene a goroga mme a tsena mo teng. Le ene a bona leloba le le teng moo, 7 fa tuku e e neng e fapile Jesu mo tlhogong yone e ne e phuthilwe e beilwe fa thoko. 8 Mme le nna ka tsena mo teng, mme ka bona, ka ba ka dumela (gore o tsogile). 9 Gonne go fitlhelela letsatsing leo go ne go ise go ke go tle mo kgakologelong ya rona gore a kana dikwalo di rile o tla rula. 10 Re ne ra ya gae. 11 Mme ka nako eo Marea o ne a boetse kwa phupung a eme kwa ntle a lela. Mme ya re a ntse a lela a inama a leba mo teng. 12 Mme a bona baengele ba le babedi ba apere diaparo tse ditshweu yo mongwe a ntse fa tlhogong yo mongwe kwa maotong a lefelo le mmele wa ga Jesu o neng o namaletse mo go lone. 13 Baengele ba mmotsa ba re “O lelelang?” A ba fetola a re, “Gonne ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.” 14 A gadima mme a bona mongwe a eme fa morago ga gagwe. E ne e le Jesu, mme a seka a mo lemoga! 15 Mme Jesu a mmotsa a re, “O lelelang? O batla mang?” Mme a mo raya a re, “Fa o mo tsere, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa tsamaya ke ya go mo tsaya.” 16 Mme Jesu a mmitsa a re, “Marea!” Mme Marea a retologela kwa go ene a araba “Morena!” 17 A mo tlhagisa a re, “Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona.” 18 Marea Magatalena a bona barutwa mme a ba bolelela a re, “Ke bonye Morena!” Mme a ba bolelela molaetsa wa gagwe. 19 Maitseboeng ao barutwa ba ne ba kopana ba itotlelela mo tlung ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, fa ka tshoganetso Jesu abo a ema fa gare ga bone! Morago a ba dumedisa, 20 a ba kaela mabogo a gagwe le lotlhakore. Mme boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata jang fa ba bona Morena wa bone! 21 A bua le bone gape a re, “Fela jaaka Rara a nthomile, le nna fela jalo ke a lo roma.” 22 Mme a ba budulela mowa a ba raya a re, “Amogelang Mowa o o Boitshepo. 23 Fa lo itshwarela mongwe dibe, di a itshwarelwa. Fa lo gana go di itshwarela ga di itshwarelwe.” 24 Mongwe wa barutwa ebong Thomase, “Lewelana,” o ne a seyo foo ka nako e ba bangwe ba neng ba na le Jesu ka yone. 25 Ya re ba tsweletse pele ba mmolelela ba re, “Re bonye Morena,” a ba fetola a re, “Ga ke na go dumela fa e se ke bone dintho tsa dimapo mo mabogong a gagwe, ke bo ke tsenya menwana ya me mo go tsone, ke bo ke tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe.” 26 Erile malatsi a ferabobedi a sena go feta, barutwa ba bo ba le mmogo gape, mme ka nako e, Thomase o ne a na nabo. Dikgoro di ne di lotletswe; mme ka tshoganetso fela jaaka pele, Jesu a bo a eme fa gare ga bone a ba dumedisa. 27 Mme a raya Thomase a re, “Tsenya monwana wa gago mo diatleng tsa me. Tsenya seatla sa gago mo lotlhakoreng lwa me. O seka wa tlhola o tlhoka tumelo. Dumela!” 28 Thomase a re, “Morena wa me le Modimo wa me!” 29 Hong Jesu a mo raya a re, “O dumela ka ntlha ya gore o mponye. Go sego ba ba sa mponang mme le fa go ntse jalo ba dumela.” 30 30-31 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmona fa a dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi kwa ntle ga tse di bolelwang mo lokwalong lo, mme tse tsone di kwaletswe gore lo tlo lo dumele gore ke Mesia, Morwa Modimo, le gore ka go dumela mo go ene lo tlaa nna le botshelo.

