Revelation 18 (BOTLNT)

1 Mme morago ga mo gotlhe ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong ka taolo e kgolo, mme lefatshe la phatsimisiwa ke kgalalelo ya gagwe. 2 A goa a re, “Babelone yo Mogolo o ole, o ole; o fetogile boago jwa mewa e e maswe, le mefuta yotlhe ya mewa e e bosula. 3 Gonne dichaba tsotlhe di nole mofine o o bolayang wa boaka jwa gagwe jo bo feleletseng. Babusi ba lefatshe ba akafetse nae, le babapatsi mo lefatsheng lotlhe ba humisitswe ke botshelo jwa gagwe jwa letlepu.” 4 Mme ka utlwa lentswe le lengwe le bitsa le tswa kwa legodimong le re, “Mo tlogeleng, batho ba me; se tlhakaneleng dibe nae, e seng jalo lo tlaa otlhaiwa nae. 5 Gonne dibe tsa gagwe di tlhatlagane selekanyo sa go fitlha kwa legodimong mme Modimo o ipaakanyeditse go mo atlholela melato ya gagwe. 6 Mo direleng jaaka a lo diretse, le go feta foo, mo tlhatlaganyetseng petso ya ditiro tsa gagwe tse di bosula. O diretse batho ba le bantsi dinwelo tsa tatlhego, mo direleng fela jalo go menagane. 7 O tshetse mo letlepung le mo botlhapelweng, tshwantshanyang matshelo a gagwe le khutsafalo le kutlobotlhoko, o ikgantsha a re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi. Ga ke motlhologadi yo o se ka keng a itirela sepe. Ga nkitla ke nna le kutlobotlhoko’. 8 Mme ke gone ka moo kutlobotlhoko ya loso le selelo le mmopamo di tlaa mo tlela ka letsatsi le le lengwe, mme o tlaa nyelediwa ka molelo; gonne Morena yo o mo atlholang o mogolo.” 9 Mme baeteledipele ba lefatshe, ba ba tlhakanetseng ditiro tse di maswe tsa boaka nae, ebile ba itumelela go ratwa ke ene, ba tlaa mo hutsafalela fa ba bona mosi wa setopo sa gagwe. 10 Ba tlaa emela kgakala, ba roroma ka poifo ebile ba lelela kwa godimo ba re, “Ijoo, Babelone, motse o mogolo! Tshekiso ya gagwe e tsile ka nako e khutshwane.” 11 Mme barekisi ba lefatshe ba tlaa mo lelela ka khutsafalo, gonne ga go ope yo o tlaa tlholang a reka dithoto tsa bone. 12 Gonne e ne e le moreki wa bone yo mogolo wa gauta le selefera majana a botlhokwa, diperela, matsela a a boleta, sei e e bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo le mofuta mongwe le mongwe wa ditlhare tsa dinkgisa monate, dithoto tsa dinkgisa monate, dithoto tsa naka lwa tlou le dijana tsa logong tse di tlhwatlhwa kgolo le kgotlho le tshipi