In Other Versions

John 20 in the ANGEFD

John 20 in the ANTPNG2D

John 20 in the AS21

John 20 in the BAGH

John 20 in the BBPNG

John 20 in the BBT1E

John 20 in the BDS

John 20 in the BEV

John 20 in the BHAD

John 20 in the BIB

John 20 in the BLPT

John 20 in the BNT

John 20 in the BNTABOOT

John 20 in the BNTLV

John 20 in the BOATCB

John 20 in the BOATCB2

John 20 in the BOBCV

John 20 in the BOCNT

John 20 in the BOECS

John 20 in the BOGWICC

John 20 in the BOHCB

John 20 in the BOHCV

John 20 in the BOHLNT

John 20 in the BOHNTLTAL

John 20 in the BOICB

John 20 in the BOILNTAP

John 20 in the BOITCV

John 20 in the BOKCV

John 20 in the BOKCV2

John 20 in the BOKHWOG

John 20 in the BOKSSV

John 20 in the BOLCB

John 20 in the BOLCB2

John 20 in the BOMCV

John 20 in the BONAV

John 20 in the BONCB

John 20 in the BONLT

John 20 in the BONUT2

John 20 in the BOPLNT

John 20 in the BOSCB

John 20 in the BOSNC

John 20 in the BOVCB

John 20 in the BOYCB

John 20 in the BPBB

John 20 in the BPH

John 20 in the BSB

John 20 in the CCB

John 20 in the CUV

John 20 in the CUVS

John 20 in the DBT

John 20 in the DGDNT

John 20 in the DHNT

John 20 in the DNT

John 20 in the ELBE

John 20 in the EMTV

John 20 in the ESV

John 20 in the FBV

John 20 in the FEB

John 20 in the GGMNT

John 20 in the GNT

John 20 in the HARY

John 20 in the HNT

John 20 in the IRVA

John 20 in the IRVB

John 20 in the IRVG

John 20 in the IRVH

John 20 in the IRVK

John 20 in the IRVM

John 20 in the IRVM2

John 20 in the IRVO

John 20 in the IRVP

John 20 in the IRVT

John 20 in the IRVT2

John 20 in the IRVU

John 20 in the ISVN

John 20 in the JSNT

John 20 in the KAPI

John 20 in the KBT1ETNIK

John 20 in the KBV

John 20 in the KJV

John 20 in the KNFD

John 20 in the LBA

John 20 in the LBLA

John 20 in the LNT

John 20 in the LSV

John 20 in the MAAL

John 20 in the MBV

John 20 in the MBV2

John 20 in the MHNT

John 20 in the MKNFD

John 20 in the MNG

John 20 in the MNT

John 20 in the MNT2

John 20 in the MRS1T

John 20 in the NAA

John 20 in the NASB

John 20 in the NBLA

John 20 in the NBS

John 20 in the NBVTP

John 20 in the NET2

John 20 in the NIV11

John 20 in the NNT

John 20 in the NNT2

John 20 in the NNT3

John 20 in the PDDPT

John 20 in the PFNT

John 20 in the RMNT

John 20 in the SBIAS

John 20 in the SBIBS

John 20 in the SBIBS2

John 20 in the SBICS

John 20 in the SBIDS

John 20 in the SBIGS

John 20 in the SBIHS

John 20 in the SBIIS

John 20 in the SBIIS2

John 20 in the SBIIS3

John 20 in the SBIKS

John 20 in the SBIKS2

John 20 in the SBIMS

John 20 in the SBIOS

John 20 in the SBIPS

John 20 in the SBISS

John 20 in the SBITS

John 20 in the SBITS2

John 20 in the SBITS3

John 20 in the SBITS4

John 20 in the SBIUS

John 20 in the SBIVS

John 20 in the SBT

John 20 in the SBT1E

John 20 in the SCHL

John 20 in the SNT

John 20 in the SUSU

John 20 in the SUSU2

John 20 in the SYNO

John 20 in the TBIAOTANT

John 20 in the TBT1E

John 20 in the TBT1E2

John 20 in the TFTIP

John 20 in the TFTU

John 20 in the TGNTATF3T

John 20 in the THAI

John 20 in the TNFD

John 20 in the TNT

John 20 in the TNTIK

John 20 in the TNTIL

John 20 in the TNTIN

John 20 in the TNTIP

John 20 in the TNTIZ

John 20 in the TOMA

John 20 in the TTENT

John 20 in the UBG

John 20 in the UGV

John 20 in the UGV2

John 20 in the UGV3

John 20 in the VBL

John 20 in the VDCC

John 20 in the YALU

John 20 in the YAPE

John 20 in the YBVTP

John 20 in the ZBP