le mmabole; 13 le ditswaiso tsa dijo, dinkgisa monate, le maswalo, setlolo le lebano, mofine, lookwane lwa motlhware, bopi jo bo boleta; korong, dikgomo, dinku, dipitse dikara le batlhanka, le mewa ya batho tota. 14 Ba lela ba re, “Dilo tsotlhe tse o neng a di rata thata di fedile, dijo tse di metsegang le tse di kgorwang tse o ntseng o di rekisa ka tlhwatlhwa e kgolo ga di kitla di nna tsa gago gope. Di feletse ruri.” 15 Mme jaanong barekisi ba ba humisitsweng ke go mo rekisetsa dilo tse, ba tlaa emela kgakala, ba boifa tlhokofatso, ba lela, ba re, 16 “Ijoo, motse o mogolo o montle jaaka mosadi yo o apereng leloba le le boleta le bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo, o o kgabisitsweng ka gauta le majana a botlhokwa le diperela. 17 Ka motsotso o le mongwe, dikhumo tsotlhe tsa motse di fedile!” Le beng ba dikepe botlhe le balaodi ba dikepe tsa barekisi le badiri mo dikepeng ba tlaa emela kgakala, 18 ba lela fa ba bona mosi o tlhatloga, ba re, “Ke fa kae mo lefatsheng lotlhe mo go nang le motse o o ntseng jaaka o?” 19 Mme ba tlaa itshela lorole mo ditlhogong ka kutlobotlhoko ba re, “Ijoo, Ijoo, a motse o mogolo! O o re humisitseng rotlhe ka dikhumo tsa one. Mme jaanong ka oura e le nngwe gotlhe go fedile…” 20 Mme wena, legodimo, itumelele go wa ga gagwe; le lona bana ba Modimo, baporofiti le baaposetoloi! Gonne kwa bofelong Modimo o lo mo atlholetse. 21 Mme moengele yo mogolo a tsholetsa lefika le le tshwanang le lolwala a le latlhela mo lewatleng mme a goa a re, “Babelone, motse o mogolo, o tlaa latlhwa jaaka ke latlhile leje le mme o tlaa nyelela ka bosakhutleng. 22 Ga go kitla go tlhola go nna le moopelo gone, ga go kitla go tlhola go nna le dipiano, diletso le ditorompeta. Ga go kitla go tlhola go nna madirelo a mofuta ope teng, e bile ga go kitla go tlhola go nna le tshilo ya mabele. 23 Go tla nna lefifi le legolo thata mo go ene; ga go kitla go tlhola go bonala lesedi la lobone mo fensetereng. Ga go kitla go tlhola go nna le meduduetso ya lonyalo le boitumelo jwa banyadi le banyadwi. Barekisi ba gagwe ba ne ba itsege mo tikologong ya lefatshe lotlhe mme o tsieditse dichaba tsotlhe ka boloi jwa gagwe. 24 Mme ke ene yo o neng a na le maikarabelo mo mading a baporofiti botlhe ba ba bolaetsweng tumelo le baitshepi.”

In Other Versions

Revelation 18 in the ANGEFD

Revelation 18 in the ANTPNG2D

Revelation 18 in the AS21

Revelation 18 in the BAGH

Revelation 18 in the BBPNG

Revelation 18 in the BBT1E

Revelation 18 in the BDS

Revelation 18 in the BEV

Revelation 18 in the BHAD

Revelation 18 in the BIB

Revelation 18 in the BLPT

Revelation 18 in the BNT

Revelation 18 in the BNTABOOT

Revelation 18 in the BNTLV

Revelation 18 in the BOATCB

Revelation 18 in the BOATCB2

Revelation 18 in the BOBCV

Revelation 18 in the BOCNT

Revelation 18 in the BOECS

Revelation 18 in the BOGWICC

Revelation 18 in the BOHCB

Revelation 18 in the BOHCV

Revelation 18 in the BOHLNT

Revelation 18 in the BOHNTLTAL

Revelation 18 in the BOICB

Revelation 18 in the BOILNTAP

Revelation 18 in the BOITCV

Revelation 18 in the BOKCV

Revelation 18 in the BOKCV2

Revelation 18 in the BOKHWOG

Revelation 18 in the BOKSSV

Revelation 18 in the BOLCB

Revelation 18 in the BOLCB2

Revelation 18 in the BOMCV

Revelation 18 in the BONAV

Revelation 18 in the BONCB

Revelation 18 in the BONLT

Revelation 18 in the BONUT2

Revelation 18 in the BOPLNT

Revelation 18 in the BOSCB

Revelation 18 in the BOSNC

Revelation 18 in the BOVCB

Revelation 18 in the BOYCB

Revelation 18 in the BPBB

Revelation 18 in the BPH

Revelation 18 in the BSB

Revelation 18 in the CCB

Revelation 18 in the CUV

Revelation 18 in the CUVS

Revelation 18 in the DBT

Revelation 18 in the DGDNT

Revelation 18 in the DHNT

Revelation 18 in the DNT

Revelation 18 in the ELBE

Revelation 18 in the EMTV

Revelation 18 in the ESV

Revelation 18 in the FBV

Revelation 18 in the FEB

Revelation 18 in the GGMNT

Revelation 18 in the GNT

Revelation 18 in the HARY

Revelation 18 in the HNT

Revelation 18 in the IRVA

Revelation 18 in the IRVB

Revelation 18 in the IRVG

Revelation 18 in the IRVH

Revelation 18 in the IRVK

Revelation 18 in the IRVM

Revelation 18 in the IRVM2

Revelation 18 in the IRVO

Revelation 18 in the IRVP

Revelation 18 in the IRVT

Revelation 18 in the IRVT2

Revelation 18 in the IRVU

Revelation 18 in the ISVN

Revelation 18 in the JSNT

Revelation 18 in the KAPI

Revelation 18 in the KBT1ETNIK

Revelation 18 in the KBV

Revelation 18 in the KJV

Revelation 18 in the KNFD

Revelation 18 in the LBA

Revelation 18 in the LBLA

Revelation 18 in the LNT

Revelation 18 in the LSV

Revelation 18 in the MAAL

Revelation 18 in the MBV

Revelation 18 in the MBV2

Revelation 18 in the MHNT

Revelation 18 in the MKNFD

Revelation 18 in the MNG

Revelation 18 in the MNT

Revelation 18 in the MNT2

Revelation 18 in the MRS1T

Revelation 18 in the NAA

Revelation 18 in the NASB

Revelation 18 in the NBLA

Revelation 18 in the NBS

Revelation 18 in the NBVTP

Revelation 18 in the NET2

Revelation 18 in the NIV11

Revelation 18 in the NNT

Revelation 18 in the NNT2

Revelation 18 in the NNT3

Revelation 18 in the PDDPT

Revelation 18 in the PFNT

Revelation 18 in the RMNT

Revelation 18 in the SBIAS

Revelation 18 in the SBIBS

Revelation 18 in the SBIBS2

Revelation 18 in the SBICS

Revelation 18 in the SBIDS

Revelation 18 in the SBIGS

Revelation 18 in the SBIHS

Revelation 18 in the SBIIS

Revelation 18 in the SBIIS2

Revelation 18 in the SBIIS3

Revelation 18 in the SBIKS

Revelation 18 in the SBIKS2

Revelation 18 in the SBIMS

Revelation 18 in the SBIOS

Revelation 18 in the SBIPS

Revelation 18 in the SBISS

Revelation 18 in the SBITS

Revelation 18 in the SBITS2

Revelation 18 in the SBITS3

Revelation 18 in the SBITS4

Revelation 18 in the SBIUS

Revelation 18 in the SBIVS

Revelation 18 in the SBT

Revelation 18 in the SBT1E

Revelation 18 in the SCHL

Revelation 18 in the SNT

Revelation 18 in the SUSU

Revelation 18 in the SUSU2

Revelation 18 in the SYNO

Revelation 18 in the TBIAOTANT

Revelation 18 in the TBT1E

Revelation 18 in the TBT1E2

Revelation 18 in the TFTIP

Revelation 18 in the TFTU

Revelation 18 in the TGNTATF3T

Revelation 18 in the THAI

Revelation 18 in the TNFD

Revelation 18 in the TNT

Revelation 18 in the TNTIK

Revelation 18 in the TNTIL

Revelation 18 in the TNTIN

Revelation 18 in the TNTIP

Revelation 18 in the TNTIZ

Revelation 18 in the TOMA

Revelation 18 in the TTENT

Revelation 18 in the UBG

Revelation 18 in the UGV

Revelation 18 in the UGV2

Revelation 18 in the UGV3

Revelation 18 in the VBL

Revelation 18 in the VDCC

Revelation 18 in the YALU

Revelation 18 in the YAPE

Revelation 18 in the YBVTP

Revelation 18 in the ZBP